LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 28
  • O Bodiwa Kaga Go Itima Dijo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Bodiwa Kaga Go Itima Dijo
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng Barutwa ba ga Jesu ba sa Itime Dijo?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Itima Dijo—A go Dira Gore o Atamalane Thata le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele ya Reng ka go Itima Dijo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Ikitsa Go ja Go Fetilwe ke Nako?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 28

Kgaolo 28

O Bodiwa Kaga Go Itima Dijo

GO SETSE go fetile mo e ka nnang ngwaga fa e sale Jesu a nnile gone kwa Tlolaganyong ya 30 C.E. Ka nako eno, Johane Mokolobetsi o setse a na le dikgwedi di le mmalwa a ntse a latlhetswe mo kgolegelong. Lemororo a ne a batla gore barutwa ba gagwe ba nne balatedi ba ga Keresete, ga se botlhe ba ba nnileng bone.

Jaanong bangwe ba barutwa bano ba ga Johane yo o latlhetsweng mo kgolegelong ba tla mo go Jesu mme ba botsa jaana: “Ana rona le Bafarisai re tle re ikiletseñ go ya gantsi, mme barutwa ba gago ga ba ikitse go ya?” Bafarasai ba itima dijo gabedi ka beke jaaka mokgwa wa bodumedi jwa bone. Mme gongwe barutwa ba ga Johane ba latela mokgwa o o tshwanang. Gape e ka nna ya bo e le gore ba itima dijo go hutsafalela go latlhelwa mo kgolegelong ga ga Johane mme ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba ga Jesu ba sa kopanele le bone mo go hutsafaleng gono.

Jesu o tlhalosa jaana fa a ba araba: “A bagwè ba ka lela ha monyadi a sa nntse a na nabō? me metlha e tla tla e monyadi o tla tlosiwañ mo go bōnè ka eōna, me ke gōna ba tla ikitsañ go ya.”

Barutwa ba ga Johane ba tshwanetse go gakologelwa gore Johane ka boene o ne a bua ka Jesu jaaka Monyadi. Jalo fa Jesu a santse a le gone, Johane o ne a ka seka a go bona go tshwanetse go itima dijo, le barutwa ba ga Jesu ga ba dire jalo. Moragonyana, fa Jesu a tlhokafala, barutwa ba gagwe baa lela ebile ba itima dijo. Mme fa a tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong, ga ba sa tlhole ba na le lebaka le lengwe la go itima dijo ka khutsafalo.

Morago ga moo, Jesu o bolela ditshwantsho tseno: “Ga go opè eo o bitièlañ seaparō se se onetseñ ka sebata se se kweletlanyeñ, se le magwata; gonne se se kaboñ se se bitièla, se tla se garola, me kgagogō ea galè e keketsège. Le gōna batho ga ba ke ba thèla boyalwa yo bosha yoa mofine mo mehaloñ e e onetseñ: gonne mehalō e tla phanyèga, le boyalwa bo chologa, le mehalō e senyèga: me ba tla ba thèle boyalwa yo bosha mo mehaloñ e mesha.” Ditshwantsho tseno di amana jang le go itima dijo?

Jesu o ne a thusa barutwa ba ga Johane Mokolobetsi go lemoga gore ga go ope yo o tshwanetseng go lebelela gore balatedi ba gagwe ba dumalane le mekgwa ya bogologolo ya Bajuda, e e jaaka ngwaokobamelo ya go itima dijo. O ne a sa tla go bitiela le go oketsa ditsamaiso tsa bogologolo tse di senyegileng tsa kobamelo tseo di neng di setse di emetse go latlhwa. Bokeresete bo ne bo ka se dirwe gore bo dumalane le Bojuda jwa motlha oo le dingwao tsa jone tsa batho. Nnyaa, bo ne bo ka se nne jaaka sebata se sesha mo seaparong sa bogologolo kana jaaka bojalwa jo bosha mo mehalong ya bogologolo. Mathaio 9:14-17; Mareko 2:18-22; Luke 5:33-39; Yohane 3:27-29.

▪ Ke bomang bao ba neng ba itima dijo, mme ka boikaelelo bofe?

▪ Ke ka ntlhayang fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa itime dijo fa a ne a na le bone, mme morago ga moo mokgwa wa go itima dijo o tla nyelela jang ka bonako?

▪ Ke ditshwantsho dife tseo Jesu a di anelang, mme di raya go reng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela