LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 3/8 ts. 28-31
  • Go Lebana le Kgwetlho Eno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebana le Kgwetlho Eno
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go mo Ema Nokeng
  • “Sisibala O bo O Tlhwaye Tsebe!”
    Tsogang!—1997
  • Go Godisa Ngwana yo o Opisang Tlhogo
    Tsogang!—1994
  • Fa go Santse go Tlhokega go le Gontsi
    Tsogang!—1994
  • Go Thusa Bana ba ba Nang le Bothata Jwa go Ithuta
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 3/8 ts. 28-31

Go Lebana le Kgwetlho Eno

GO YA le dingwaga go ile ga akantshiwa mekgwa e e farologaneng go alafa ADHD. Mengwe ya yone e amana le dijo. Lefa go ntse jalo, patlisiso nngwe e bolela gore ga se gantsi dilo tse di tsenngwang mo dijong di dirang gore motho a nne matlhagatlhaga a a feteletseng le gore gantsi melemo e e nang le metswako ya dikotla ga e thuse sepe. Mekgwa e mengwe ya go alafa ADHD ke ya melemo, go tokafatsa boitshwaro jwa motho le go mo ruta go itlhaloganya.a

Melemo. E re ka go bonala fa ADHD e amana le go sa direng sentle ga boboko, melemo e e ka alafang go se tsweng sentle ga dikhemikale e ile ya thusa bangwe thata.b Lefa go ntse jalo, melemo ga e tseye maemo a go ithuta. E thusa fela gore ngwana a kgone go tlhoma mogopolo, e mo naya motheo o ka one a ka ithutang ditiro tse disha.

Bontsi jwa bagolo ba ba nang le ADHD le bone melemo e ile ya ba thusa. Lefa go ntse jalo, go matshwanedi gore—basha le bagolo—ba nne kelotlhoko, ka gonne melemo mengwe e e nang le ditsibosi e e neng e tle e dirisiwe go alafa ADHD e ka tshwakgola.

Go tokafatsa boitshwaro. Go bo ngwana a na le ADHD ga go role batsadi boikarabelo jwa go mo otlhaya. Le mororo ngwana a ka tlhoka go thusiwa ka tsela e e kgethegileng mo go seno, Baebele e gakolola batsadi jaana: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” (Diane 22:6) Barbara Ingersoll o ne a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya Your Hyperactive Child: “Motsadi yo o tlogelang ngwana wa gagwe yo o matlhagatlhaga a a feteletseng fela e bile a mo letla go ‘nna leferetlho,’ o a mo lomeletsa. Fela jaaka ngwana mongwe le mongwe, ngwana yo o matlhagatlhaga a a feteletseng o tlhoka go otlhaiwa ka tsela e e tlhomameng go tla go akanyediwa le seriti sa gagwe. Go raya gore a beelwe dithibelo tse di tlhaloganyegang sentle a bo a lebogiwe le go otlhaiwa fa go tshwanela.”

Ka jalo, go botlhokwa gore batsadi ba tlhamalatse ngwana sentle. Mo godimo ga moo, go tshwanetse ga nna le thulaganyo e e gagametseng ya ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Batsadi ba ka rata go naya ngwana tshono ya go nna le seabe mo go direng thulaganyo eno, ba akaretsa nako ya go dira tiro ya sekolo ya kwa gae, go ithuta, go tlhapa, jalo le jalo. Go tswa foo tlhomamisa gore ka metlha e a latelwa. Tlhomamisa gore thulaganyo ya letsatsi le letsatsi e a kgomarelwa. Phi Delta Kappan ya re: “Dingaka, baithutatlhaloganyo, bagolwane ba sekolo le barutabana ba na le maikarabelo a go tlhalosetsa ngwana le batsadi ba ngwana gore go bo a tlhalosiwa a na le ADD kana ADHD ga go mo neye seipato sa go dira sengwe le sengwe se a se batlang, go na le moo, ke tlhaloso e e ka mo thusang gore a newe thuso e e mo tshwanetseng.”

Go mo ruta go itlhaloganya. Seno se akaretsa gore o thuse ngwana go fetola tsela e a itsayang ka yone le e a lebang bokoa jwa gagwe ka yone. Dr. Ronald Goldberg a re: “Batho ba ba nang le bokoa jwa go sa kgone go tlhwaya tsebe ba itsaya ba le ‘maswe, ba le dieleele e bile ba le bosula’ le mororo ba le bantle, ba le botlhale e bile ba le molemo.” Ka gone, ngwana yo o nang le ADD kana ADHD o tlhoka go nna le pono e e siameng ka ga gagwe e bile o tlhoka go itse gore a ka kgona go laola bothata jwa gagwe jwa go sa kgone go tlhwaya tsebe. Seno se botlhokwa thata fa a le mo dingwageng tsa bosha. Ka nako ya fa motho yo o nang le ADHD a tshwara dingwaga tsa bolesome, a ka tswa a setse a kile a tewa dipuopuo ke balekane ba gagwe, barutabana, bomogoloe le bomonaawe, gongwe le batsadi ba gagwe tota. Jaanong o tlhoka go ipeela mekgele e e mo tshwanetseng le go iteba ka tsela e e siameng go na le go inyatsa.

Bagolo ba ba nang le ADHD le bone ba ka nna ba leka go dirisa mekgwa eno ya go leka go alafa bothata jono. Dr. Goldberg o kwadile jaana: “Mekgwa ya go tokafatsa e botlhokwa go ikaegile ka dingwaga tsa motho, mme go ya ka ditiragalo tsa botshelo, dilo tsa motheo tsa kalafi—melemo fa e tlhokega, go tokafatsa boitshwaro le [go ruta motho] go itlhaloganya—e santse e le tsone dilo tse go bonalang di thusa.”

Go mo Ema Nokeng

John, rraagwe mosha mongwe yo o nang le ADHD, o raya batsadi ba ba mo maemong a a tshwanang le a gagwe a re: “Ithute gotlhe mo o ka go kgonang ka bothata jono. Dira ditshwetso o na le kitso sentle. Mo godimo ga tsotlhe, rata ngwana wa gago, mo kgothatse. Go inyatsa go tla mo gobatsa.”

Gore ngwana yo o nang le ADHD a engwe nokeng sentle, batsadi boobabedi ba tshwanetse go dirisana mmogo. Dr. Gordon Serfontein o kwadile a re ngwana yo o nang le ADHD o tlhoka “go itse gore o a ratiwa mo gae le gore lorato loo lo tswa mo batsading ba ka bobedi ba ratanang.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka maswabi, ga se gantsi lorato lo lo ntseng jalo lo nnang teng. Dr. Serfontein o tswelela a re: “Go ile ga nna ga lemogiwa gore mo malapeng a a nang le [ngwana yo o nang le ADHD], go direga ka makgetlho a ka nna nngwetharong gore go nne le dikgaogano le go tlhalana go feta mo bathong ba ba siameng fela.” Gore go se ka ga nna le dikgaogano tseno, rre o tshwanetse go nna le seabe se segolo mo go godiseng ngwana wa ADHD. Mmè a se ka a rwala maikarabelo ao a le nosi.—Baefeso 6:4; 1 Petere 3:7.

Ditsala tse dikgolo tsa motho di ka mo ema nokeng thata le mororo e se ba lelapa la gagwe. Jang? John yo o nopotsweng pelenyana a re: “Nna pelonomi. O se ka wa leba fela bokafantle. Iphe nako ya go itse ngwana. Bua le batsadi le bone. Ba tsoga jang? Ba kopana le mathata afe letsatsi le letsatsi?”—Diane 17:17.

Ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba ka dira ka natla go ema ngwana yo o nang le ADHD le batsadi ba gagwe nokeng. Jang? Ka go nna tekatekano mo go se ba se lebeletseng mo go bone. (Bafilipi 4:5) Ka dinako tse dingwe ngwana yo o nang le ADHD a ka nna lotshwenyo. Go na le gore modumedimmogo yo o kelotlhoko a phatloge fela a re, “Ke eng fa lo palelwa ke go laola ngwana wa lona?” kana “Ke eng fa lo sa mo phamole lo mo kgwathise?” o tla lemoga gore batsadi ba ka tswa ba setse ba imelwa ke tiro e e opisang tlhogo ya go godisa ngwana yo o nang le ADHD. Ke boammaaruri gore batsadi ba tla dira bojotlhe go thusa ngwana go fokotsa boitshwaro jwa gagwe jo bo lotshwenyo. Lefa go ntse jalo, badumedimmogo le bone ba tshwanetse go leka go nna “pelotlhomogi” le go ba ‘segofatsa,’ go na le go ba tenegela. (1 Petere 3:8, 9) Ee ruri, gantsi Modimo o dirisa badumedimmogo ba ba lorato go ‘gomotsa baikokobetsi.’—2 Bakorinthe 7:5-7.

Baithuti ba Baebele ba a itse gore re gotsitse makoa otlhe a bosaitekanelang, go akaretsa le bokoa mo go ithuteng le ADHD, mo mothong wa ntlha e bong Atame. (Baroma 5:12) Gape ba a itse gore Mmopi, Jehofa, o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla tlisa lefatshe le lesha la tshiamo le mo go lone go tla bong go sa tlhole go na le malwetse a a ngomolang pelo. (Isaia 33:24; Tshenolo 21:1-4) Tsholofetso eno e e tlhomameng e nonotsha batho ba ba tshwenngwang ke makoa a a jaaka ADHD. John a re: “Go gola, go rutwa le maitemogelo di thusa morwa wa rona go tlhaloganya le go laola bokoa jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, ga a kitla a fola ka botlalo mo tsamaisong eno ya dilo. Selo se letsatsi le letsatsi se re gomotsang ke gore mo lefatsheng le lesha, Jehofa o tla fodisa bokoa jwa morwa wa rona a bo a mo thusa go itumelela botshelo ka botlalo.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tsogang! ga e buelele mokgwa ope o o rileng wa kalafi. Bakeresete ba tshwanetse go ela tlhoko gore kalafi epe fela e ba e lekang ga e kgatlhanong le melaometheo ya Baebele.

b Batho bangwe ba tlelwa ke matswela a a sa itumediseng morago ga go dirisa melemo, a a akaretsang go tlhobaela le mathata a mangwe a maikutlo. Mo godimo ga moo, melemo e e nang le ditsibosi e ka gakatsa go ritlaritla ga balwetse ba ba nang le malwetse a go gogega mesifa a a jaaka Tourette syndrome. Ka jalo motho o tshwanetse go nwa melemo ka kelotlhoko a kaelwa ke ngaka.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Tlhagiso Go Batsadi

MO E ka nnang bana botlhe ka dinako dingwe ga ba tlhwaye tsebe, ba a phadimoga e bile ba nna matlhagatlhaga thata. Ga se ka metlha mekgwa e e ntseng jalo e supang gore ba na le ADHD. Dr. Stanton E. Samenow o ne a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya Before It’s Too Late: “Ke ile ka bona ka makgetlho a le mantsi ngwana a gana go dira sengwe a bo a tlogelwa fela ka gonne go akanngwa gore o na le bogole bongwe kana bokoa jo e seng molato wa gagwe.”

Dr. Richard Bromfield le ene o bona go tlhokega gore go newe tlhagiso. O kwadile jaana: “Ke boammaaruri gore, batho bangwe ba ba tlhalosiwang ba na le ADHD ba na le bokoa bongwe mo bobokong mme ba tlhoka go alafiwa. Mme bokoa jono gape bo ile jwa dirwa seipato sa mekgwa yotlhe e e sa siamang, boitimokanyi, go itlhokomolosa dilo le mathata a mangwe a loago a gantsi a sa amaneng ka gope le ADHD. Tota e bile, go tlhoka mekgwa e mentle mo botshelong jwa segompieno—thubakanyo e e tletsetletseng, go sa dirise diokobatsi sentle le dilo tse di sa tshoseng thata tse di jaaka magae a dilo di sa tlhamalalang mo go one le a a tlhakatlhakaneng—gantsi ke tsone di gakatsang go tlhoatlhoega go go tshwanang le ga motho wa ADHD go gaisa bokoa bope fela jwa boboko.”

Ke ka lebaka le le utlwalang he go bo Dr. Ronald Goldberg a tlhagisang gore go se ka ga amanngwa ADHD le “matshwao mangwe le mangwe otlhe.” Kgakololo ya gagwe ke gore “go tshwanetswe ga sekasekwa matshwao otlhe sentle pele ga go dirwa tshwetso.” Matshwao a a tshwanang le a ADHD e ka tswa e le sesupo sa bongwe jwa mathata a mantsintsi a mmele le a maikutlo. Ka gone go botlhokwa gore go senkiwe thuso ya ngaka e e nang le maitemogelo e le gore bothata joo bo tlhomamisiwe sentle.

Tota le fa go setse go tlhomamisitswe bothata joo, go ka nna molemo fa batsadi ba ka sekaseka se se siameng le se se sa siamang ka melemo. Ritalin e ka nyeletsa matshwao mangwe a a sa itumediseng, lefa go ntse jalo, gape e ka baka ditlamorago tse di sa itumediseng tse di jaaka go tlhoka boroko, go tlhobaela thata le go tsenwa ke letshogo. Ka gone, Dr. Richard Bromfield o tlhagisa gore motho a se ka a itlhaganelela go naya ngwana melemo e le fela gore a nyeletse matshwao a gagwe. A re: “Bontsi jwa bana le bagolo ba le bantsintsi, ba newa Ritalin go sa tshwanela. Go ya ka maitemogelo a me, go dirisa Ritalin go bonala go ikaegile thata ka tsela e batsadi le barutabana ba kgonang go itshokela boitshwaro jwa ngwana ka yone. Ke itse bana ba ba ileng ba e newa e le fela gore e ba okobatse go na le gore ba thusiwe ka dilo tse ba di tlhokang.”

Ka gone batsadi ga ba a tshwanela go itlhaganelela go swetsa ka gore bana ba bone ba na le ADHD kana gore ba na le bokoa mo go ithuteng. Go na le moo, ba tshwanetse go sekaseka matshwao ka kelotlhoko ba thusiwa ke moitse yo o katiseditsweng seo. Fa go ka tlhomamisiwa gore ngwana o na le bokoa mo go ithuteng kana ADHD, batsadi ba tshwanetse go ipha nako ya go nna le kitso ka bothata joo sentle e le gore ba ke ba dire dilo ka tsela e e tla thusang bana ba bone sentle.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Ngwana yo o nang le ADHD o tlhoka go otlhaiwa ka bopelonomi mme e le ka tlhomamo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Fa batsadi ba mo akgola go ka mo thusa thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela