LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 6/8 ts. 4-6
  • Dimilionemilione di Nna Makgoba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dimilionemilione di Nna Makgoba
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela e e Khutlotharo
  • Tsela E e Fa Gare
  • Go Goroga Kwa Dinageng Tsa Amerika
  • Tiro le go Itewa
  • Go Rekisiwa Jaaka Lekgoba
    Tsogang!—1995
  • Go Tsamaya mo Tseleng ya Makgoba
    Tsogang!—2011
  • Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba
    Tsogang!—2002
  • Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 6/8 ts. 4-6

Dimilionemilione di Nna Makgoba

KA NAKO ya fa Olaudah Equiano a tsholwa, dikepe tsa Yuropa di ne di setse di na le makgolo a dingwaga a le mabedi le halofo di ntse di rwala makgoba a Baafrika go kgabaganya Lewatle la Atlantic. Lefa go ntse jalo, go dira batho makgoba go ne go sa bolo go nna gone pele ga foo. Batho ba ne ba sa bolo go nna ba dirwa makgoba go ralala lefatshe lotlhe fa e sa le go tloga mo metlheng ya bogologolo, gantsi e le ka ntlha ya dintwa.

Le mo Afrika, bokgoba bo ne bo tletsetletse le pele ga dikepe tsa Yuropa di goroga. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Dipego tsa hisitori di bontsha gore bantsho ba Afrika ga ba bolo go nna ba dira ba bangwe makgoba. . . . Bokgoba ga bo bolo go nna gone le pele ga Boiselamo bo nna gone mme bontsi jwa makgoba a bantsho bo ne jwa romelwa ka bontsi kwa dinageng tsa Boiselamo go tswa mo Afrika.”

Selo se se neng sa dira gore go gweba ka makgoba go kgabaganya Atlantic go tlhomologe e ne e le selekanyo se go neng go dirwa ka bontsi ka sone le lobaka lo loleele lo go neng ga lo tsaya. Go ya ka diphopholetso dingwe tse di tlhomameng thata, palo ya makgoba a a neng a kgabagantshiwa Lewatle la Atlantic go tloga ka lekgolo la dingwaga la bo16 go ya go la bo19 e ne e le magareng ga dimilione tse 10 le tse 12.

Tsela e e Khutlotharo

Ka bonako fela morago ga loeto lwa ga Christopher Columbus lwa mo lewatleng ka 1492, badiradikoloni ba Yuropa ba ne ba tlhoma meepo le masimo a sukiri kwa dinageng tsa Amerika. Mo godimo ga go dira batho ba koo makgoba, Bayuropa ba ne ba simolola go rwala makgoba go tswa mo Afrika.a Go rwala makgoba ka dikepe go kgabaganya Atlantic go ne go sa dirwe thata mo dingwageng tsa magareng a bo1500, lefa go ntse jalo, mo metlheng ya ga Equiano, mo bogareng jwa bo1700 go ne go anama thata—mo e ka nnang magolegwa a le 60 000 ngwaga le ngwaga.

Gantsi dikepe tse di tswang Yuropa di ne di tsaya tsela e e dikhutlo di tharo. Di ne di simolola mosepele ka go ya kwa borwa di tswa kwa Yuropa di tla mo Afrika. Morago ga moo di ne di tsaya tsela e e fa gare (ntlha e e fa gare ya khutlotharo eo) di ya kwa dinageng tsa Amerika. Kgabagare di ne di boela morago kwa Yuropa.

Fa balaoladikepe ba fitlha kwa sekhutlong sengwe le sengwe sa khutlotharo eno, ba ne ba fitlha ba ananya ka sengwe. Dikepe di ne di tswa kwa maemelakepeng a Yuropa di rwele dilwana—khai, tshipi, ditlhobolo le bojalwa. Fa di fitlha kwa lobopong lwa bophirima lwa Afrika, balaoladikepe ba ne ba fitlha ba ananya dilo tseo ka makgoba ao ba neng ba a reka mo bagwebing ba Afrika. Makgoba a ne a tobelwa mo sekepeng seo jaanong se neng se tla tsamaela ntlheng ya dinaga tsa Amerika. Fa se fitlha kwa dinageng tsa Amerika, balaoladikepe ba ne ba rekisa makgoba ao mme ba bo ba rwala dithoto tse di bonweng ka tiro ya makgoba—sukiri, bojalwa, molasses, motsoko, reise le katuni e e neng ya simolola go jalwa ka bo1780. Morago ga foo dikepe tseo di ne di boela morago kwa Yuropa e leng, karolo ya bofelo ya loeto.

Mo bagwebing bao ba Bayuropa le ba Baafrika mmogo le badiradikoloni ba dinaga tsa Amerika, go ananya jalo ka se ba neng ba se bitsa gore ke morwalo o o tshelang, e ne e le kgwebo fela, selo se se neng se ba leretse madi. Mo go bao e neng e le makgoba—banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng, borrabana, bommabana, bana ba basimane le ba basetsana—e ne e le bosetlhogo le selo se se boifisang.

Makgoba ao a ne a tswa kae? A mangwe a ne a tsewa ka dikgoka, jaaka go ne ga diragalela Olaudah Equiano, mme ba le bantsi ba ne ba gapiwa mo dintweng tse di neng di lowa ke dinaga tsa Afrika. Ba ne ba rekisiwa ke Baafrika. Rahisitori Philip Curtin, yo e leng moitse wa kgwebo ya makgoba, o kwala jaana: “Bayuropa ba ne ba lemoga ka bonako gore go ne go ka nna diphatsa mo boitekanelong jwa bone gore ba itshenkele makgoba ka bobone mo Afrika. Go dira batho makgoba e ne e le tiro e e neng e dirwa ke Baafrika fela . . . Batho ba le bantsi ba ne ba itirela madi ka go gweba ka makgoba go go simolotsweng thata ka batho ba ba neng ba gapilwe mo dintweng.”

Tsela E e Fa Gare

Mosepele wa go ya kwa dinageng tsa Amerika e ne e le o o tshosang. Baafrika bao ba ne ba tswatswailelwa kwa lobopong lwa lewatle ba bofilwe ka ditlhopha ka dinako tse dingwe ba fetsa dikgwedikgwedi ba tswaletswe mo dikagong tse di agilweng ka matlapa kana mo dikomponeng tse dinnye tsa logong. Ka nako ya fa sekepe se se rwalang makgoba se goroga se tlile go leba kwa Amerika, gantsi magolegwa a ne a setse a sa itekanela sentle ka ntlha ya go sotlwa. Lefa go ntse jalo ba ne ba santse ba tlile go sotlega thata.

Fa ba sena go latlhelwa mo sekepeng ba sa apara sepe le go tlhatlhobiwa ke ngaka ya mo sekepeng kana molaolasekepe, banna ba ne ba bofiwa ba bo ba isiwa kwa karolong e e kwa boalong jwa sekepe. Beng ba dikepe ba ne ba tsenya makgoba a le mantsi kafa ba ka kgonang ka teng mo boalong jwa sekepe gore ba tle ba bone madi a mantsi. Basadi le bana ba ne ba letlwa go tsamayatsamaya le mororo seno se ne se ba tsenya mo diphatseng tsa go betelelwa ke badiri ba mo sekepeng.

Moya wa karolo eno e e kwa boalong jwa sekepe o ne o se phepa, o nkga. Equiano o tlhalosa dilo jaana: “Tsela e lefelo la teng le neng le le lennye ka yone le tsela e go neng go le mogote ka teng go akaretsa le palo ya batho ba ba neng ba le mo sekepeng se se neng se tletse mo e bileng go neng go sa kgonege gore motho a ka retologa, go ne go hupetsa tota. Seno se ne se dira gore batho ba fufule thata mo moya wa teng o neng o sa tlhole o siametse go hema ka ntlha ya menkgo e e sa itumediseng, go dira gore makgoba a mangwe a lwale a bontsi jwa one bo neng jwa swa . . . Tsela e basadi ba neng ba lela ka yone le e batho ba ba neng ba swa ba neng ba bokolela ka yone e ne e ama pelo tota.” Bagolegwa ba ne ba tshwanelwa ke go itshokela maemo a a ntseng jalo go fitlha mosepele o o neng o tsaya dikgwedi tse pedi o fela, ka dinako tse dingwe o ne o nna moleele go feta foo.

Mo maemong ao a a seng phepa, ba ne ba tsenwa ke malwetsi a mantsi. Ba ne ba tsenwa thata ke leroborobo la letshololo le sekgwaripana. Batho ba le bantsi ba ne ba swa. Dipego di bolela gore go fitlha ka bo1750, go ne go swa Moafrika a le 1 mo go ba le 5 mo dikepeng. Baswi bao ba ne ba latlhelwa mo lewatleng.

Go Goroga Kwa Dinageng Tsa Amerika

Fa dikepe tsa makgoba di atamela dinaga tsa Amerika, badiri ba mo dikepeng ba ne ba baakanya Baafrika gore ba tle go ba rekisa. Ba ne ba golola magolegwa mo dikeetaneng, ba ba otla ba bo ba ba tlotsa ka oli ya makolane gore ba lebege ba itekanetse le go fitlha dintho le mabadi a bone.

Balaoladikepe ba ne ba rekisa magolegwa ka fantisi, mme ka dinako tse dingwe ba ne ba dira gore “ba lwelwe,” mo go neng go tlhoka moreki go duela madi a a rileng go sale gale. Equiano o kwala jaana: “Fa go sena go dirwa letshwao lengwe, (le le jaaka go letsa moropa) bareki ba ne ba tla ba itlhaganeletse kwa segotlong se makgoba a neng a tsentswe mo go sone go tla go itlhophela a ba a batlang. Modumo o mogolo o bareki ba neng ba o dira ka nako eo le tsela e ba neng ba lebega ba le matlhagatlhaga ka yone di ne di gakatsa khutsafalo ya Baafrika bao ba ba neng ba tshogile thata.”

Equiano o oketsa ka go re: “Ka tsela eo, masika le ditsala di ne di kgaoganngwa kwantle ga go ba akanyetsa mme bontsi jwa bone ba se kitla ba tlhola ba kopana gape.” Mo malapeng ao a neng a nna le lesego la go nna a le mmogo mo dikgweding tse di fetileng tse di tlhobaetsang, nako eo e ne e le e e hutsafatsang go gaisa tsotlhe.

Tiro le go Itewa

Makgoba a Baafrika a ne a dira mo masimong a kofi, reise, motsoko, katuni mme segolobogolo mo go a sukiri. Ba bangwe ba ne ba dira mo meepong. Bangwe e ne e le babetli, bathudi ba tshipi, badiri ba ditšhupanako, ba ditlhobolo le badiri ba mo dikepeng. Ba bangwe e ne e le badiri ba mo gae—batlhanka, baoki, baroki ba diaparo le baapei. Makgoba a ne a tlhagolela masimo, ba aga ditsela le dikago e bile ba epa dikanale.

Lefa makgoba ano a ne a dira tiro e e kalokalo, ba ne ba tsewa e le dithoto fela, mme go ya ka molao beng ba bone ba ne ba na le tshwanelo ya go dira jaaka ba rata ka thoto eo ya bone. Lefa go ntse jalo, makgoba ano a ne a sa tingwe ditshwanelo tsa bone le kgololesego fela. Ba ne ba itewa. Beng ba bone ba ne ba ba berekisa ka go tla ba ba setla. Mme ba ne ba ba setla tota.

Beng bano ba ne ba thibela makgoba go ka tsuologa ka go ba iteela le diphosonyana tse dinnye. Equiano o kwala jaana: “E ne e le selo se se tlwaelegileng [kwa West Indies] gore makgoba a tshwaiwe ka ditlhaka tsa ntlha tsa maina a mong wa one le ka kgoge ya tshipi e e bokete mo thamong ya one. Eleruri ka dinako tse ba neng ba sa dire sepe ka tsone, ba ne ba bofiwa ka dikeetane mme gantsi go dirisiwa le dilo tse dingwe tse di tlhokofatsang. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tswalwa melomo ka ditshipi, ba tlhabiwa ka sekurufu jalo le jalo . . . fa ba dirile diphoso tse di sa reng sepe. Nkile ka bona montsho mongwe a itewa go fitlha a robega marapo fela ka gonne a ne a bedisitse pitsa thata.”

Ka dinako tse dingwe makgoba a ne a tle a tsuologe. Lefa go ntse jalo, gantsi ba ne ba sa atlege mme ba ne ba itewa setlhogo ka tsela e e feteletseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dinaga tsa Yuropa tse di neng di na le seabe se segolo mo kgwebong eo e e neng e dirwa go kgabaganya Atlantic e ne e le Boritane, Denmark, Fora, Netherlands, Portugal le Spain.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Baswi ba ne ba latlhelwa kwa ntle

[Motswedi wa Setshwantsho]

Culver Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ba ne ba tobela makgoba a mantsi kafa ba neng ba ka kgona ka teng mo boalong jwa sekepe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Schomburg Center for Research in Black Culture / The New York Public Library / Astor, Lenox and Tilden Foundations

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela