Kgopolo E E mo Bibeleng
A Modimo o Itumelela go Bona re Boga?
MONNA wa batho o a kgokgoetsega ka ntlha ya go imelwa ke sefapaano se segolo sa kota se a se sikereng fa a ntse a raletse boidiidi jwa batho a tsurutla madi ka ntlha ya go tsatsankiwa ke serwalo sa mebitlwa mo tlhogong ya gagwe. Fa a sena go goroga fa a tlileng go “bolaelwa” gone, o bapolwa mo sefapaanong; go kokotelwa dimapo tse dikgolo mo diatleng tsa gagwe. O a tlolatlola ka ntlha ya ditlhabi fa dimapo di ntse di phunya nama ya gagwe. Fa ba emisa sefapaano ditlhabi di a gakala. Go ya ka Panorama, makasine wa kwa Philippines, selo se se utlwisang botlhoko seno sa ngwao se dirwa ka metlha kwa Philippines fa go ketekwa Beke e e Boitshepo.
Tiragalo e e sa tswang go tlhalosiwa fano ke selo se gompieno se dirwang gotwe go etswa tsela e Jesu o bogileng ka yone. Ga se gore monna yono o tshameka terama. Dimapo, madi le ditlhabi tseo—ke dilo tsa mmatota tse di mo diragalelang.
Kwa mafelong mangwe o ka bona maloko a Roma Katoliki a a ineetseng a ititaya phatlalatsa a batla go boga jaaka Keresete a bogile. Ka ntlha yang? Bangwe ba dira jalo ka tumelo ya gore go boga goo ga bone go tla dira gore ba kgone go dira dikgakgamatso, tse di jaaka go fodisa baratiwa ba bone ba ba lwalang. Bangwe ba dira jalo e le go ikwatlhaela maleo ao ba boifang gore ba ka se a itshwarelwe kwantle ga gore madi a bone a tshologe. Buka ya The Filipinos e tlhalosa jaana: “Setlhabi ke selo se se molemo se se ka phepafatsang kakanyo le moya. . . . Morago ga ditlhabi, moleofi jaanong o tshwanetse a bo a ntlafaditswe maleo e bile a imologile.”
Lefa go ntse jalo, ga se Bakatoliki ba kwa Philippines fela bao ba itsenyang matsadi jalo. Batho ba madumedi a a farologaneng mo dinageng tse dintsi ba dumela gore go ipogisa ka go itsenya matsadi ka tsela nngwe go ba letlanya le Modimo.
Ka sekai, fa a ntse a batla boammaaruri, Siddhārtha Gautama wa Mobuda, o ne a tlogela mosadi wa gagwe le morwaawe mme a tshabela kwa sekakeng dingwaga di le thataro a tshela ka go itlhokofatsa. O ne a dula ka tsela nngwe e e kokonelang e bile e utlwisa botlhoko ka diura di le dintsi, mme o ne a bolela gore o ne a nna lobaka lo loleele a ja dithoro tsa reise letsatsi le letsatsi, a le mosesane mo a ileng a re: “Letlalo la mpa ya me le ne le kgomaretse mo lerapong la mokwatla.” Lefa go ntse jalo, go ipogisa jalo ga go a ka ga mo leretse kitso epe e a neng a e batla.
Badiradikgakgamatso ba Sehindu ba kwa India le bone ba ne ba itlhokofatsa ka ditsela tse di farologaneng tse ka dinako dingwe di neng di le botlhoko fela thata—ba robala fa gare ga dikgabo tsa molelo, ba lebelela letsatsi go fitlha ba foufala, ba ema ka leoto le le lengwe kana ka tsela nngwe e e kokonelang ka lobaka lo loleele. Ba ne ba akanya gore dinonofo tse di molemo tse ba neng ba na le tsone di ne di nonofile mo di neng di ka sireletsa motse wa bone gore o se tlhaselwe ke baba.
Ka tsela e e tshwanang, Baebele e bua ka baobamedi ba ga Baale bao ba neng ba itshegaka “ka dithipa le marumo jaaka mokgwa wa bone, madi a ba a tla a tshologa mo go bone” ka maiteko ao a neng a sa thuse sepe a gore modimo wa bone o ba utlwe.—1 Dikgosi 18:28.
“Lo Tla Ipatika Mewa”
Lefa go le boammaaruri gore Jehofa o ne a laela setšhaba sa gagwe se o neng a se itlhophetse a re: “lo tlaa ipatika mewa,” batho ba le bantsi ba a itse gore seno se bolela go itima dijo. (Lefitiko 16:31) Go itima dijo jalo e ne e le sesupo sa gore motho o hutsafetse le gore o ikwatlhaela maleo a gagwe kana o ne a dira jaana fa a ngomogile pelo. Ka gone, go itima dijo e ne e se tsela nngwe ya go itlhokofatsa ka go itsenya matsadi, mme go ne go kaya gore motho o ikokobeletsa Modimo.—Esera 8:21.
Lefa go ntse jalo, go ne go na le Bajuta bangwe bao ka phoso ba neng ba akanya gore botlhoko jo motho a neng a bo utlwa fa a itima dijo jalo, bo ne bo mo tlotlomatsa ka tsela nngwe le gore Modimo o ne a tshwanetse go ba duelela seo ka sengwe. Fa ba ne ba sa bone epe ya dituelo tseo, ba ne ba botsa Modimo jaana ka boikgogomoso kaga tuelo eo e ba neng ba re e ba tshwanetse: “Re a bo re ikiditse go ja ka ntlha yang, fa e bo ne ne o sa bone? Re ipatikile mowa ka ntlha yang fa e bo ne ne o sa tlhokomele?”—Isaia 58:3.
Mme ba ne ba le phoso. Go itima dijo ka tsela e e siameng ya bodumedi go ne go sa tlhoke gore motho a itlhokofatse, a bogise mmele wa gagwe ka tlala jaaka e kete botlhoko jwa mmele kana go kokonelwa ka bogone go tlotlomatsa motho ka tsela nngwe. Go bo motho a ne a tshwenyegile mo maikutlong go ne go ka dira gore a se ka a utlwa tlala. Fa motho a akanya thata ka mathata a gagwe a a bokete, mmele o ka nna wa se ka wa eletsa dijo. Seno se ne se supetsa Modimo tsela e e nonofileng e yo o itimang dijo a neng a ikutlwa ka yone.
A Modimo o Itumelela go Bona re Itlhokofatsa?
A Mmopi yo o lorato o itumelela go bona batho ba itsenya matsadi? Lefa go le boammaaruri gore ka dinako tse dingwe Bakeresete ba ka patelesega go ‘tlhakanela le Keresete dipogiso tsa gagwe,’ seno ga se kaye gore ba tsamaya ba itsenya mo diphatseng kana go dira gore ba bolawe gore go twe ke baswelatumelo.—1 Petere 4:13.
Ruri Jesu e ne e se moitlhokofatsi. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ngongoregela gore barutwa ba gagwe ba ne ba sa itime dijo, e bile ba ne ba bo ba mo latofatsa ka gore ke “motho yo tshikhiri, monwi wa bojalwa jwa mofine.” (Mathaio 9:14; 11:19) Jesu o ne a dira sengwe le sengwe ka tekatekano e bile o ne a sa ipateletse kana a pateletsa batho ba bangwe go dira dilo go feta kafa ba neng ba kgona ka teng.—Mareko 6:31; Johane 4:6.
Ga go na gope mo Dikwalo di re laelang gore re nne re itlhokofatsa, jaaka e kete go itima dilo dingwe tse re di tlhokang kana one monate wa botshelo go tla dira gore Modimo o re amogele ka tsela nngwe. Ela tlhoko mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo malebana le yone mekgwa eno ya go itlhokofatsa: “Le gale, ke dilo tse di nang le setshwantsho sa botlhale mo kobamelong e e itaolelwang ke motho, le mo boikokobetsong, le mo go tlhokeng go rekegela mmele; mme ga di na thuso go thiba kgatlhego ya nama.”—Bakolosa 2:23.
Martin Luther o ne a itlhokofatsa tota ka nako ya fa e ne e le moitlami. Lefa go ntse jalo, moragonyana o ne a nna kgatlhanong le mekgwa e e ntseng jalo a bolela gore e dira gore go lebege e kete go na le ditsela tse pedi tsa go direla Modimo, ya maemo a a kwa godimo le ya maemo a a kwa tlase le mororo Dikwalo tsone di ruta gore go na le tsela e le nngwe fela ya poloko—go dumela mo go Jesu Keresete le mo go Rraagwe e bong Jehofa. (Johane 17:3) Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba bangwe ba ne ba leba ngwaokobamelo eno ya go itlhokofatsa e le tsela ya go ipoloka ka namana.
Buka ya Church History in Plain Language e bolela jaana ka mokgwa ono wa go itlhokofatsa: “Go tshegetsa kgang eno yotlhe e ne e le go nna le pono e e phoso tota ka motho. Go ya ka baitlami, moya wa motho o golegetswe mo nameng fela jaaka mogolegwa yo o golegetsweng mo setopong sa motho. Ga se tsela e Baebele e tlhalosang botshelo jwa motho ka yone.” Ee, Dikwalo ga di tshegetse ka gope kgang eno ya gore Modimo o itumedisiwa ke fa batho ba itsenya matsadi ka go itlhokofatsa. E tswa mo thutong ya maaka ya Bakenosetiki ya gore sengwe le sengwe se se amanang le nama ga se a siama mme se tshwanetse go sotliwa ka mo go ka kgonegang ka teng gore motho a kgone go bolokwa.
E re ka Jehofa a batla gore re itumele, go direla Modimo o o ntseng jalo yo o itumetseng ga go tlhoke gore re itlhokofatse. (Moreri 7:16) Ka gone, ga gona gope mo Dikwalo di reng go itlhokofatsa ka go itsenya matsadi go ka dira gore motho a bolokwe. Go farologana le seo, Lefoko la Modimo le tlhalosa ka phepafalo gore ke madi a ga Keresete fela le go dumela mo go one goo go ka re ntlafatsang maleo otlhe.—Baroma 5:1; 1 Johane 1:7.