Go Diragalang ka Borremogolo le Bommèmogolo?
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA ITALY
“Ke ne ke sa dumele gore ditlogolwana tsa me di ne di ka nthata go le kana ka gonne ke le rraabonemogolo. Ruri ke mpho—ba pelonomi, ba peloephepa e bile ba dira gore re ratane tota.”—Ettore, rremogolo.
LE MORORO batho bano ba ba umakilweng fa godimo ba ratana thata jalo, gompieno ga se gantsi o ka fitlhelang borremogolo le bommèmogolo, batsadi le ditlogolwana ba utlwana. Go na le gore dikokomana tseno tse tharo di tshedisane sentle, gantsi di nna le dikgotlhang. Go felela ka eng? Go dira gore batsofe, borremogolo le bommèmogolo—ba lelapa ba gantsi e leng bone ba tlhokofadiwang le go tlhokomologiwa bao ba bangwe mo lapeng ba ka yang kwa go bone fa ba na le mathata a madi—ba age ba le nosi ba sa itumela. Wena seemo se ntse jang mo lelapeng la gaeno? A ruri lo anaanela borremogolo le bommèmogolo?
Mo masomeng a dingwaga a sekae a a fetileng go ile ga nna le diphetogo tse dikgolo thata mo loagong mme di ne tsa ama malapa le tsela e dikokomana di tshedisanang ka yone mo go neng ga dira gore botlhogo jwa ga rre bo se ka jwa tlhola bo tsewa tsia. Kwa Yuropa, ke diperesente di le 2 fela tsa batsofe bao ba nnang le bana ba bone. Lefa go ntse jalo, mo dinageng tse di tlhabologileng, palo ya borremogolo le bommèmogolo e ntse e oketsega thata fa e bapisiwa le ya baagi ka kakaretso ka ntlha ya go oketsega ga palogare ya boleele jwa botshelo jwa batho le go fokotsega ga palo ya bana ba ba tsholwang. Kwa Yuropa, palo ya borremogolo le bommèmogolo e dira diperesente di le 26 tsa palo ya baagi ba teng, mme go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya gatisiwa ke European Union, palo eno “e tlile go oketsega.” Asahi Evening News e bolela gore Japane “e ipelafatsa ka ngwao ya teng ya go tlhokomela batsofe ba yone.” Lefa go ntse jalo, go na le mokgwa o o ntseng o anama, segolobogolo mo ditoropokgolong, wa go tlogela borremogolo le bommèmogolo mo dikokelong le mo ditlileniking tse di kgethegileng lefa go sa tlhokege gore ba isiwe kwa dikokelong. Go ya ka lekwalodikgang la Cape Town la The Cape Times, le mono mo Afrika Borwa, moo ka ngwao batsofe ba ntseng ba tseelwa kwa godimo, go simologile tlwaelo e e maswe ya go tlhokomologa batsofe. Pego eno e bolela ka tlhamalalo gore malapa a batla go “ja monate wa botshelo thata kafa a ka kgonang ka teng” e bile a “itsietsa ka go akanya gore, fa fela ba isitse rremogolo kana mmèmogolo kwa legaeng la batsofe, ba a bo ba dirile maikarabelo a bone.”
Lone lekwalodikgang leno le bua ka tiragalo nngwe e mo go yone mmèmogolo mongwe yo o tsofetseng a isitsweng kwa legaeng la batsofe ke bana ba gagwe ba bararo ba “mo solofetsa gore ba tla mo tlamela le go mo etela ka metlha.” Mme go diragalang ka ene? “Kwa tshimologong ba ne ba mo etela letsatsi le letsatsi. Morago ga dibeke di sekae ba ne ba fokotsa go sekae, ba mo etela gararo ka beke. Morago ga moo ya nna gangwe ka beke. Morago ga ngwaga ya nna gabedi kana gararo ka kgwedi, kgabagare ya nna gatlhano kana garataro ka ngwaga mme kwa bofelong ba se ka ba tlhola ba tla.” Mmèmogolo yono o ne a dirang ka malatsi a gagwe a maleele? Pego eno e e utlwisang botlhoko e bolela jaana: “Fensetere ya gagwe e ne e lebagane le setlhare, mme maphoi le dinonyane tse di neng di kotama mo go sone e ne e le tsone ditsala fela tse a neng a na le tsone. O ne a tlhola a di letetse ka tlhoafalo gore di tle kwa go ene jaaka e kete e ne e le ba losika lwa gagwe tota.”
Go ntse fela jalo le mo malapeng a kwa metseng ya magae ka ntlha ya go bo botshelo jwa batho ba Afrika Borwa bo fetotswe gore bo tshwane le jwa dinaga tsa Bophirima, mo go dirang gore batho ba le bantsi ba batle ditiro kwa ditoropokgolong. Kwantle ga diphetogo tsa maemo a loago, mabaka a mangwe a a dirang gore borremogolo le bommèmogolo ba latlhiwe ke go nyelela ga dinonofo tsa go thusa ba bangwe tse di dirang gore go tshelwe ka lorato le boitumelo mo setšhabeng le mo malapeng—tse di jaaka go nna molemo, go tlotla baagisani le lorato lwa mo lapeng—mme go aname moya wa bogagapa, go rata menate ka tsela e e feteletseng, boikgogomoso le botsuolodi. Go ya ka Dikwalo, go senyega jalo ga maitsholo ke sesupo sa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Ka gone, go na le gore bana le ditlogolwana ba tlotle borremogolo le bommèmogolo gonne ba ka ba thusa go nonofa le go itshokela dilo, gantsi ba ba leba e le dikgoreletsi tse dikgolo tse di palelwang ke go itepatepanya le maemo a a fetogang a loago.a
Go sa utlwaneng ga batsofe le basha go ntse go oketsega thata mme go baka dikgotlhang tse dikgolo segolobogolo fa batsofe bano ba nna le ba malapa a bone. Lefa go ntse jalo, borremogolo le bommèmogolo ba ka nna le seabe se se molemo thata! Jalo he, ke mathata afe a magolo a a leng gone fa gare ga borremogolo le bommèmogolo, bana le ditlogolwana a a dirang gore dikokomana tseno di se ka tsa kgona go tshedisana ka lorato? Mme ke eng se borremogolo le bommèmogolo ba ka se dirang gore ba boe gape ba tsewe ba le botlhokwa mo lelapeng?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Re tshwanetse go lemoga gore ka dinako tse dingwe tsela e le nosi fela e e lorato le e e molemo go gaisa e ka nna go isa batsadi ba ba tsofetseng kwa legaeng la tlhokomelo ya batsofe le le nang le badiredi ba porofeshenale ka ntlha ya go koafala tlhaloganyo go go bakwang ke botsofe le mathata a mangwe a a masisi thata a boitekanelo.