Kgopolo E e Mo Baebeleng
A go Itlhokofatsa ke Tsela ya go Nna Botlhale?
“BAIKGOGONI ba ipofa ka mehiri ya tshipi, dikeetane, meitlamo le dikholoro tse di tlhabang . . . Ba bangwe ba ipitika mo mebitlweng le mo dibabetsaneng, ba oka ditshenekegi ka boomo gore di ba lome, ba iphisa ka molelo le go kgotlakgotla dintho tsa bone go di ntsha boladu. E re ka go itima dijo e le mokgwa o ba tshelang ka one, bangwe ba dira se se fetang seo ka go ja dijo tse di bodileng kgotsa gongwe tse di ferosang sebete.”—The Saints, e e kwadilweng ke Edith Simon.
Bano ke batho ba ba itlhokofatsang. Ke ka ntlha yang fa ba itlhokofatsa botlhoko jaana? Mo bukeng ya For the Sake of the World—The Spirit of Buddhist and Christian Monasticism, bakwadi ba yone ba tlhalosa gore “fa e sale go tloga ka nako ya ga Socrates (mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.) bobotlana go ne go dumelwa thata gore botshelo jwa go nna o iphotlhere, o tshela o sena dilo tse di itumedisang le dithoto tse di manobonobo e ne e le selo se se batlegang gore motho a nne le botlhale jwa mmatota.” Batho ba ba neng ba itlhokofatsa ba ne ba akanya gore go itima dilo dingwe le go ikutlwisa botlhoko mo mmeleng go ne go tla oketsa boikutlo jwa bone jwa semoya le go ba dira gore ba nne le kitso ya boammaaruri.
Go thata go tlhalosa go itlhokofatsa sentle. Mo go bangwe go raya go tshela botshelo jo bo gagametseng jwa go itaya kgotsa go itima dilo. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tseela dinonofo tseno kwa godimo. (Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 3:5) Jesu Keresete ka boene o ne a buelela go tshela ka tsela e e sa raraanang o se na ditlhobaelo tse o ka nnang le tsone fa o tshela botshelo jwa go rata dikhumo. (Mathaio 6:19-33) Le fa go ntse jalo, gantsi go itlhokofatsa go golaganngwa le go nna makgwakgwa le go dira dilo tse di feteletseng, tse di tshwanang le tse di umakilweng fa godimo. A ditiro tseno tsa go itlhokofatsa, segolobogolo tse di feteletseng thata, eleruri ke tsela ya go nna botlhale?
Go Theilwe mo Dikgopolong Tsa Maaka
Gareng ga difilosofi tse di rotloeditseng go itlhokofatsa ke kgopolo ya gore dithoto le dilo tse di itumedisang ka botsone di maswe thata ka gonne di kgoreletsa kgatelopele ya semoya. Kgopolo e nngwe e e neng ya simolola mokgwa wa go itlhokofatsa ke tumelo e e dumelwang gotlhe ya gore motho o dirilwe a na le mmele le mowa. Batho ba ba itlhokofatsang ba dumela gore mmele wa nama ke mo mowa o tswalelwang teng le gore nama ke mmaba wa one.
Baebele ya re eng? Dikwalo di bontsha gore fa Modimo a sena go fetsa popo ya gagwe ya lefatshe, o ne a bolela gore dilo tsotlhe tse a di dirileng—popo yotlhe—e ne e le “molemo thata.” (Genesise 1:31) Modimo o ne a batla gore monna le mosadi ba kwa tshimong ya Edena ba itumelele go nna le dithoto. Leina Edena ka bolone le bolela “Boitumelo” kgotsa “Go ja Monate.” (Genesise 2:8, 9) Atame le Efa ba ne ba itekanetse e bile ba na le kamano e e molemo le Mmopi wa bone go fitlha ba leofa. Go tloga ka nako eo, go sa itekanela go ne ga nna sekgoreletsi gareng ga Modimo le motho. Le fa go ntse jalo, go kgotsofatsa dikeletso tsa motho tse di siameng fela kgotsa go itumelela dilo tse di itumedisang tse Modimo a di re neetseng fa go dirwa tumalanong le melao ya Modimo ya boitsholo ga go kitla go nna sekgoreletsi sa puisano gareng ga Modimo le baobamedi ba gagwe!—Pesalema 145:16.
Mo godimo ga moo, Baebele e ruta ka phepafalo gore motho yo o bopilweng ka lorole le go dirwa ka nama, ke mowa. Dikwalo ga di eme nokeng kgopolo ya gore mowa ke selo sengwe se e seng mmele kgotsa selo se se sa sweng se se tsentsweng mo teng ga mmele wa nama kgotsa kgopolo ya gore ka tsela nngwe nama e kganela motho go nna le botsala le Modimo.—Genesise 2:7.
Ka phepafalo, kgopolo ya go itlhokofatsa e tlhalosa kamano ya motho le Modimo ka tsela e e sokameng. Moaposetoloi Paulo o ne a lemosa gore bangwe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba tla rata difilosofi tse di tsietsang tsa batho go na le boammaaruri jwa motheo jwa Baebele. (1 Timotheo 4:1-5) Malebana le bangwe ba ba neng ba na le pono eno, mokwadi mongwe wa hisitori ya bodumedi a re: “Tumelo ya gore dilo tsa nama di boikepo . . . le gore mowa wa motho o tshwanetse go gololwa mo dilong tsa nama, e ne ya tlhotlheletsa go itlhokofatsa mo go botlhoko ga go iletsa go ja nama, tlhakanelodikobo le tse dingwe, mo go neng go ka diriwa fela ke ‘baitekanedi’ ba mmatota kana perfecti ba ba neng ba rupisiwa ka tsela e e kgethegileng.” Go akanya ka tsela eno ga go engwe nokeng ke Baebele e bile ga se se Bakeresete ba bogologolo ba neng ba se dumela.—Diane 5:15-19; 1 Bakorinthe 7:4, 5; Bahebere 13:4.
Go Itlhokofatsa ga go Tlhokege
Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba sa itlhokofatse. Ba ne ba itshokela diteko le ditlalelo tse di farologaneng, le fa go ntse jalo ditlalelo tseno e ne e se tse ba di itirelang ka boomo. Moaposetoloi Paulo o ne a lemosa Bakeresete go nna kelotlhoko gore ba se tsiediwe ke difilosofi tsa batho tsa ba faposa mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo mme tsa ba lebisa kwa ditirong tse di sa tlhomamang le tse di feteletseng. Paulo o ne a umaka segolobogolo “tshwaro e e botlhoko ya mmele.” O ne a bolela gore: “Dilo tsone tseo, eleruri, di na le ponalo ya botlhale mo mofuteng o o itlhometsweng wa kobamelo le boikokobetso jo e seng jone, tshwaro e e botlhoko ya mmele; mme ga di na mosola ope mo go lwantsheng go kgotsofadiwa ga nama.” (Bakolosa 2:8, 23) Go itlhokofatsa ga go dire gore motho a nne boitshepo ka tsela e e kgethegileng kgotsa go nna le kitso ya mmatota.
Ke boammaaruri gore boikobo jwa Bokeresete bo tlhoka motho go iteka ka thata le go itaya. (Luke 13:24; 1 Bakorinthe 9:27) Motho o tshwanetse go dira ka natla go bona kitso ya Modimo. (Diane 2:1-6) Gape Baebele e kgatlhanong thata le go nna lekgoba la ‘dikeletso le menate’ le go nna “barati ba menate go na le barati ba Modimo.” (Tito 3:3; 2 Timotheo 3:4, 5) Le fa go ntse jalo, ditemana tseno tsa Dikwalo ga di dumelele ditiro tsa go itlhokofatsa. Jesu Keresete, monna yo o itekanetseng o ne a ipelela dinako tse di monate tse di akaretsang dijo, dino, mmino le go bina.—Luke 5:29; Johane 2:1-10.
Botlhale jwa boammaaruri bo lekalekane, ga bo feteletse dilo. (Jakobe 3:17) Jehofa Modimo o bopile mebele ya rona ka bokgoni jwa gore re itumelele dilo di le dintsi mo botshelong. O batla gore re itumele. Lefoko la gagwe le re bolelela gore: “Ke a itse go re, ga go na sepe se se molemo mo go bone bogolo go go itumela le go dira molemo ka metlha yotlhe ya go tshela ga bone. Le gone ke neo ya Modimo gore motho mongwe le mongwe a je a nwe, mme a je monate ka letsapa lotlhe la gagwe.”—Moreri 3:12, 13.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]
Saint Jerome in the Cavern/The Complete Woodcuts of Albrecht Dürer/Dover Publications, Inc.