Batho Botlhe ba Tla Itekanela Sentle
FELA jaaka fa boitshwaro, tikologo le tlhokomelo ya boitekanelo di ama boitekanelo jwa rona, go ntse fela jalo le ka dilo tse re tsetsweng re na le tsone. Dilo tseno di tlhotlhelediwa ke dilo tse re di tsereng mo batsading ba rona le malwetsi a a ka re tsenang moragonyana ka ntlha ya go nna le jini nngwe e e sekametseng koo.
Mankge mongwe wa tsa boitekanelo a re: “Dilo tse o tsetsweng o na le tsone di ka tlhotlheletsa thata gore a o tla itekanela sentle, a o tla tshela lobaka lo loleele kana gore a tota o tla tshela.”
Lefa re ka tswa re di ruile ka tsela efe, go opiwa ke tlhogo, go gagamala mesifa, go lapa methapo, go robega marapo motlhofo, dipelo tse di bokoa le matlhoko a mangwe, di re gakolola letsatsi le letsatsi gore boitekanelo jwa rona bo tlhotlhelediwa ke mmele le tlhaloganyo tsa rona tse di bokoa. Ke selo sefe se segolo se se bakang mathata ano a boitekanelo a a ntseng a etegela pele?
Selo se Segolo Se se A Bakang
Ngaka ya kalafi e e bidiwang Luke e e neng e tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. e araba potso eno mo bukeng e e neng ya tlhotlhelediwa go e kwala e e kaga botshelo jwa ga Jesu Keresete. Luke a re, letsatsi lengwe go ne ga tlisiwa monna yo o golafetseng kwa go Jesu ka tsholofelo ya gore o tla mo fodisa. Jesu o ne a raya monna yono yo o golafetseng a re: “Dibe tsa gago o di itshwaretswe.” Morago ga moo, Jesu o ne a supa gore o na le maatla a go itshwarela batho dibe ka go laela monna yono jaana: “Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago.” Monna yono o ne a dira jalo! Ka ntlha ya seno, “kgakgamalo ya ba tshwara botlhe” ba ba neng ba lebile fa a mo fodisa, “mme ba galaletsa Modimo.”—Luke 5:17-26.
Jesu o ne a bua ka sebe sefe? Karabo ya seno e re thusa go lemoga gore ke ka ntlha yang fa re lwala, re tsofala e bile re swa. E re ka re tlhomamisa gore ‘lokwalo lotlhe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo,’ re ka solofela go bona karabo mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16; 2 Petere 1:21) E re bolelela gore motho wa ntlha e bong Adame o ne a bopilwe a itekanetse sentle. O ne a tla nna a itekanetse sentle jalo fa fela a santse a ikobela Mmopi wa gagwe.
Lefa go ntse jalo, Adame o ne a tlhopha go tlola molao wa Modimo. O ne a leofa ka go se utlwe le go tsuologela Mmopi wa gagwe jalo. Ka ntlha ya seno, o ne a se ka a tlhola a itekanetse, a tshabelelwa ke malwetsi mme moragonyana o ne a swa. Ka gone, sebe ke sone se se baketseng Adame malwetsi le loso.
Fela jaaka fa malwetsi mangwe a fetela mo baneng ka gonne ba a tsere mo dijining tsa batsadi ba bone, go sa itekanela ga ga Adame go go bakang malwetsi le gone go ne ga fetela mo baneng ba gagwe, e bong losika lwa motho. Ka gone, malwetsi otlhe a nnile gone ka ntlha ya sebe sa kwa tshimologong sa ga Adame. (Genesise 2:17; 3:1-19; Baroma 5:12) A go na le tharabololo?
Tharabololo
Batho ba ne ba se ka ba tlhola ba tshela ba itekanetse sentle ka ntlha ya sebe—go tsuologela molao wa Modimo ga ga Adame. Selo se se ka dirang gore motho a tshele a itekanetse gape ke fela fa sebe se ka tlosiwa. (Baroma 5:18, 19) Jang? Go ne go tlhokega motho yo mongwe gape yo o itekanetseng, yo o tshwanang kgo le Adame fa a santse a itekanetse, gore a ntshe botshelo jwa gagwe setlhabelo sa thekololo. Molao wa Modimo wa re, “botshelo bo tswelwe ke botshelo.”—Duteronome 19:21.
Lefa go ntse jalo, bana botlhe ba ga Adame ba baleofi ba ne ba ka se kgone go ntsha thekololo eo. Ka gone, ka lorato Jehofa ka boene o ne a dira gore Morwaawe, Jesu, a ntshe botshelo jwa gagwe jaaka motho yo o itekanetseng setlhabelo “go nna thekololo ya batho ba le bantsi” e le “gore re tshele ka ene.”—Mathaio 20:28; 1 Johane 4:9; Pesalema 49:7.
Fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha gore Rraagwe, e bong Jehofa o ne a mo neile maatla a go tlosa dibe fa a ne a raya monna yo o golafetseng a re, “dibe tsa gago di itshwaretswe,” mme monna yo o fodisitsweng yoo o ne a ya gae. Jesu o ne a dirisa maatla ano a a tswang mo Modimong gangwe le gape go fodisa difofu, bosusu, le batho ba bangwe ba bantsi ba ba lwalang malwetsi a a farologaneng.
Malebana le tsela eno ya ga Jesu ya go fodisa ka kgakgamatso, Baebele e bolela jaana: “Ga tla kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsang, le difofu, le dimumu, le digole le ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa. Bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, digole di itekanetse, batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona.” (Mathaio 15:30, 31) Se se gakgamatsang go gaisa ke gore Jesu o ne a kgona go tsosa le baswi gore ba tshele gape. Baebele e bua ka ba le mmalwa ba a neng a ba tsosa jalo.—Luke 7:11-16; 8:49-56; Johane 11:14, 38-44.
Tsela eno e e gakgamatsang e Jesu a neng a fodisa batho ka yone e re tlhomamisetsa gore ga go na bolwetsi bope jo bo ka mo palelang. A o tla bowa a dirisa maatla ano a o a filweng ke Modimo? A go tla re solegela molemo?
Go a Kgonega Gore re ka Itekanela Sentle
Boperofeti jwa Baebele bo bontsha gore Jesu o setse a busa kwa legodimong jaaka Kgosi ya puso ya Modimo ya selegodimo. Modimo o mo neetse taolo ya go tlosa dipuso tsotlhe tsa batho tse di busang gone jaanong gore a tle a buse lefatshe lotlhe. (Pesalema 110:1, 2; Daniele 2:44) Thapelo eno e Jesu o neng a e ruta balatedi ba gagwe e tla diragadiwa: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Mo pusong ya Bogosi joo, selo sengwe se e tla bong e le karolo ya thato ya Modimo ka lefatshe e tla nna go tokafatsa maemo a boitekanelo jwa batho thata.
Morago ga moo, ka tsela ya mmatota le ka tsela ya semoya, ‘matlho a difofu a tlaa foufololwa, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwa. Setlhotsa se tlaa tlola jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.’ “Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:5, 6.
Mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo, batho ba tla bo ba itekanetse sentle mo go rayang gore ga ba kitla ba tlhola ba swa jaaka re swa gompieno. Lefoko la Modimo le re solofetsa jaana: ‘Yo o dumelang mo go ene [o tla] bona botshelo jo bo sa khutleng.’ “Mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Johane 3:16; Baroma 6:23) Ee, bogologolo tala, pesalema e e tlhotlheleditsweng e ne ya solofetsa jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Fela jaaka a ile a dira fa a ne a santse a le mo lefatsheng, Jesu o tla tsosa baswi a bo a dira gore ba nne le tshono ya go tshela ba itekanetse sentle. Baebele e solofetsa jaana: “Go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.”—Ditiro 24:15.
Mo pusong eno ya Bogosi, lefatshe ka bolone le tla ungwa sentle mo go tla nyeletsang ruri tlala e e dirang gore batho ba se ka ba itekanela sentle. Boperofeti jwa Baebele bo re bolelela gore: “Le setlhare sa naga se tlaa ungwa; le lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone, mme ba tlaa nna ka thagamo mo lefatsheng la bone.” (Esekiele 34:27) “Lefatshe le ntshitse totafalo ya lone; Modimo, e bong Modimo wa rona tota, o tlaa re segofatsa.” (Pesalema 67:6) “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng.” (Pesalema 72:16) “E e leng naga fela e tlaa ipela le lefatshe la lokgere; le sekaka se tlaa itumela se nyakalala jaaka sešeše.”—Isaia 35:1.
Fa e sobokanya maemo a a tla bong a le teng mo lefatsheng le lesha la Modimo, buka ya bofelo ya Baebele ya boperofeti e bolela jaana: “[Modimo] o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko.”—Tshenolo 21:4.
A wa re, ‘A ruri go tla nna jalo’? Mme a o ko o akanye ka kgang e. Pele ga fa Adame a nna moleofi, o ne a itekanetse sentle. A re re gongwe ka nako eo motho mongwe o ne a ka mmolelela gore letsatsi lengwe lefatshe le tla bo le tletse ka batho ba ba bolawang ke ditlhabi, ba lwala e bile ba tsofala. A o akanya gore go ne go ka nna motlhofo gore Adame a dumele seo? Mme gompieno dilo di ntse fela jalo.
Le mo Bogosing jwa Modimo fa dilo di fetolwa batho ba tla bowa gape ba itekanela sentle. Lefoko la ga Jehofa le re tlhomamisetsa jaana: “Mafoko a, a boikanngo le boammaaruri.” (Tshenolo 21:5) Se Modimo a reng se tlile go diragala, se tla nna fela jalo ka gonne ‘go retetse mo Modimong go aka.’—Bahebere 6:18.
Ke eng se jaanong motho a ka se dirang go tlhomamisa gore o tla ipelela masego ano a a tlang? Jesu o ne a tlhalosa sentle selo se se ka dirang gore re itekanele sentle le go bona botshelo jo bo sa khutleng fa a ne a rapela Rraagwe jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.
Kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba tle go go ruta Baebele mahala kwa lelapeng la gago. Ba tla itumelela go go thusa go itse ka ditsholofetso tseno tse di itumedisang tsa Modimo. E tla bo e le kgato ya ntlha go ya mo tseleng e e ka dirang gore o itekanele sentle!
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Mo lefatsheng le lesha la Modimo, batho ba tla itumelela go tshela ba itekanetse sentle