“Sisibala O bo O Tlhwaye Tsebe!”
Go Nna Le Bokoa Jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe le go Nna Matlhagatlhaga a a Feteletseng
“Jim o ne a tlhola a re Cal o dirwa fela ke gore o matepe le gore fa re—tota a raya nna—ka mo simega sentle o tla siama. Jaanong ke fano ngaka e ne ya re bolelela gore e ne e se molato wa me, e ne e se molato wa rona, e ne e se molato wa barutabana ba ga Cal: ruri go ne go na le sengwe se se phoso ka mosimanyana wa rona.”
CAL o na le Bokoa Jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe le go Nna Matlhagatlhaga a a Feteletseng (ADHD [Attention Deficit Hyperactivity Disorder]), e leng selo se se lemogwang ka gore motho a se kgone go tlhwaya tsebe, a phadimoga e bile a le matlhagatlhaga a a feteletseng. Go fopholediwa gore bokoa jono bo tshwenya bana botlhe ba ba lekaneng go tsena sekolo ba le diperesente tse 3 go ya go tse 5. Mankge mongwe wa tsa go ithuta e bong Priscilla L. Vail a re: “Ditlhaloganyo tsa bone di tshwana le setobetsaditšhanele sa thelebishene se se sa berekeng sentle. Ba tlelwa ke megopolo e mentsintsi e e sa tlhamalalang kana e ba sa kgoneng go e laola sentle.”
Mma ka bokhutshwane re nankole matshwao a mararo a magolo a ADHD.
Go se tlhwaye tsebe: Ngwana yo o nang le ADHD ga a kgone go tlhokomologa dilo tse di seng botlhokwa mme a bo a tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe. Ka jalo, o iteega tsebe motlhofo ke go bona, go utlwa le go dupa dilo di sele.a O a reetsa, lefa go ntse jalo, ga a kgone go tlhoma mogopolo thata mo go sepe fela. Ga a kgone go lemoga gore ke selo sefe se a tshwanetseng go tlhoma mogopolo thata mo go sone.
Go phadimoga: Ngwana yo o nang le ADHD o phadimogela dilo a sa akanye diphelelo tsa gone. Ga a kgone go rulaganya dilo sentle le go nna kelotlhoko, mme ka dinako tse dingwe dilo tse a di dirang di nna diphatsa. Dr. Paul Wender o kwadile a re: “O betsegela kwa mmileng, o tlolela setlhare a se gwaela. Ka ntlha ya seo, o aga a ngapegile, a le matsadi, a kgobogile le go aga a isitswe ngakeng.”
Matlhagatlhaga a a feteletseng: Bana ba ba matlhagatlhaga a a feteletseng ba aga ba le matlhoatlhoa. Ga ba kgone go nna ba sisibetse. Dr. Gordon Serfontein o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe ya The Hidden Handicap: “Tota le fa ba godile, fa o ba sekaseka sentle, o tla fitlhela gore maoto a bone, dinao, diatla, matsogo, dipounama kana loleme di a bo di ntse di tsikinyega fela.”
Mme gone, bana bangwe ba ba sa kgoneng go tlhwaya tsebe e bile ba phadimoga ga ba na bothata jwa go nna matlhagatlhaga a a feteletseng. Bokoa jwa bone bo tle bo bidiwe gore ke Bokoa Jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe kana ADD (Attention Deficit Disorder). Dr. Ronald Goldberg o tlhalosa gore motho a ka nna le ADD “a ntse a se matlhagatlhaga a a feteletseng le e seng. Kana a ka nna le yone a na le selekanyo se se rileng sa matlhagatlhaga a a feteletseng—go tloga ka a a sa lemotshegeng, go ya go a a serang go sekae le go fitlha ka a a kgoreletsang motho thata.”
Ke Eng se se Bakang ADHD?
Go ya le dingwaga mathata a a amanang le go tlhwaya tsebe a ntse a amanngwa le sengwe le sengwe fela, go tloga ka go sa godisiwang sentle go ya go go tshwaediwa ke marang a a bogale a lesedi. Gone jaanong go akanngwa gore ADHD e amana le mathata mangwe mo tseleng e boboko bo berekang ka yone. Ka 1990 National Institute of Mental Health e ne ya dira diteko mo bagolong ba le 25 ba ba nang le matshwao a ADHD mme ya fitlhela gore sukiri mo mebeleng ya bone e tlhotlhega ka bonya thata mo dikarolong tsa boboko tse di laolang motsamao le go tlhoma mogopolo. Mo diperesenteng di ka nna 40 tsa batho ba ba nang le ADHD, go bonala tsela e dijini tsa motho di leng ka yone e na le seabe mo go seno. Go ya ka The Hyperactive Child Book, dilo tse dingwe tse di ka amanngwang le ADHD ke go nwa bojalwa kana go ja diokobatsi ga bommè fa ba imile, go tsenwa ke botlhole jwa lloto, mme ka dinako tse dingwe, le dijo tse ngwana a di jang.
Basha le Bagolo ba ba Nang le ADHD
Mo dingwageng tsa bosheng jaana dingaka di ile tsa lemoga gore ADHD ga e fitlhelwe mo baneng fela. Dr. Larry Silver a re: “Gantsi o tla fitlhela batsadi ba tlisa ngwana gore a alafiwe ba bo ba re, ‘Ke ne ke ntse fela jaana fa ke sa le ngwana.’ Go tswa foo ba a dumela gore ba palelwa ke go itshokela go leta mo meleng, go sisibala mo dikokoanong, go fetsa tiro e ba e dirang.” Gone jaanong go dumelwa gore mo e ka nnang halofo ya bana botlhe ba ba nang le ADHD ba fetela ka mangwe a matshwao a yone mo bosheng le mo bogolong jwa bone.
Fa bana ba ba nang le ADHD ba sena go nna basha, ba tlogela go itshwara ka tsela e e diphatsa e bo e nna diganana. Mmè mongwe wa mosha yo o nang le ADHD a re: “Ke ne ke tlhola ke tlhobaela gore ga a kitla a kgona go fitlha kwa kholetšheng. Gone jaanong ke rapela fela gore a se ka a dira gore a tshwarwe.” Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa go bapisiwa basha ba le 103 ba ba matlhagatlhaga a a feteletseng le bana ba bangwe ba le 100 ba go neng go dirwa diteko ka bone ba ba neng ba sena bokoa jono e bontsha kafa motho a ka nnang le mabaka a a utlwalang a go tlhobaela jalo ka teng. Newsweek e bega jaana: “Fa bana bano ba setlhopha se se matlhagatlhaga a a feteletseng ba tshwara masimologo a dingwaga tsa bo20, go ne go ka direga ka makgetlho a mabedi gore ba kile ba nna le rekoto ya go tshwarwa, go ka direga ga tlhano gore ba kile ba newa katlholo e e duelwang ka madi e bile go ka direga ga robonngwe gore ba kile ba latlhelwa mo kgolegelong.”
Mo bagolong, ADHD e baka mathata a a kgethegileng. Dr. Edna Copeland a re: “Mosimane yo o matlhagatlhaga a a feteletseng a ka fetoga mogolo yo o agang a fetola mebereko, a aga a lelekilwe, a tlhola letsatsi lotlhe a sa bereke e bile a sa ritibala.” Fa go sa tlhaloganngwe se se bakang matshwao ano, a ka baka mathata mo lenyalong. Mosadi mongwe yo monna wa gagwe a nang le ADHD a re: “O ne a se ke a utlwa sepe fela se ke se buang fa re itlotlela fela. Go ne go ntse jaaka e kete ga a na le nna.”
Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba na le mekgwa e e ntseng jalo—bobotlana go ya bokgakaleng jo bo rileng. Dr. George Dorry a re: “O tshwanetse go botsa gore a ga a bolo go nna le matshwao ao.” Ka sekai, o bolela gore fa monna a simolola go lebala dilo thata morago fela ga gore a latlhegelwe ke tiro ya gagwe kana fa e sale mosadi wa gagwe a nna le ngwana, ga se gore o na le bokoa jono.
Mo godimo ga moo, fa e le gore ruri motho o tshwerwe ke ADHD, matshwao ao a a anama—ke go re, a ama mo e ka nnang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa motho. Go ne go ntse jalo ka Gary wa dingwaga tse 38, yo e neng e le monna yo o botlhale yo o matlhagatlhaga mme go bonala a sa kgone go fetsa tiro epe fela e a e dirang kwantle ga go iteega tsebe. O ne a setse a kile a bereka mebereko e le 120. A re: “Ke ne ke setse ke itlhobogile gore nka se ka ka atlega mo go sepe fela.” Lefa go ntse jalo, Gary le batho ba bangwe ba bantsi—bana, basha le bagolo—ba ile ba thusiwa go itepatepanya le ADHD. Jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a E re ka bothata jono bo tshwenya basimane thata go feta basetsana, re tla dirisa maemedi a botona fa re bua ka ba bo ba tshwenyang.