A Modimo o Batla Gore re Ikitse go Ja?
MOLAO wa Modimo o a neng a o ntsha ka Moshe e ne e le wa gore batho ba ikitse go ja fela ka lekgetlho le le lengwe—ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga. Molao o ne o laela gore ka letsatsi leo Baiseraele ba ne ba tshwanetse gore ba ‘ipatike meya,’ se se tlhaloganngwang gore se kaya gore ba ne ba ikitsa go ja. (Lefitiko 16:29-31; 23:27; Pesalema 35:13) Lefa go ntse jalo, go ikitsa go ja gono e ne e se mokgwa fela. Go ketekiwa ga Letsatsi la Tetlanyo go ne go tlhotlheletsa batho ba Iseraele gore ba lemoge boemo jwa bone jwa boleo thata le gore ba tlhoka go rekololwa. Mme ba ne ba ikitsa go ja gape ka letsatsi leo gore ba supe gore ba hutsafalela maleo a bone le gore ba ikwatlhaya fa pele ga Modimo.
Le mororo e ne e le yone fela nako e Baiseraele ba neng ba patelesega go ikitsa go ja kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, ba ne ba ikitsa go ja le ka dinako tse dingwe. (Ekesodo 34:28; 1 Samuele 7:6; 2 Ditirafalo 20:3; Esere 8:21; Esethere 4:3, 16) Dinako tse dingwe di ne di akaretsa go ikitsa go ja ka go rata e le go supa boikwatlhao. Jehofa o ne a kgothaletsa batho ba ba leofileng ba Juta jaana: “Retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.” Seno se ne se sa tshwanela go dirwa ka go iponatsha kafa ntle, ka gonne Modimo o tswelela pele a bolela jaana: “Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo.”—Joele 2:12-15.
Fa nako e ntse e ya, ba le bantsi ba ne ba ikitsa go ja ka mokgwa wa go itshupa kafa ntle. Jehofa o ne a ila go ikitsa go ja ka tsela e e ntseng jalo ya boitimokanyi mme ka ntlha ya seo a botsa Baiseraele ba ba itimokanyang jaana: “A ke gone go ikitsa go ja mo ke go lopileng? A ke letsatsi la motho go ipatika mowa wa gagwe? A ke go ikoba tlhogo fela jaaka mophutlo, le go ikalela letsela la kgetse le molora tlase ga gagwe? A golo mo, o tlaa go raya o re: Ke go ikitsa go ja, o ba o re: Ke letsatsi le le lebosegang mo go Jehofa?” (Isaia 58:5) Go na le gore ba iponatshe kafa ntle gore ba ikitsa go ja, batho ba ba se nang kutlo bano ba ne ba kopiwa gore ba supe ditiro tse di supang boikwatlhao.
Go tswa fela kwa tshimologong, Modimo o ne a sa amogele ditsela dingwe tsa go ikitsa go ja tse di neng di tlhomilwe ke Bajuta. Ka sekai, ka nako nngwe batho ba Juta ba ne ba ikitsa go ja ganè ka ngwaga e le go ikgopotsa dinako tsa masetlapelo tse di neng di amana le go thopiwa ga Jerusalema le go senngwa ga yone mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. (2 Dikgosi 25:1-4, 8, 9, 22-26; Sekaria 8:19) Fa Bajuta ba sena go gololwa kwa botshwarong jwa kwa Babilone, Jehofa o ne a bolela jaana ka moporofeti Sekaria: “E rile lo ikitsa go ja . . . , e bong ka dinyaga tse di 70 tse, a lo kile lwa ikitsa go ja ka ntlha ya me, nna, e bong nna?” Modimo o ne a sa amogele go ikitsa go ja gono ka gonne Bajuta ba ne ba ikitsa go ja ka ntlha ya go hutsafalela dikatlholo tse di neng di tswa kwa go Jehofa ka boene. Ba ne ba ikitsa go ja ka ntlha ya masetlapelo a a neng a ba wetse, e seng ka ntlha ya diphoso tsa bone tse di bakileng seo. Fa ba sena go busediwa kwa nagagaeng ya bone, e ne e le nako ya gore ba itumele go na le gore ba hutsafalele dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng.—Sekaria 7:5.
A Bakeresete ba Tshwanetse go Ikitsa go Ja?
Le mororo Jesu Keresete a ise a ko a laele barutwa ba gagwe gore ba ikitse go ja, ene le balatedi ba gagwe ba ne ba ikitsa go ja ka Letsatsi la Tetlanyo ka gonne ba ne ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe. Mo godimo ga moo, bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba ikitsa go ja ka go rata ka dinako tse dingwe, ka go bo Jesu ga a ka a ba laela gore ba tlogele mokgwa oo gotlhelele. (Ditiro 13:2, 3; 14:23) Lefa go ntse jalo, le ka motlha ba ne ba sa tshwanela go ‘itlhontsha difatlhego, gore ba bonwe ke batho jaaka ba ba ikitsang go ja.’ (Mathaio 6:16) Go iponatsa kafa ntle gore o ineetse mo go seo go dira gore batho ba bangwe ba go lebe ka maikutlo a go go kgatlhegela le go go akgola. Lefa go ntse jalo, Modimo ga a itumedisiwe ke go itshupa ka tsela eo.—Mathaio 6:17, 18.
Jesu gape o ne a bua ka go ikitsa go ja ga balatedi ba gagwe ka nako ya fa a ne a tla swa. Mme ka go dira jalo o ne a sa tlhome ngwaokobamelo ya go ikitsa go ja. Go na le moo, o ne a bua ka bohutsana jo bogolo jo ba neng ba tla nna le jone. Fa a setse a tsositswe, o ne a tla bo a na le bone gape, mme go ne go tla bo go sa tlhole go na le lebaka la gore ba ikitse go ja.—Luke 5:34, 35.
Molao wa ga Moshe o ne wa fela fa “Keresete, ka a isitswe setlhabelo gangwe fela, gore a tle a belege maleo a batho ba le bantsi.” (Bahebere 9:24-28) Mme fa Molao o fela, taolo ya gore go ikidiwe go ja ka Letsatsi la Tetlanyo le yone e ne ya fela. Ka jalo, molao o le mongwe fela o o neng o pateletsa batho go ikitsa go ja o o umakiwang mo Baebeleng o ne wa fedisiwa.
Go Tweng ka Lente?
Lebaka la go bo Labokeresete e ikitsa go ja ka nako ya Lente le theilwe mo go eng? Dikereke tsa Bakatoliki le tsa Baporotesetanta di tlotla Lente, le mororo mokgwa o di o ketekang ka one mo kerekeng nngwe le nngwe o farologana. Bangwe ba ja gangwe fela ka letsatsi mo sebakeng sotlhe sa malatsi a le 40 pele ga Ista. Ba bangwe ba ikitsa go ja gotlhelele fela ka Ash Wednesday le Good Friday. Mo bathong ba bangwe, Lente e tlhoka gore ba se ka ba ja nama, tlhapi, mae le dilo tse di dirilweng ka mashi.
Go tsewa gore Lente e theilwe mo kgannyeng ya ga Jesu ya go ikitsa dijo ka malatsi a le 40 morago ga gore a kolobediwe. A o ne a tlhoma ngwaokobamelo e e neng e tshwanetse go latelwa ngwaga le ngwaga? Le e seng. Bosupi jwa seno ke lebaka la go bo go se na gope mo Baebeleng mo go kwadilweng gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira nngwe ya dilo tseo. Lente e ne ya ketekiwa la ntlha mo lekgolong la bonè la dingwaga morago ga Keresete. Fela jaaka dithuto tse dingwe tse dintsi tsa Labokeresete, e ne e tserwe mo metsweding ya boheitane.
Fa e le gore fa go ketekiwa Lente go etsiwa Jesu fa a ne a ikitsa go ja kwa nageng fa a sena go kolobediwa, ke ka ntlha yang fa e ketekiwa mo dibekeng tse di tlang pele ga Ista—e go tweng ke nako ya go tsoga ga gagwe? Jesu ga a ka a ikitsa go ja mo malatsing a pele ga loso lwa gagwe. Dipego tsa Diefangele di supa gore ene le barutwa ba gagwe ba ne ba etela magae mangwe mme ba ja dijo kwa Bethania malatsi a le mmalwa fela pele ga a swa. Mme o ne a ja sejo sa Tlolaganyo bosigo jwa pele ga loso lwa gagwe.—Mathaio 26:6, 7; Luke 22:15; Johane 12:2.
Go na le sengwe se re ka se ithutang mo go ikitseng go ja ga ga Jesu fa a sena go kolobediwa. O ne a simolola bodiredi jo bo botlhokwa. Go ne go akaretsa go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le isagwe ya batho botlhe. E ne e le nako ya go tlhatlhanya thata le go kopa thuso le kaelo mo go Jehofa ka thapelo. Ka nako eno Jesu o ne a ikitsa go ja ka tsela e e tshwanetseng. Seno se supa gore go ikitsa go ja go ka nna mosola fa go dirwa ka maikaelelo a a siameng e bile e le ka nako e e tshwanetseng.—Bapisa Bakolosa 2:20-23.
Fa go Ikitsa Go ja Go le Mosola
Mma re sekasekeng dinako dingwe tse ka tsone gompieno moobamedi wa Modimo a ka nnang a ikitsa go ja ka tsone. Motho yo o leofileng a ka nna a ikutlwa a sa batle go ja ka sebaka sa nako e e rileng. Seno e tla bo e se go kgatlha batho ba bangwe kana ka ntlha ya go galefela kotlhao e a e boneng. Mme e bile, go ikitsa go ja ka bogone go ka se ka ga baakanya dilo fa gare ga gagwe le Modimo. Lefa go ntse jalo, motho yo o ikwatlhayang ka boammaaruri o tla hutsafala thata go bo a utlwisitse Jehofa botlhoko gongwe le ditsala le ba lelapa. Go ngomoga pelo le go rapela ka tlhoafalo e le go kopa maitshwarelo go ka nna ga dira gore motho a se ka a eletsa dijo.
Kgosi ya Iseraele Dafite le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. Fa a ne a lebane le kgang ya go swelwa ke morwawe yo a mmoneng le Bathesheba, o ne a dirisa maatla a gagwe otlhe go rapela Jehofa gore a mo utlwele botlhoko malebana le ngwana. E re ka a ne a rapela ka maikutlo le nonofo ya gagwe yotlhe, o ne a ikitsa go ja. Ka mo go tshwanang, go ja dijo go ka nna ga bonala go sa tshwanela kafa tlase ga maemo mangwe a a utlwisang botlhoko gompieno.—2 Samuele 12:15-17.
Go ka nna gape ga nna le dinako tse ka tsone motho yo o boifang Modimo a batlang go tlhoma mogopolo mo dilong tse di kwa teng tsa semoya. Go ka nna ga tlhokega gore a dire patlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa Bokeresete. A ka nna a tlhoka nako e e rileng ya go tlhatlhanya. Ka dinako tse di ntseng jalo tsa fa motho a ithuta ka tlhoafalo, a ka nna a bo a sa batle go kgorelediwa ke go ja dijo.—Bapisa Jeremia 36:8-10.
Go na le dikai tse di tswang mo Dikwalong tsa batlhanka ba Modimo ba ba ileng ba ikitsa go ja fa ba ne ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di masisi. Mo motlheng wa ga Nehemia go ne go tshwanetse ga dirwa ikano mo go Jehofa, mme Bajuta ba ne ba tla hutsega fa ba ne ba ka e roba. Ba ne ba tshwanetse go solofetsa gore ba ne ba tla tlhala basadi ba bone ba seeng mme ba nne ba ikgaogantse le ditšhaba tse di ba dikologileng. Pele ga ba dira ikano eno le ka nako ya fa ba ipolela melato ya bone, phuthego yotlhe e ne e ikitsa go ja. (Nehemia 9:1, 38; 10:29, 30) Ka jalo, fa Mokeresete a lebane le go dira tshwetso e e boima, a ka nna a ikitsa go ja ka sebaka se se rileng sa nako.
Ka dinako tse dingwe ditlhopha tsa bagolwane tsa phuthego ya bogologolo ya Bokeresete ba ne ba tlhoka go ikitsa go ja fa ba tshwanela go dira ditshwetso dingwe. Gompieno, fa bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di boima, gongwe e le tse di amanang le kgang ya katlholelo, ba ka nna ba ikitsa go ja fa ba ntse ba akanyetsa kgang eo.
Go tlhopha go ikitsa go ja mo maemong a a rileng ke tshwetso ya motho ka namana. Ga go na ope yo o tshwanetseng go atlhola yo mongwe mo kgannyeng eno. Ga re a tshwanela go batla ‘go bonala mo bathong jaaka e kete re siame’; mme e bile ga re a tshwanela go dira gore dijo e nne selo sa botlhokwa jaana mo e leng gore di re kgoreletsa go tlhokomela maikarabelo a rona a a masisi. (Mathaio 23:28; Luke 12:22, 23) Mme Baebele e bontsha gore Modimo ga a re re ikitse go ja e bile ga a re thibele go ikitsa go ja.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ikitsa go ja ka malatsi a le 40 fa a sena go kolobediwa?