LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/11 ts. 2-24
  • Go Tsamaya mo Tseleng ya Makgoba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsamaya mo Tseleng ya Makgoba
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Hisitori e Telele, e e Utlwisang Botlhoko
  • Loeto Lwa Dikeledi
  • Kgololesego!
  • Ntwa E e Sa Bolong go Lowa go Fedisa Bokgoba
    Tsogang!—2002
  • Dimilionemilione di Nna Makgoba
    Tsogang!—1995
  • A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?
    Tsogang!—2001
  • Go Gololwa mo Bokgobeng—Bogologolo le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 5/11 ts. 2-24

Go Tsamaya mo Tseleng ya Makgoba

GO TLOGA ka lekgolo la bo17 go ya go la bo19 la dingwaga, toropo ya Ouidah e ne e le lefelo la konokono la kgwebo ya makgoba kwa Afrika Bophirima. Ouidah, e e mo nageng e gone jaanong e bidiwang Repaboliki ya Benin, e ne e le lefelo le mo go lone makgoba a a fetang milione a neng a romelwa kwa dinageng di sele. Gantsi, Baafrika ba ne ba ananya Baafrika ka bone jaaka dithoto gore ba bone dilo tse di jaaka bojalwa, matsela, maseka, dithipa, ditšhaka mme segolobogolo ditlhobolo tse batho ba neng ba di batla thata ka ntlha ya ntwa e e neng e le fa gare ga ditso.

Mo dingwageng tse di fa gare ga tsa bo1500 le tsa bo1800, go fopholediwa gore Baafrika ba ba ka nnang dimilione di le 12 ba ne ba tsewa ka dikepe go ralala lewatle la Atlantic, ba isiwa kwa Dinageng Tsa Kwa Amerika go ya go bereka e le makgoba mo dipolasing le mo meepong. Buka ya American Slavery—1619-1877, ya re, mo e ka nnang diperesente di le 85 tsa makgoba “di ile tsa ya kwa Brazil le kwa dikoloneng tse di farologaneng tsa Caribbean tsa Baboritane, Bafora, Ba-Spain le Ba-Dutch.” Diperesente tse di ka nnang thataro di ne tsa ya kwa dikoloneng tse moragonyana di neng di tla nna karolo ya United States.a

Kwa tshimologong ya mosepele wa bone, makgoba a le mantsi—a bofilwe ka dikeetane, a iteilwe e bile a tshwailwe ka matshwao a a nnelang ruri a a bontshang gore ke makgoba—a ne a tsamaya mo tseleng ya dikilometara di le nnè, tsela e gone jaanong e tlogang kwa Ouidah Museum of History, kago ya phemelo e e agilweng sesha, go ya kwa go se se bidiwang Door of No Return (Kgoro e ka Yone O ka Se Tlholeng o Boela Morago) e e agilweng mo lotshitshing lwa lewatle. Kgoro eno e tshwaya bokhutlo jwa Tsela ya Makgoba. Kgoro eno ke ya tshwantshetso, ga se ya mmatota ka gonne ga se makgoba otlhe a a neng a romelwa kwa dinageng tse dingwe go tswa mo lefelong leno. Ke eng fa bokgoba bo ile jwa tuma thata jaana?

Hisitori e Telele, e e Utlwisang Botlhoko

Bogologolo tala, babusi ba Baafrika ba ne ba rekisetsa bagwebi ba Baarabia batshwarwa ba ntwa. Moragonyana mebuso ya kwa Yuropa e ne ya tsena mo kgwebong ya makgoba, segolobogolo fa e sena go tlhoma dikolone kwa dinageng tsa kwa Amerika. Ka nako eo, dintwa fa gare ga ditso le go tshwarwa ga batho morago ga ntwa, go ne ga dira gore go nne le makgoba a le mantsi, e leng selo se se ileng sa dira gore ntwa e nne kgwebo e e direlang batho ba ba fentseng ntwa le bagwebi ba ba bogagaru madi a mantsi. Mo godimo ga moo, makgoba a ne a bonwa ka go tsewa ka dikgoka kgotsa go tswa mo bagwebing ba Baafrika ba ba neng ba ba reka go tswa mo dinageng tse di mo gare ga Afrika. Mo e ka nnang mongwe le mongwe o ne a ka rekisiwa go nna lekgoba, tota le kgosana e kgosi e neng e sa tlhole e e batla.

Mogwebi mongwe yo o itsegeng e ne e le Francisco Félix de Souza, wa kwa Brazil. Ka 1788, De Souza o ne a laola kago ya phemelo e e neng e le boremelelo jwa kgwebo ya makgoba ya Ouidah, e e neng e le kwa Bight of Benin. Ka nako eo, Ouidah e ne e le ka fa tlase ga taolo ya Puso ya Dahomey. Le fa go ntse jalo, De Souza le Kgosi ya kwa Dahomey e bong Adandozan ba ne ba nna le kgotlhang. Ka jalo, gongwe fa a ntse a le kwa kgolegelong, De Souza o ne a loga maano le monnawe kgosi mme bobedi jwa bone ba mo diga mo pusong ka 1818. Ka tsela eno, kgosi e ntšha e bong Ghezo le De Souza ba ne ba simolola go nna ditsala ka ntlha ya kgwebo mme De Souza o ne a tlhomiwa gore a okamele kgwebo ya makgoba.b

Ghezo o ne a ikemiseditse go atolosa puso ya gagwe mme o ne a tlhoka dibetsa tsa kwa Yuropa go dira jalo. Ka jalo, o ne a tlhoma De Souza go nna moemedi wa kgosi kwa Ouidah gore a thuse go laola kgwebo e e neng e dirwa le Bayuropa. E re ka De Souza a ne a na le taolo e e feletseng mo kgwebong ya makgoba mo karolong eo ya Afrika, o ne a dira madi a mantsi mo kgwebong eno mme kgwebo ya makgoba, e e neng e le gaufi le ntlo ya gagwe, e ne ya nna boremelelo jwa bareki ba dinaga di sele le ba lefelo leo.

Loeto Lwa Dikeledi

Fa motho a etela lefelo leno gompieno, Tsela ya Makgoba ya Ouidah e simolola mo kagong ya phemelo ya Sepotokisi e e agilweng sesha. Kago eno, e la ntlhantlha e neng ya agiwa ka 1721, gompieno ke musiamo o o umakilweng fa godimo. Batshwarwa ba e neng e tla nna makgoba ba ne ba tswalelwa mo kagong e kgolo ya konokono. Bontsi jwa bone ba ne ba tsamaya ka maoto masigo a le mantsi pele ga ba goroga, ba bofeletswe mmogo ka dikeetane. Ke eng fa ba ne ba tsamaisiwa bosigo? Lefifi le ne le dira gore ba se ka ba itse gore ba fa kae le go dira gore go nne thata gore batho ba ba tshabang ba itse tsela ya go boela gae.

Fa setlhopha sa makgoba se sena go goroga, go ne go nna le fantisi e morago ga yone bagwebi ba neng ba tshwaya makgoba a ba a rekileng. Makgoba a a neng a tla romelwa kwa dinageng tsa kwa moseja a ne a isiwa kwa lotshitshing lwa lewatle, kwa a neng a tla tsenngwa mo mekorong kgotsa mo mekorwaneng e e neng e tla a isa kwa dikepeng.

Lefelo le lengwe le le botlhokwa mo Tseleng ya Makgoba ke lefelo le pele le neng le itsege e le Tree of Forgetfulness (Setlhare sa go Lebala). Gompieno, go na le segopodiso mo lefelong le setlhare seo se neng se le gone se makgoba a neng a patelediwa go se dikologa—go bolelwa fa banna ba ne ba se dikologa ka makgetlho a le robongwe mme basadi bone ba se dikologa ka makgetlho a le supa. Ba ne ba bolelelwa gore go dikologa jalo, go tla dira gore ba lebale naga ya bone mme seo se ne se tla thusa gore ba se ka ba tsuologa.

Mo tseleng eno gape go na le segopodiso se se tshwantshetsang matlwana a Zomaï, a a sa tlholeng a le gone. Zomaï e kaya lefifi le le sa feleng le le mo teng ga matlwana ano, le le neng le dira gore batshwarwa ba ba pitlaganeng ba tlwaelane le maemo a a tlhomolang pelo a ba neng ba tla lebana le one mo dikepeng tse ba neng ba tla tsamaya ka tsone. Ee, go ka direga gore ba ne ba tswaletswe mo matlwaneng ano ka dikgwedi di le dintsi fa ba ntse ba letetse dikepe tse di tla ba tsamaisang. Ba ba neng ba swa ka nako eo, ba ne ba latlhelwa mo lebitleng le le lengwe le legolo.

Segopodiso sengwe se se bidiwang Zomachi, se se tshwantshetsang boikwatlhao le tetlanyo, se utlwisa botlhoko thata. Mo go sone, ka January mongwe le mongwe, bana ba makgoba le ba bagwebi ba kopela batho ba ba dirileng tshiamololo eo maitshwarelo.

Lefelo la bofelo mo tseleng eno ya bojanala ke Door of No Return—segopodiso se se tshwantshetsang metsotso ya bofelo ya makgoba mo mmung wa Afrika. Kgoro e kgolo eno ya botseno e na le ditshwantsho tsa mela e mebedi ya Baafrika ba ba bofilweng ka dikeetane ba ba kokoaneng mo lotshitshing lwa lewatle lo lo gaufi mme mo pele ga bone go na le lewatle la Atlantic. Go bolelwa gore mo lefelong leno, batshwarwa bangwe ba ba neng ba tlaletswe ba ne ba ja moshawa gore ba gakologelwe nagagae ya bone. Ba bangwe ba ne ba tlhopha go swa, ba ikgama ka dikeetane tsa bone.

Kgololesego!

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1800, go ne ga dirwa maiteko a magolo a go fedisa bokgoba. Setlhopha sa bofelo sa makgoba a a neng a tswa kwa Ouidah a ya kwa United States se ne sa goroga kwa toropong ya Mobile, kwa Alabama, ka July 1860. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba nna makgoba ka nako e telele, ka gonne puso ya United States e ne ya ntsha Kitsiso ya Semolao ya Kgololesego ka 1863. Kgabagare bokgoba bo ile jwa fela kwa Hemisefereng ya Bophirima ka 1888, fa Brazil e ne e fedisa mokgwa ono.c

Diphelelo tse di bonalang sentle tsa kgwebo ya makgoba ke go anama thata ga Baafrika, go go ileng ga ama thata palo ya baagi le setso mo dinageng di le dintsi tsa Amerika. Diphelelo tse dingwe ke go anama ga voodoo, mofuta mongwe wa bodumedi o o akaretsang maselamose le boloi o o tumileng thata kwa Haiti. Encyclopædia Britannica ya re: “Lefoko voodoo le tswa mo lefokong vodun, le le kayang modimo mongwe kgotsa moya, mo puong ya Ba-Fon ba kwa Benin (e pele e neng e le Dahomey).”

Ka maswabi, mekgwa e e setlhogo ya bokgoba e sa ntse e tswelela le gompieno, le fa gone e sa diriwe ka tsela ya mmatota. Ka sekai, batho ba le dimilione ba bereka ka thata gore ba kgone go tshela mo maemong a a sa itumediseng a ikonomi. Ba bangwe ba goga ka thata kafa tlase ga mebuso ya dipolotiki e e ba gatelelang. (Moreri 8:9) Mme batho ba le dimilione ke batshwarwa ka ntlha ya tumelobotlhodi le dithuto tsa bodumedi tsa maaka. A mebuso ya batho e ka kgona go golola batho ba yone mo mefuteng eo ya bokgoba? Nnyaa. Ke Jehofa Modimo fela yo o ka kgonang go dira jalo mme o tla go dira! Eleruri, Lefoko la gagwe le le kwadilweng, e leng Baebele, le solofetsa gore batho botlhe ba ba sokologelang mo go Jehofa ka go mo obamela go dumalana le boammaaruri jwa Baebele—boammaaruri jo bo gololang batho—ka letsatsi lengwe ba tla itumelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21; Johane 8:32.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Le fa gone makgoba a kwa United States a ne a simolola ka palo e e kwa tlase, a ne a oketsega, segolobogolo ka go bo makgoba ka boone a ne a nna le bana.

b “Ghezo” e kwalwa ka ditsela tse di farologaneng.

c Go tlotliwa ka se Baebele e se bolelang ka bokgoba mo setlhogong se se reng “Kgopolo E e Mo Baebeleng: A Modimo O ne A Mpampetsa go Rekisiwa ga Makgoba?” mo makasineng wa Tsogang! wa September 8, 2001.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  24]

‘MOTHO O LAOTSE MOTHO YO MONGWE GO MO UTLWISA BOTLHOKO’

Batho ba le bantsi ba dumela gore bagwebi ba makgoba ba ne ba gapa batho ka go tlhasela metse ya bone e bile ba tsaya motho ope fela yo ba neng ba mmatla ka dikgoka. Mo potsolotsong ya radio e e neng ya tshwarwa le porofesa ya hisitori ya Baafrika e bong Dr Robert Harms, o ne a bolela gore, le fa seno se ka tswa se ile sa direga, batho ba ba dirang batho ba bangwe makgoba ba ka bo ba ile ba se ka ba tsaya batho ba le bantsi jaana “fa ba ne ba sa dirisane le mokgatlho o mogolo wa babusi ba Baafrika le bagwebi.” Abo go le boammaaruri jang ne gore ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko’!—Moreri 8:9.

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Réunion des Musées Nationaux/Art Resource, NY

[Dimmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Baafrika ba ba ka nnang dimilione di le 12 ba ne ba tsewa ka dikepe go ralala lewatle la Atlantic gore ba ye go dira tiro ya bokgoba

AFRIKA

BENIN

Ouidah

Lobopo Lwa Makgoba

[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Kago eno ya phemelo ya Sepotokisi, e e agilweng ka 1721, gone jaanong ke Ouidah Museum of History

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Gary Cook/Alamy 

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Sefikantswe sa lekgoba le le bofilweng e bile le kabilwe molomo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Door of No Return—segopodiso se se tshwantshetsang metsotso ya bofelo ya makgoba mo mmung wa Afrika

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Danita Delimont/Alamy 

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela