Lebaka la go bo Bana Bangwe ba Opisa Tlhogo
“Tsela e re goditseng batsadi ka yone, tsela e boboko bo dirang ka yone le tsela e methapo ya rona e golang ka yone e tlhotlheletsa thata se re leng sone jaaka bana le se re tla nnang sone fa re le bagolo.”—STANLEY TURECKI, M.D.
NGWANA mongwe le mongwe o gola ka tsela e e kgethegileng le e e farologaneng le ya ba bangwe. Bana ba gola ba na le mekgwa e mentsintsi le maikutlo mangwe a a rileng—mekgwa e batsadi ba ka dirang go sekae fela go e laola kana e e ka ba palelang go e laola. Ke boammaaruri gore ga go bolo go nna go ntse go na le bana ba ba lesukuru, ba ba modumo le ba ba senyang. Tota le batsadi ba ba molemo ba ka nna le ngwana yo o opisang tlhogo.
Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa bana bangwe ba opisa tlhogo e bile go le thata go ba godisa? Palo ya bana ba ba nang le mathata a go itshola sentle e oketsega thata. Batsakalafi le badiradipatlisiso ba le bantsi ba dumela gore go tloga ka 5 go ya go 10 lekgolong ya bana botlhe ba na le mekgwanyana ya go nna modumo thata le gore ka ntlha ya go bo bana bano ba sa kgone go tlhwaya tsebe, go tlhoma mogopolo mo go se se dirwang, go latela ditaelo le go laola maikutlo a bone, seno se ba bakela mathata e bile se bakela le malapa a bone, barutabana le balekane ba bone mathata.
Dr. Bennett Shaywitz, yo e leng porofesa wa lephata la kalafo ya bana le dithuto kaga tsa methapo kwa Yale University Medical School, o tlhalosa selo sa konokono se se ka tswang se baka bothata jono: “go sa tsweng sentle go ba go goditseng mo batsading ba bone ga dikhemikale dingwe mo thulaganyong ya boboko ya go romela melaetsa ka methapo,” e e laolang tsela e disele tsa boboko di dirang ka yone le e e dirang gore go nne motlhofo gore boboko bo laole boitshwaro jwa motho. Go sa kgathalasege gore ke eng se se dirang gore ngwana a opise tlhogo, selo sa botlhokwa mo batsading e tshwanetse ya nna go laola boitshwaro jwa ngwana wa bone ka botswerere, ba mo kgothatsa le go mo ema nokeng go na le go mo tshwaya diphoso le go mo menela phatla.
Mo metlheng ya Baebele, batsadi ba ne ba tshwanetse go ruta le go thapisa bana ba bone. Ba ne ba itse gore bana ba bone ba ne ba tla tlhalefa fa ba ba kgalema le go ba laya ka melao ya Modimo. (Duteronome 6:6, 7; 2 Timotheo 3:15) Ka jalo ke boikarabelo jo batsadi ba bo neilweng ke Modimo gore ba leke ka natla go tlamela ngwana ka tse a di tlhokang segolobogolo go tsibogela maitsholo a gagwe a a fatlhang ka tsela e e siameng, go sa kgathalesege ditshwarego tsa bone. E re ka bana ba le bantsi ba ba lekolwang ke batsakalafi ya bana e le ba ba matlhagatlhaga thata, ba ba sa kgoneng go laola maikutlo a bone, kana ba ba sa kgoneng go reetsa ka tlhoafalo, go ka nna molemo thata gore re tlotle ka ADD le ADHD ka e le tsone dilo tse di amang bana ba go leng thata go ba godisa.a
Ka bo1950, makoa ano a ne a bidiwa, “go latlhegelwa ke tlhaloganyo go sekae.” Go ya ka Dr. Jan Mathisen, yo e leng ngaka e e alafang malwetsi a bana a boboko, lereo leo le ne la se ka la tlhola le dirisiwa fa go sena go lemogiwa gore “ADD ga se go koafala boboko le e seng.” Dr. Mathisen a re: “Go bonala fa ADD e le go golafala dikarolo dingwe tsa boboko. Tota ga re ise re tlhomamise sentle gore go amana le bothata bofe mo methapong, lefa go ntse jalo re akanya gore go amana le khemikale nngwe ya boboko e e bidiwang dopamine.” O dumela gore bothata jono bo bakwa ke tsela e dopamine e tswang ka yone. “Gongwe e bile go bakwa ke dikhemikale di sekae, e seng khemikale e le nngwe fela,” o ne a oketsa jalo.
Lefa gone go ise go itsiwe gotlhe ka se se bakang ADD, babatlisisi ba le bantsi ba dumalana le Dr. Mathisen gore bothata jo bo tseneletseng jwa go sa kgoneng go reetsa dilo ka tlhoafalo, go sa kgoneng go laola maikutlo le go nna matlhagatlhaga thata, go amana le methapo. Bosheng jaana patlisiso e e neng ya dirwa ke batho bangwe ba eteletswe pele ke Dr. Alan Zametkin kwa National Institute of Mental Health, kwa United States, e ne ya ribolola e le la ntlha gore ADD e amana le phoso nngwe e e rileng mo go fetogeng ga dikhemikale mo diseleng tsa boboko, lefa go ntse jalo, ba ile ba bolela gore go “santse go tla dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng go rurifatsa kgang eno.”
Sekolo se Gwetlha Tota
Bana ba ba sa kgoneng go reetsa ka tlhoafalo, ba ba iteegang tsebe motlhofo, ba ba sa kgoneng go laola maikutlo a bone kana ba ba matlhagatlhaga thata ba ketefalelwa ke dilo kwa sekolong ka gonne mo phaposing go tlhokega thata gore ba tlhome mogopolo mo go se se dirwang le go nna ba didimetse. E re ka go le thata gore bana bano ba tlhome mogopolo mo go se se dirwang ka lobaka lo loleele, tota ke eng se ba ka se dirang fa e se fela go nna letshwenyo jaaka dipeba? Ba bangwe bone, bothata jwa bone jwa go sa kgoneng go tlhwaya tsebe bo bogolo thata mo e bileng go dirang gore ba se ka ba kgona go ithuta ka tsela e e tshwanetseng kwa gae kana kwa sekolong. Gantsi ba tla otlhaelwa go nna letshwenyo kana go dira dilo tsa boeleele tse di tshegisang mo phaposing ka jaana ba palelwa ke go laola boitshwaro jwa bone e bile ga ba kgone go lemoga ditlamorago tsa ditiro tsa bone.
Kgabagare, ba tla simolola go inyatsa, gongwe ba simolola go ipona e le “ba ba bosula” le “dieleele” mme ba bo ba itshwara fela jalo. Ka ntlha ya go palelwa ke go falola dithuto go sa kgathalasege maiteko a magolo a ba a dirang, bana bano ba ka felela go sena sepe fela se ba kgonang go se dira sentle.
Batsadi ba bone ba ka tlalelwa, ba tlhobaediwa ke boitshwaro jono jo bo opisang tlhogo jwa ngwana wa bone jwa bo jwa ba tlhakanya tlhogo. Ka dinako tse dingwe bo ka tsosa mathata mo lenyalong, motsadi yo mongwe a pega yo mongwe molato. Batsadi ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba bua thata ka diphoso ba tlhokomologile dilo tse dingwe tse di molemo. Ka gone, tsela e ba tsibogelang maitsholo a a sa itumediseng a ngwana ka yone, e dira gore a itshware ka tsela e e sa itumediseng go feta. Ka gone, lelapa le ba bangwe ba ka tsela nngwe ba amanang le ngwana, ba iphitlhela ba le mo ntweng ya go leka go mo laola ka ntlha ya go sa tlhaloganyeng le go sa kgoneng go laola boitshwaro jwa ngwana yo o opisang tlhogo, yo o nang le Bokoa Jwa go sa Kgoneng go Tlhwaya Tsebe kgotsa gongwe a sena jone.
Boitemogelo Jwa ga Mmaagwe Ronnie ka Namana
“Go tloga fela fa Ronnie a tsholwa, o ne a nna ka metlha a sa itumela mme o ne a tlhola a khidiega e bile a lela. Ka ntlha ya dilo tse di neng di sa mo tseye sentle o ne a swatogile diso, a bolawa ke ditsebe e bile a aga a tsholola.
“Lefa go ntse jalo, Ronnie o ne a gola sentle, ka bonako fela o ne a itse go dula, go ema le go tsamaya—kgotsa gongwe ke re go taboga? Ke ne ke itlhaganelela go dira tiro ya mo gae ka nako ya fa a santse a robetse go sekae ka gonne e ne e tla re fa ‘setsuatsuenyana’ seno sa me se tsogile, ke ne ke nnela go mo thiba gore a se ka a ikgobatsa le go senya dilo fa a ntse a tabogela dilo tse di neng di mo kgatlha—o ne a kgatlhwa ke dilo tse dintsi tota!
“O ne a sa kgone go tlhoma mogopolo mo selong lobaka lo loleele. Go ne go sena sepe se se neng se mo kgatlha lobaka lo loleele. O ne a sa utlwane le go nna fela a sa dire sepe. Tota e bile seno e ne e le bothata jo bogolo fa re ile le ene kwa lefelong le le neng le mo tlhoka go nna ka tidimalo—segolobogolo kwa dipokanong tsa phuthego. Go ne go sa thuse sepe fa re ne re mo iteela gore a nne ka tidimalo. Tota o ne a sa kgone. Batho bangwe ba ba neng ba leka go re thusa ba ne ba ngongorega ka ene kgotsa ba leka go re gakolola, mme ga se ka ga thusa sepe.
“Ronnie o ne a le botlhale, ka jalo e ne ya re a le dingwaga tse tharo, re ne ra simolola thulaganyo e khutshwane ya go bala le ene letsatsi le letsatsi. Fa a le dingwaga tse tlhano, o ne a kgona go bala sentle tota. Morago ga moo o ne a tsena sekolo. Morago ga kgwedi, ke ne ka amogela pego ya gore morutabana o kopa go kopana le nna. O ne a mpolelela gore fa a bona Ronnie la ntlha o ne a akanya gore ke moengele, mme fa a sena go fetsa kgwedi a le mo tlelaseng ya gagwe, o lemogile gore ga a nna jalo ruri! O ne a mpolelela gore o ne a tlhola a tlolakaka, a diga bana ba bangwe kgotsa a ba kgotlhakgotlha. O ne a se ke a didimala kgotsa a nna fela a sisibetse, mme o ne a tshwenya tlelase yotlhe. O ne a sa kgone go ikgapa. O ne gape a lemoga gore o ne a simolola go nna bodipanyana. O ne a akantsha gore a romelwe kwa tlelaseng e kwa go yone go rutwang bana ba ba ntseng jalo le gore re mo ise ngakeng gore e mo neye seokobatsi se se ka mo kgwabofatsang. Re ne re tlaletswe!
“Melemo e ne e sa siamela Ronnie go le kalo, lefa go ntse jalo, ngaka ya malwetsi a bana e ne ya re akantsha dilo dingwe tse di molemo. Ke yone e e neng ya re bolelela gore Ronnie o ne a le botlhale thata le gore o ne a lapisiwa ke dilo tse a neng a di dira; ka jalo, e ne ya akantsha gore re dire gore Ronnie a age a na le sengwe se a se dirang, re mmontshe gore re mo rata thata, le go nna pelotelele le ene e bile re nne le maikutlo a mantle. O ne a akanya gore Ronnie o ne a tla tokafala fa a ntse a gola le fa re ka fetola dijo tse a di jang.
“Re ne ra lemoga gore morwaarona o ne a tlhoka gore re dirisane le ene ka kelotlhoko, gore o ne a tlhoka go thusiwa gore a ithute go dirisa matlhagatlhaga a gagwe ka tsela e e tshwanetseng. Seno se ne se tla re tlhoka nako e ntsi; ka gone, re ne ra fetola thulaganyo ya rona ya letsatsi le letsatsi, re dirisa diura tse dintsi re dira tiro ya kwa gae ya sekolo le ene, re le pelotelele go mo ruta le go mo tlhalosetsa dilo. Re ne ra emisa go tlhola re dirisa mafoko a a mo kgobang marapo kana go mo latofaletsa ditiro tsa gagwe tsa boeleele le go nna leferetlho. Maikaelelo a rona e ne e le go mo thusa gore a itshepe. Re ne re akantshana mabaka le ene, e seng go mo laela le go mo pateletsa gore a dire eng. Fa go ne go na le tshwetso nngwe e e mo amang, re ne re mo kopa gore a ntshe maikutlo a gagwe.
“Go ne go se motlhofo ka Ronnie gore a dire dilo dingwe tse di itlelang fela mo baneng bangwe. Ka sekai, o ne a tshwanelwa ke go ithuta kafa a ka nnang pelotelele ka teng, gore a dire jang gore a ritibale, a nne fela ka tidimalo le kafa a ka laolang matlhagatlhaga a gagwe a a feteletseng ka gone. Lefa go ntse jalo, o ne a kgona go di laola. E ne ya re fa a sena go tlhaloganya gore o tshwanelwa ke go kgaratlhela go inaya nako le go akanya pele ka se a se dirang, kgotsa se a tlileng go se dira, o ne a simolola go itshepa le go ritibala. Fa a le 13, o ne a itshwara ka tsela e e tlwaelegileng. Se se itumedisang ke gore, sengwe le sengwe se ne sa tsamaya sentle go tloga ka nako eo go ya pele, tota le mo nakong e gantsi e opisang tlhogo ya dingwaga tsa bolesome.
“Re ne ra solegelwa molemo thata ke go bontsha Ronnie lorato lo logolo, re ipha nako e bile re le pelotelele le ene!”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo ditlhogong tseno tsotlhe, ADD e emela Attention Deficit Disorder (Bokoa Jwa go sa Kgoneng go Tlhwaya Tsebe), mme ADHD yone e emela Attention Deficit Hyperactivity Disorder (Bokoa Jwa go sa Kgoneng go Tlhwaya Tsebe ka Ntlha ya go Nna Matlhagatlhaga Thata).