LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 6/8 ts. 3
  • Go Rekisiwa Jaaka Lekgoba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rekisiwa Jaaka Lekgoba
  • Tsogang!—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dimilionemilione di Nna Makgoba
    Tsogang!—1995
  • Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?
    Tsogang!—2001
  • Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 6/8 ts. 3

Go Rekisiwa Jaaka Lekgoba

Ka mmegadikgang wa Tsogang! mo Afrika

OLAUDAH EQUIANO o tshotswe ka 1745 kwa karolong e jaanong e bidiwang Nigeria botlhaba. Botshelo jwa kwa motseng wa gagabo bo ne bo tshwana fela le jwa metse ya nako eo. Malapa a ne a dira mmogo go jala masimo a korong, a katuni, a dipotata le a dinawa. Banna ba ne ba rua dikgomo le dipodi. Basadi ba ne ba otlha katuni le go e loga.

Rraagwe Equiano e ne e le moeteledipele yo o tlotlegang wa lekgotla e bile e le moatlhodi mo motseng. Letsatsi lengwe Equiano le ene o ne a tlile go nna mo maemong ao. Go ne ga se ka ga nna jalo. E ne ya re e santse e le mosimanyana, Equiano o ne a utswiwa mme a rekisiwa jaaka lekgoba.

O ne a se ka a kopana le Bayuropa bape go fitlha a fitlha mo lobopong lwa lewatle fa bagwebi ba ba farologaneng ba ntse ba mo rekisetsa ba bangwe. Dingwaga morago ga moo o ne a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka teng jaana: “Selo sa ntlha se ke neng ka se bona fa ke fitlha fa lobopong e ne e le lewatle le sekepe sa makgoba se se neng se tshwerwe ka tshetledi se letile morwalo wa sone. Seno se ne sa nkgakgamatsa thata mme go ise go ye kae kgakgamalo eo ya fetoga poifo fa ke sena go tsenngwa mo teng. Ka bonako fela badiri ba mo sekepeng ba ne ba ntshekatsheka go bona fa e le gore ke itekanetse sentle mme ka simolola go tlelwa ke kakanyo ya gore ke ne ke le mo lefatsheng la meya e e bosula le gore ba ne ba tlile go mpolaya.”

Fa a leba gaufi le ene, Equiano o ne a bona “matshwititshwiti a bantsho ba mefuta yotlhe ba bofilwe ka dikeetane, sefatlhego sa mongwe le mongwe wa bone se supa go ngomoga pelo le khutsafalo.” O ne a idibala ka ntlha ya go tshoga thata. Baafrikakaene ba ne ba mo thusa gore a thanye mo maibing mme ba leka go mo gomotsa. Equiano a re: “Ke ne ka ba botsa gore a makgoa ano ga a tle go re ja.”

Equiano o ne a rwalelwa ka sekepe kwa Barbados, morago ga moo a isiwa kwa Virginia, mme morago kwa Engelane. O ne a tlhola a tsere mesepele ka a ne a rekilwe ke kapoteine wa dikepe. O ne a ithuta go bala le go kwala, kgabagare o ne a duela gore a gololwe a bo a nna le seabe se segolo mo mokgatlhong o o neng o lwantshana le bokgoba wa kwa Boritane. Ka 1789 o ne a phasalatsa kgang ya botshelo jwa gagwe e e neng e le nngwe ya dipego di sekae fela (gongwe e bile e le e e di gaisang tsotlhe) tse di neng tsa kwalwa kaga kgwebo ya makgoba mme yone e kwalwa ke Moafrika yo go mo diragaletseng.

Dimilionemilione tse dingwe tsa Baafrika di ne tsa se ka tsa nna sego jalo. Ba ne ba tlosiwa kwa magaeng a bone le mo malapeng a bone ba rwelwe ka dikepe go kgabaganya Atlantic ba tshwerwe setlhogo. Ba ne ba rekwa ba bo ba rekisiwa le bana ba bone ba ba neng ba ba tshola jaaka dikgomo le go patelediwa go dira ditiro tse di bokete ba sa duelwe sepe go humisa batho ba ba sa ba itseng. Bontsi jwa bone bo ne bo sena ditshwanelo dipe e bile ba ne ba itewa, ba sotlwa kana le e leng go bolawa ke beng ba bone. Selo se le nosi fela se se neng se golola bontsi jwa batho bano ba ba neng ba gateletswe mo bokgobeng e ne e le loso.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela