Kgopolo E E mo Bibeleng
A Moaposetoloi Paulo O ne A Le Kgatlhanong le Basadi?
“GO ILE ga dirisiwa dithuto tsa ga [moaposetoloi] Paulo jaaka tsone motheo wa go sa lebe basadi sentle go go anameng thata mo kerekeng . . . ya Bokeresete.” Go ne ga bolela jalo Moatlhodi Cecilie Rushton wa kwa Auckland, kwa New Zealand, mo pampiring e e neng ya kwalelwa Commonwealth Law Conference kwa Cyprus mo masimologong a 1993. O ne a oketsa ka gore: “Mo Lekwalong la gagwe a kwalela Timotheo, o supa sentle tsela e a neng a akanya ka yone fa a re: ‘Mme ga ke letlelele mosadi go ruta, kana le eleng go laola monna, mme a nne ka tidimalo fela.’”—1 Timotheo 2:12, King James Version.
Fa Paulo a ne a kwala mabapi le seabe kana boemo jwa basadi, a o ne a bua fela se se mo mogopolong wa gagwe, kana o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo? Fa makwalo a ga Paulo a tlhatlhobiwa otlhe, a tota a supa gore o ne a sa lebe basadi sentle? Mafoko a ga Paulo go Timotheo a a nopotsweng fa godimo a lebisitse kae?
Dilo Tse Paulo A Supelwang ka Tsone
Gareng ga Dikwalo tsa Segerika tsa Bakeresete tse 27, tse 14 tsa tsone di kwadilwe ke Paulo. Selo se se supang gore o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo ke gore o ne ka kgakgamatso a kgona go bua ka diteme tse di farologaneng. Mo godimo ga moo, o ne a bolela diponatshegelo tsa maatla a a fetang a motho. (1 Bakorintha 14:18; 2 Bakorintha 12:1-5) Sekao sa gagwe sa lorato, a ikitsha setlhabelo e bile a dira dilo ka pelo yotlhe se ne sa dira gore a ratane thata jaaka bana ba motho le Bakeresete ka ene. (Ditihō 20:37, 38) Mekwalo ya gagwe, go akaretsa le se a neng a se bua ka basadi, e ntse ke karolo ya “lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo [le] molemō go ruta.”—2 Timotheo 3:16.
Basadi mo Makwalong a ga Paulo
Tsela e Paulo a neng a leba basadi e bile a ba tlotla ka yone e lemotshega sentle mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe. Gangwe le gape o bua ka seabe sa bone mo phuthegong le mo lelapeng. Mo go lengwe la makwalo a gagwe o tshwantsha dinonofo tse di molemo tsa modisa wa Mokeresete le tsa mmè yo o tlhokomelang bana ba gagwe thata.—1 Bathesalonia 2:7.
Bokgaitsadi ba bantsi ba baaposetoloi ba Bakeresete ba a ba umakileng ka maina mo makwalong a gagwe, o ne a ba akgola ka tsela ya lorato. Gareng ga ditumediso tse di neng di ya kwa malokong a phuthego ya Roma go ne go na le tse a neng a di lebisitse segolobogolo mo basading bangwe ba ba neng ba “diha thata mo Moreneñ.” (Baroma 16:12) Mabapi le Euodia le Sentuke, o ne a kgothaletsa bakaulengwe kwa Filipi gore ba ‘thuse basadi bao gonne ba kile ba dira le [ene] mo mafokong a a molemo.’ (Bafilipi 4:3) Mo lekwalong la gagwe go Timotheo, Paulo o ne a akgola tsela e mmaagwemogolo wa lekawana leo ebong Loise le mmaagwe ebong Eunike ba neng ba tlhoma sekao mo tumelong ka teng.—2 Timotheo 1:5.
A mme gone go na le sengwe se se supang ka fa bokgaitsadi ba ga Paulo ba Bakeresete ba neng ba ikutlwa ka teng ka ene? Se se itumedisang ke gore, o ne a supa mabapi le Akwila le Periseka, banyalani bangwe ba e neng e le ditsala tse dikgolo tsa gagwe, gore e seng fela Akwila mme gape le mosadi wa gagwe, Periseka, ke “ba ba kileñ ba baea dithamo tsa bōnè ha hatshe gore ba [mmoloke].”—Baroma 16:3, 4.
A Ke Go Sa Lebe Basadi Sentle?
“U se ka ua kgalemèla mogolwane, me u mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; le makau yaka bomonnao: Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) A mafoko ano a ga Paulo go Timotheo ga a supe gore o ne a tlotla basadi ka tsela e e tshwanetseng? Paulo o ne a tlotla banna le basadi mo phuthegong ya Bokeresete ka tsela e e tshwanang. O ne a kwala jaana: “Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu.”—Bagalatia 3:28.
Mabapi le melao ya Modimo mo lenyalong, Paulo o ne a kwala jaana: “Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi.” (Baefesia 5:22, 23; bapisa 1 Bakorintha 11:3.) Ee, seabe sa monna le seabe sa mosadi di a farologana, mme lefa go ntse jalo seno ga se reye gore molekane yo mongwe o kwa tlase ga yo mongwe. Yo mongwe o thusa yo mongwe ka seabe sa gagwe, mme fa mongwe le mongwe a dira seabe sa gagwe go tla dira gore lelapa le atlege. Mo godimo ga moo, monna o ne a sa tshwanela go dirisa botlhogo ka tsela e e gatelelang kana ka go tlhoka lorato. Paulo o ne a tswelela ka gore: “Banna le bōne ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè,” ba iketleeleditse go ikitsha setlhabelo tota. (Baefesia 5:28, 29) Bana ba ne ba tshwanetse go tlotla rre le mmè.—Baefesia 6:1, 2.
Se se tshwanetseng go elwa tlhoko gape ke mafoko a ga Paulo mabapi le go bontshana lorato mo lenyalong. Paulo o ne a bua a sa tlhaole ope fa a ne a kwala jaana: “A monna a neèlè mosadi chwanèlō ea gagwè; mosadi le èna a a dihèlè monna yalo. Mosadi ga a na taolō mo mmediñ oa gagwè, ha e se monna hèla: go nntse yalo monna ga a na taolō mo mmediñ oa gagwè, ha e se mosadi hèla.”—1 Bakorintha 7:3, 4.
“Mosadi . . . Go Nna mo Tidimaloñ Hèla”
Mabapi le mafoko a ga Paulo mo go 1 Timotheo 2:12, a a mo serapeng se se simololang setlhogo seno, fa a ne a re mosadi a nne ka “tidimalo” a o ne a supa fa a sa lebe basadi sentle? Nnyaa! “tidimalo” e o buang ka yone e ne e le mabapi le go ruta le go laola dilo tsa semoya mo phuthegong, mo go sa amaneng ka gope le molao wa Modimo o re buileng ka one fa godimo ka dikamano gareng ga monna le mosadi wa gagwe.a
Seno ga se reye gore basadi ba ka se rute boammaaruri jwa Modimo. Paulo o ne a kgothaletsa basadi ba ba godileng gore ba ‘rute’ basadi ba ba botlana ‘se se molemo’. Fa re latela dikai tsa ga Eunike le Loise, ba ba neng ba ruta Timotheo, bommè ba Bakeresete ba tshwanetse go ruta bana ba bone go tsamaya mo ditseleng tsa Modimo. (Tito 2:3-5; 2 Timotheo 1:5) Gompieno, mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, makgolo a le diketekete a basadi ba Bakeresete ba segofadiwa thata semoyeng fa ba latela dikao tsa ga Euodia le Sentuke mo go ruteng mafoko a a molemo phatlalatsa le go dira basadi le banna barutwa.—Pesalema 68:11; Mathaio 28:19; Bafilipi 4:2, 3.
Ka jalo, wena wa reng ka kgang eno? Fa go tlhatlhobiwa makwalo otlhe a Paulo a a kwadileng, a a ka dirisiwa jaaka seipato sa go sa lebe basadi sentle?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mabapi le kgang ya go supa “boinèlō yotlhe” e e mo go 1 Timotheo 2:11, mokanoki wa Bibela W. E. Vine o bolela jaana: “Kgang eno ga e a lebisa mo go laoleng tlhaloganyo le maikutlo, kana go thibela go nna le taolo mo go direng tiro nngwe; mafoko a a reng ‘go ineela ka bojotlhe’ ke go tlhagisa fela kgatlhanong le go laola ka mo go sa tshwanelang, jaaka ka sekai, mo temaneng e e latelang.”