LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/15 ts. 3-4
  • A go Ikitsa Go ja Go Fetilwe ke Nako?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Ikitsa Go ja Go Fetilwe ke Nako?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sedirisiwa le Ngwaokobamelo
  • Go Itima Dijo—A go Dira Gore o Atamalane Thata le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele ya Reng ka go Itima Dijo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Modimo o Batla Gore re Ikitse go Ja?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • O Bodiwa Kaga Go Itima Dijo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/15 ts. 3-4

A go Ikitsa Go ja Go Fetilwe ke Nako?

“KE NTSE ke ikitsa go ja Mantaga mongwe le mongwe go tloga mo dingwageng tsa me tsa bolesome,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe yo o itsholetseng wa Moindia wa dingwaga di le 78 e bong Mrudulaben. Eno e ne e le karolo ya kobamelo ya gagwe, tsela ya go tlhomamisa gore a nne le lenyalo le le itumetseng le bana ba ba nang le botsogo jo bo siameng, mmogo le go sireletsa monna wa gagwe. Le fa e le motlholagadi gone jaanong, o santse a tswelela pele a ikitsa go ja ka boMantaga gore a nne le botsogo jo bontle le gore bana ba gagwe ba atlege. Fela jaaka ene, le bontsi jwa basadi ba Bahindu ba ikitsa go ja ka metlha e le karolo ya botshelo jwa bone.

Prakash, rrakgwebo mongwe wa dingwaga tse di fa gare yo o nnang mo motsaneng o o kwa thoko wa Mumbai (Bombay), kwa India, o bolela gore o ikitsa go ja ngwaga mongwe le mongwe ka boMantaga ba Sawan (Shravan). Kgwedi eno e na le bokao jo bo kgethegileng jwa sedumedi mo khalentareng ya Sehindu. Prakash o tlhalosa jaana: “Ke simolotse ke ikitsa go ja ka ntlha ya mabaka a bodumedi, mme jaanong ke na le tlhotlheletso e nngwe gape e dirang gore ke tswelele pele e le ka ntlha ya botsogo. E re ka Sawan e nna kwa bofelong jwa setlha sa dipula, go dira gore mmele wa me o itshekise mo malwetseng a a nnang teng ka nako ya setlha sa dipula.”

Bangwe ba akanya gore go ikitsa go ja go thusa motho mo mmeleng, mo tlhaloganyong, le mo semoyeng. Ka sekai, Grolier International Encyclopedia e bolela jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng tsa saense di akantsha gore go ikitsa go ja go ka nna molemo mo botsogong mme fa go dirwa ka kelotlhoko, go dira gore motho a akanye sentle thata le gore a nne le boikutlo jo bo siameng.” Go bolelwa gore mofilosofi wa Mogerika e bong Plato o ne a tle a ikitse go ja ka malatsi a le lesome kana go feta mme radipalo Pythagoras o ne a dira gore baithuti ba gagwe ba ikitse go ja pele ga a ba ruta.

Mo bathong ba bangwe, go ikitsa go ja go raya go itima dijo le metsi fela ka sebaka se se rileng sa nako, mme ba bangwe ba nwa dino fela ka nako ya fa ba ikitsa go ja. Batho ba le bantsi ba tsaya gore fa o itima dijo dingwe kana mofuta mongwe wa dijo o a bo o ikitsa go ja. Mme go ikitsa go ja ka nako e e telele o sa itlhokomele go ka nna kotsi. Mokwaladikgang Parul Sheth a re fa mmele o se na go ikotla ka dikhabohaetereite tse o di ipeetseng, go tswa foo o fetola diporoteine gore e nne glucose mme morago ga foo e nna mafura a mmele. Fa mafura ano a fetolwa glucose a bopa botlhole jo bo bidiwang ketone bodies. Fa di ntse di oketsega, di ya kwa bobokong, di bo di gobatsa thulaganyo ya ditshika tse dikgolo tsa boboko. “Se se ka dira gore go ikitsa go ja go nne kotsi,” go bolela jalo Sheth. “O ka tlhakana tlhogo, wa nna motho yo o sa tlhomamang, mme se se maswe le go feta. . . . [Go ka dira gore] o nne le kidibalo e kgolo mme kgabagare wa swa.”

Sedirisiwa le Ngwaokobamelo

Go ikitsa go ja e ne e ntse e le sedirisiwa se se nonofileng sa go fitlhelela maikaelelo a bopolotiki kana a loago. Motho yo o neng a dirisa sebetsa seno thata e ne e le Mohandas K. Gandhi kwa India. E re ka a ne a tlotliwa ke makgolokgolo a dimilione tsa batho, o ne a dirisa go ikitsa go ja go tlhotlheletsa matshutitshuti a Bahindu ba kwa India. Fa Gandhi a ne a tlhalosa matswela a go ikitsa go ja ga gagwe go nnileng le one mo go rarabololeng kgotlhang e e neng e le fa gare ga badiri kwa dikagong tse di nang le metšhine e e dirang dilo dingwe le beng ba tsone o ne a bolela jaana: “Matswela a sengwe le sengwe e nnile gore go ne ga rena boitumelo fa gare ga botlhe ba ba neng ba amega. Beng ba bodirelo joo ba ne ba amega dipelo . . . Seteraeke se ne sa khutla malatsi a le mararo fela fa ke sena go ikitsa go ja.” Poresidente ya Afrika Borwa, e bong Nelson Mandela, o ne a nna le seabe mo go ipolaiseng tlala ka malatsi a le matlhano ka dingwaga tsa fa a ne a le mogolegwa wa dipolotiki.

Lefa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba ileng ba ikitsa go ja ba ne ba dira jalo ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Go ikitsa go ja ke ngwaokobamelo e kgolo mo Bohindung. Buka ya Fast and Festivals of India, e bolela gore, mo malatsing a a rileng “go ikidiwa go ja gotlhelele . . . tota le metsi ga a nowe gotlhelele. Banna mmogo le basadi ba ikitsa go ja ka tsela e e masisi . . . go tlhomamisa boitumelo le katlego ya bone, le gore ba itshwarelwe ditlolo le maleo a bone.”

Go ikidiwa go ja thata mo tumelong ya Se-Jain. The Sunday Times of India Review e bega jaana: “Muni mongwe wa Mo-Jain [mofilosofi] wa kwa Bombay [Mumbai] o ne a nwa digalase di le pedi fela tsa metsi a a bedisitsweng ka letsatsi—ka malatsi a le 201. O ne a fokotsega mmele ka dikilogerama di le 33.” Ba bangwe ba ikitsa go ja gore ba bo ba bolawe ke tlala, ba tlhatswegile pelo gore seno se tla dira gore ba bolokiwe.

Mo tumelong ya Iselamo, bagolo ka kakaretso ba patelesega go ikitsa go ja ka kgwedi ya Ramadan. Ga ba a tshwanela go ja dijo kana go nwa metsi go tloga fa letsatsi le tlhaba go fitlha le phirima mo kgweding yotlhe. Motho ope yo o lwalang kana yo o etileng ka nako eno o tshwanetse go ikitsa go ja ka nako e nngwe e le ka palo ya malatsi a a lekanang le ya nako e e fetileng. Lente, e leng sebaka sa malatsi a le 40 pele ga Ista, ke nako ya go ikitsa go ja mo go bangwe ba ba mo go Labokeresete, mme ditlhopha tse dintsi tsa bodumedi di ikitsa go ja ka malatsi a mangwe a a kgethegileng.

Tota go ikitsa go ja ga go a fela. Mme e re ka e le karolo ya ditumelo tse dintsi, re ka nna ra ipotsa gore, A Modimo o batla gore batho ba ikitse go ja? A go na le dinako tse ka tsone Bakeresete ba ka swetsang ka gore ba ikitsa go ja? A seno se ka nna mosola? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dipotso tseno.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Bodumedi jwa Se-Jain bo leba go ikitsa go ja jaaka tsela ya go kgona go boloka moya

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Mohandas K. Gandhi o ne a dirisa go ikitsa go ja jaaka sebetsa se se nonofileng sa go fitlhelela maikaelelo a gagwe a bopolotiki kana a loago

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Mo tumelong ya Iselamo, go a patelesega go ikitsa go ja ka kgwedi ya Ramadan

[Motswedi wa Setshwantsho]

Garo Nalbandian

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela