Fa go Santse go Tlhokega go le Gontsi
LE MORORO bontsi jwa dikakantsho tse di mo ditlhogong tse di fetileng di ka nna tsa thusa, ka dinako tse dingwe go ka tlhokega thuso e e oketsegileng mo maemong mangwe. Ka sekai, dipatlisiso dingwe di ne tsa supa gore go na le bana ba e seng fela gore ga ba kgone go laola maikutlo a bone mme gape e le ba ba kotsi. Le mororo bana bano ba nna mo malapeng a a lorato, ba supa fa boitshwaro jwa bone bo le diphatsa ka go thuba dilo, go goakaka batho, go tshuba ka molelo, go hula ka tlhobolo le go tlhaba ka thipa (fa e le teng), le go gobatsa diphologolo, batho ba bangwe kana bone ka bobone fa kakanyo eo e ka tla mo mogopolong wa bone. Tota fa o ba lebile o bona thubakanyo fela.
Batsadi ke bone ba ba tla dirang tshwetso ka namana gore a ba tla senka thuso ya tsa kalafi kana nnyaa gore ngwana wa bone a bone thuso e e molemo. Lelapa lengwe le lengwe le tshwanetse go itirela tshwetso ya gore le tla dira jang go thusa ngwana wa bone ka dilo tse a di tlhokang ba sa lebale mafoko a batsadi ba gomodiwang ka one mo go Diane 22:6.
Mekgwa e e farologaneng ya go rarabolola bothata jono e bosheng jaana go ganetsanwang thata ka yone ke ya melemo. Seokobatsi se gangwe le gape se buelelwang sa Ritalin se ile sa tlhagisa matswela a a sa tshwaneng. Malapa a le mantsi a ile a kgotsofalela kgatelopele e bana ba bone ba neng ba e dira fa ba ne ba dirisa Ritalin kana diokobatsi tse dingwe tse di ritibatsang. Lefa go ntse jalo, go santse go ganetsanwa e seng fela ka ga gore diokobatsi di thusa ka eng mme gape le ka ga tsela e di newang balwetsi thata ka teng. Totatota, dingaka dingwe ga di dumele gore di a thusa, ka sekai, di bolela gore Ritalin e ka nna ya nna diphatsa fa e dirisiwa lobaka lo loleele. Lefa go ntse jalo, re batla go gatelela gape gore, malapa a le mantsi le dingaka di le dintsi di ile tsa lemoga dilo tse di sa itumediseng di sekae fela fa di bapisiwa le tsela e di neng di tokafatsa maitsholo le kgatelopele ya mo dithutong tsa sekolo mo baneng ba ba neng ba di dirisa. Selo se se kgatlhang ke gore, batsadi ba le bantsi ba go neng ga fitlhelwa ba na le ADD ba gone jaanong ba dirisang melemo eno le bone ba itumelela matswela a yone. Ka gone, motho o tshwanetse go itirela tshwetso ka boene gore a o tla dirisa melemo fa a sena go dira dipatlisiso le fa a sena go sekaseka mabaka sentle.
Batho ba ba ileng ba leka go dirisa melemo eno mme ba se ka ba atlega ba ka leka mekgwa e mengwe ya go alafa bothata jono. Malapa a le mantsi a ile a bala mme ba bolela gore dibitamine le ditlhatsana tsa kalafi kana dilo tseno ka bobedi di a thusa. Jaaka go ile ga tlhalosiwa pelenyana, ka dinako tse dingwe ADD/ADHD e ka bakwa ke go sa tsweng sentle ga dikhemikale mo bobokong mme go dumelwa gore mefuta eno ya kalafi e ka kgona go baakanya bothata jono.
Mo godimo ga moo, go na le dilo tse dingwe tse batho bangwe ba dumelang gore le tsone di gakatsa mathata a le mantsi a a amanang le ADD/ADHD. Dr. Doris Rapp, mo bukeng ya gagwe ya Is This Your Child?, o bolela gore “bana bangwe ba na le mathata a a amanang le malwetsi a mmele, le/kana a maikutlo, boitshwaro, le go sa kgoneng go ithuta sentle kwa sekolong a ka tsela nngwe a amanang le dilo dingwe tse di ba ilang kana sengwe se se mo tikologong.” Gape, go sa utlwaneng le difetolammala, sukiri, le dirè tse dingwe go ka dira gore motho a shakgale, a fetofetoge maikutlo le go tlhoka boroko.
Malapa a le mantsi a ithutile gore a ka dira jang go laola boitshwaro jwa bana ba bone, lefa go ntse jalo, tsela e ba dirang ka yone mo dithutong tsa sekolo e ka ba bakela mathata a a oketsegileng. Mo go ba bangwe, thuso e e kgethegileng e e jaaka go nna le motho yo o go rutang, go gakololwa ke bagakolodi ba ba ithutetseng seo, go nna mo ditlhopheng tse di rotloetsanang, le barutabana ba ba ithutetseng bothata jono go ka nna ga thusa. Ka gonne gantsi bana bano ba dira dilo sentle fa go dirisanwa le bone ba le nosi kwa thoko, malapa mangwe morago ga go akantshana le dingaka a ile a bega fa go ithutela bana bano kwa gae go thusa thata.
Dilo dingwe tse di thusang thata ke mekgwa e mentsi e mesha ya go ruta e e jaaka wa Schools Attuned, wa ga Dr. Mel Levine e e gatelelang gore motho mongwe le mongwe o tshwana a le nosi le gore bana ba a farologana. Mokgwa ono wa go ruta wa ga Dr. Levine o buelela gore go rulaganngwe tsela ya go ruta gore e tshwanele ngwana mongwe le mongwe. Gongwe le gongwe kwa mokgwa ono wa go ruta ngwana mongwe le mongwe ka tsela e e mo tshwanetseng o dirisitsweng teng kwa United States, go bonala o tlhagisa matswela a a molemo thata.
Isagwe
Go godisa bana go ka tshwantshanngwa le go reka ntlo e ntšha. Dilo tseno ka bobedi di ka go tlhoka matsapa a mantsi; lefa go ntse jalo, ka ntlha ya maemo mangwe a a rileng, batho ba ba batlang go e reka ba ka nna ba patelesega go e reka lefa e sa ba kgotsofatse ka botlalo. Batsadi ba ba sa itekanelang bao ba godisang bana ba ba sa itekanelang mo lefatsheng leno la ga Satane le bone ba patelesega go itshokela makoa a bana ba bone ba ka tswang ba na le one. Ntlo eno e motho a sa tswang go e reka e ka nna ya bo e na le dilo dingwe tse di sa tlwaelegang kana dilo tse a sa di rateng, lefa go ntse jalo, a ka kgona go baakanya bontsi jwa dilo tse di sa mo kgatlheng ka go dira ka natla le go dirisa tlhaloganyo ya gagwe. Tota le tsela e e sa itumediseng e e agilweng ka yone e ka nna ya re fa go ntse go ya ya simolola go kgatlha.
Batsadi le bone fa ba itlwaetsa dilo tse di farologaneng tse ngwana wa bone yo o itshwarang ka tsela e e sa tlwaelegang a di tlhokang, a ka nna a nna motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa bone. Ngwana mongwe le mongwe o tshwanetse go ratiwa go ya ka dinonofo tse a nang le tsone. Ka gone, ela tlhoko thata dilo tse di molemo tse a di dirang. Go na le go gatelela ngwana wa gago, rotloetsa mongwe le mongwe wa bone gore a dire dilo tse a kgonang go di dira mme o itumelele gore ke motho wa botlhokwa yo o tshwanelwang ke go tlotlwa le go ratiwa—mpho e e botlhokwatlhokwa e e tswang mo go Jehofa Modimo.—Pesalema 127:3-5.