LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 28 ts. 70
  • Goreng Barutwa ba ga Jesu ba sa Itime Dijo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Barutwa ba ga Jesu ba sa Itime Dijo?
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Bodiwa Kaga Go Itima Dijo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Itima Dijo—A go Dira Gore o Atamalane Thata le Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele ya Reng ka go Itima Dijo?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A go Ikitsa Go ja Go Fetilwe ke Nako?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 28 ts. 70
Barutwa ba ga Johane Mokolobetsi ba botsa Jesu ka go itima dijo

KGAOLO 28

Goreng Barutwa Ba Ga Jesu Ba Sa Itime Dijo?

MATHAIO 9:14-17 MAREKO 2:18-22 LUKE 5:33-39

  • BARUTWA BA GA JOHANE BA BOTSA JESU KA GO ITIMA DIJO

Johane Mokolobetsi o ntse a le kwa kgolegelong go tloga ka nako ya fa Jesu a ne a ya kwa moletlong wa Tlolaganyo ya 30 C.E. Johane o ne a batla gore barutwa ba gagwe e nne barutwa ba ga Jesu, mme ga se botlhe ba ba ileng ba dira jalo fa Johane a sena go isiwa kgolegelong.

Jaanong fa moletlo wa Tlolaganyo ya 31 C.E. o ntse o atamela, barutwa ba ga Johane ba tla kwa go Jesu ba bo ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa rona le Bafarasai re itima dijo mme barutwa ba gago bone ba sa itime dijo?” (Mathaio 9:14) Bafarasai ba tsaya go itima dijo e le ngwao. Moragonyana Jesu o dira setshwantsho sa Mofarasai yo o ipolelang gore o siame fa a rapela a re: “Ao tlhe Modimo, ke a go leboga ka gonne ga ke tshwane le batho ba bangwe . . . Ke itima dijo gabedi ka beke.” (Luke 18:11, 12) Gongwe barutwa ba ga Johane le bone ba ne ba latela ngwao eno ya go itima dijo. Kgotsa ba ka tswa ba ne ba itima dijo ka gonne ba hutsafalela go bo Johane a isitswe kgolegelong. Batho bangwe le bone ba ipotsa gore ke eng fa barutwa ba ga Jesu ba sa itime dijo, e le go bontsha gore ba hutsafalela go bo Johane a tshwerwe.

Jesu o ba araba a dirisa sekai seno: “Ditsala tsa monyadi ga di na lebaka la go hutsafala fa monyadi a sa ntse a na le tsone, gakere? Le fa go ntse jalo, nako e tla tla ya gore monyadi a tlosiwe mo go tsone, mme ke gone di tla itimang dijo.”—Mathaio 9:15.

Johane o ile a re Jesu ke monyadi. (Johane 3:28, 29) Ka jalo, go a utlwala go bo barutwa ba ga Jesu ba sa itime dijo ka gonne Jesu o na le bone. Moragonyana fa Jesu a swa, barutwa ba gagwe ba tla mo hutsafalela mo e leng gore ga ba kitla ba eletsa go ja. Mme fa Jesu a sena go tsosiwa, dilo di tla fetoga. Ga ba kitla ba tlhoka go itima dijo.

Morago ga moo, Jesu o dira ditshwantsho tseno tse pedi: “Ga go na ope yo o rokelelang letsela le lesha mo seaparong se segologolo, ka gonne letsela le lesha le tla gagola seaparo seo, mme fa go neng go gagogile teng go tla nna maswe le go feta. E bile batho ga ba tshele beine e ntšha mo medutwaneng ya beine e megologolo. Fa ba ka dira jalo, medutwana ya beine e tla phatloga mme beine e bo e tshologa. Le fa go ntse jalo, batho ba tshela beine e ntšha mo medutwaneng ya beine e mesha.” (Mathaio 9:16, 17) Jesu o batla goreng?

Jesu o thusa barutwa ba ga Johane Mokolobetsi go tlhaloganya gore batho ga ba a tshwanela go lebelela gore barutwa ba gagwe ba latele dingwao tsa bogologolo tsa Bajuda, tse di jaaka go itima dijo. O ne a sa tla go tsweledisa mokgwa oo wa bogologolo wa kobamelo, oo o neng o tlile go fedisiwa. Mofuta wa kobamelo o Jesu a o kgothaletsang, ga o akaretse dingwao tsa Bajuda. Ga a leke go rokelela letsela le lesha mo seaparong se segologolo kgotsa go tshela beine e ntšha mo medutwaneng e megologolo.

DITSHWANTSHO TSE DI BUANG KA GO ITIMA DIJO

Modutwana

Jesu o ile a dira setshwantsho sa go roka se batho ba le bantsi ba neng ba tla se tlhaloganya. Fa motho a rokelela letsela le lesha mo seaparong se segologolo, go tla diragala eng? Fa seaparo seo se tlhatswiwa, letsela leo le lesha le a go ngotlega le bo le gagola seaparo seo.

Ka tsela e e tshwanang, ka dinako tse dingwe beine e ne e tshelwa mo mabotlolong a a dirilweng ka matlalo a diphologolo. Mme fa nako e tsamaya, matlalo ao a ne a nna thata a bo a sa tlhole a kgona go kokomoga. Go ne go le kotsi go tshela beine e ntšha mo mabotlolong ao. Beine eo e ne e ka bela e bo e thuba lebotlolo leo.

  • Ke bomang ba ba itimang dijo mo motlheng wa ga Jesu, mme goreng ba dira jalo?

  • Goreng barutwa ba ga Jesu ba sa itime dijo fa a le gone, mme ke eng se se ka dirang gore ba itime dijo moragonyana?

  • Ditshwantsho tse Jesu a ileng a di bua, sa letsela le lesha le sa beine e ntšha, di kaya eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela