Itshireletse mo Malwetseng A a Ka go Tsenang ka Dijo
“KE NE ke sa kgone go tswa mo ntlwaneng ka diura tse 12,” go bolela jalo Becky. “Ke ne ke gadikega tota. Ke ne ka fela metsi mo mmeleng, ke ne ka tshwanela go tshelwa metsi ka tiripi kwa kokelong. Go ne ga tsaya dibeke tse pedi kana tse tharo pele ke nna sentle gape.”
Becky o ne a jele dijo tse di botlhole, bolwetse jo bo go tsenang ka dijo. O ne a falola fela jaaka ba bangwe ba bantsi. Mme ga a lebale se se mo diragaletseng. “Ke ne ke sa itse gore dijo tse di botlhole di ka lwatsa motho jaana,” o bolela jalo.
Ditiragalo tse di tshwanang le tseno, le tse dingwe tse di masisi thata, di tletsetletse ka tsela e e tshwenyang. Dibaketeria, dibaerase, dipharasaete le ditshedinyana tse dinnyennye di ka nna tsa tsenya botlhole mo dijong tsa rona. Le mororo mefuta mengwe ya malwetse a a go tsenang ka dijo a fokotsegile mo dinageng tse di tlhabologileng, mo dingwageng tsa bosheng jaana, makasine wa World Health o bega gore “bolwetse jwa go tshwaediwa ke salemonela le malwetse a mangwe ga bo laolege.”
Ga go itsiwe dintlha tsotlhe kaga ba ba tsenwang ke botlhole jwa dijo ka gonne bontsi ga bo ipege. Dr. Jane Koehler wa U.S. Centers for Disease Control a re: “Re itse go le gonnye thata ka gone.”
Ke eng se se bakang malwetse a a tsenang batho ka dijo? O tla gakgamadiwa ke go itse gore gantsi bothata jono bo simolola le eleng pele dijo di tla go rekisiwa.
Kgogodi ya Temothuo
Mekgwa ya segompieno ya temothuo e dira gore diruiwa di tshelane dibaerase tse di bakang malwetse. Ka sekai, intaseteri ya nama ya kgomo kwa United States e kgobokanyetsa dinamane tse di tswang kwa dipolasing tse di ka nnang 900-000 mo mafelong a palo e e kwa tlase ga lekgolo a di tlhabelwang mo go one. Go di tlhakanya jalo go ka dira gore malwetse a polasi e le nngwe a di tshware tsotlhe.
Mo godimo ga moo, Dr. Edward L. Menning, motsamaisi wa National Association of Federal Veterinarians o bolela gore kwa United States “diperesente di le 30 kana go feta foo tsa dijo tsa diphologolo di tletse ka dibaerase tse di bakang malwetse.” Ka dinako tse dingwe dijo tsa diphologolo di nonotshiwa ka leswe la kwa di bolaelwang teng gore di bone diporoteine tse dintsi—mokgwa ono o ka anamisa salemonela le megare e mengwe. Fa diphologolo di sa newe dibolayadibaketeria tse di lekaneng gore di kgone go gola, megare e ka nonofa ya palela diokobatsi. “Sekai se se molemo sa seno ke salemonela, e e simolotseng go palela dibolayadibaketeria,” go bolela jalo Dr. Robert V. Tauxe wa Centers for Disease Control. “Re akanya gore seno ke ka gonne diphologolo tse di jewang di newa dibolayadibaketeria. Go ka nna ga nna jalo le ka dibaketeria tse dingwe.”
Kwa United States, ke diperesente di sekae fela tsa dikoko tse di tlogang kwa polasing di ya kwa botlhabelong di na le salemonela mo maleng a tsone, mme Nelson Cox, yo o ithutang matshelo a ditshedi tse dinnyennye o bolela gore “di oketsega go nna diperesente di le masomeamabedi go ya go di le masomeamabedi le botlhano mo tseleng.” E re ka di tobelwa di le dintsi mo dihokong tse dinnye, dikoko di ka nna tsa tshwaetsana. Go di bolaya ka lebelo le le kwa godimo le go di bereka ka lebelo go oketsa bodiphatsa jwa seno. “Fa go fediwa ka tsone dikoko tseno di leswe fela jaaka e kete di ne di tsentswe mo teng ga kgamelo ya boithomelo e e leswe,” go bolela jalo Gerald Kuester yo o ithutang ka matshelo a ditshedi tse dinnyennye. “Di ka tswa di tlhatswitswe mme megare e santse e tshela.”
Ka tsela e e tshwanang go bereka nama e ntsi e e farologaneng ka nako e le nngwe le gone go ka nna kotsi. “Go berekwa mekoa ya dijo e megolo thata mo mafelong a segompieno mo e leng gore fa go na le o le mongwe kana e mebedi e e tshwaeditsweng mo dijong tse di gorogang e ka senya ditonetone fa e fediwa,” go bolela jalo The Encyclopedia of Common Diseases. Ka sekai, lenathwana le le lengwe fela la nama ya kgomo e e tshwaetsegileng le ka senya lengatho lengwe le lengwe le le tswang mo tshilong eo. Mo godimo ga moo, dijo tse di berekelwang mo lefelong le le lengwe di bo di romelwa kwa mabenkeleng kana kwa diresetšhurenteng di ka senyega fa di sa tsenngwa mo themperetšheng e e tshwanetseng fa di le mo tseleng.
Ke dijo tse di kana kang tse di a bong di le diphatsa fa di fitlha kwa marekisetsong? “Mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa sengwe le sengwe se se rekisiwang,” go bolela jalo Dr. Menning a bua ka United States. Mme lefa go ntse jalo, o ka nna wa tsaya dikgato tsa go itshireletsa gore o se ka wa tsenwa ke bolwetse ka dijo, ka go bo makasine wa FDA Consumer o bolela gore “diperesente tse 30 tsa malwetse a mofuta oo otlhe di bakiwa ke go sa tshware dijo sentle kwa gae.” O ka tsaya dikgato dife go itshireletsa?
Pele o di Reka . . .
Bala kafa ntle. Go tlhakantswe eng? Nna kelotlhoko thata fa e le gore go dirisitswe mae a a sa apewang, jaaka mo dilong tse di tshelwang mo disalateng kana mayonaese. Mashi le tšhisi di tshwanetse tsa bo di kwadilwe gore di “pasteurized [bedisitswe go bolaya megare].” Tlhokomela ditlhagiso tsa matlha a “sell by [rekisa pele ga]” kana “use by [dirisa pele ga].” Se akanye gore dijo tse go bolelwang gore ga di a tshelwa sepe tsone di siame; di ka nna tsa go tsenya malwetse ao dilo tse di tshelwang mo dijong gore di se ka tsa senyega di ka bong di go sireleditse mo go one.
Sekaseka dijo le dipakete tse di tsentsweng mo go tsone. Fa dijo di sa lebege di le foreshe, o se ka wa di reka. Fa go tla mo tlhaping, fa e le e e feletseng, matlho a yone a tshwanetse a bo a sena dilabe, dinamanyana tse di kafa tlase ga metlhagare di tshwanetse tsa bo di le dikhibidu e bile di sa kotangwa ke sepe, nama ya yone e le thatanyana mme e phatsima, e sa nkge thata e bile e sa nkge bosula. Tlhapi e tshwanetse ya bo e ntse mo godimo ga aese kana mo teng ga foritšhi. Tlhapi e e setseng e apeilwe e ka nna ya tsenwa ke megare ya e e sa apewang fa di bapisitswe. Mo godimo ga moo, mabotlolo le meteme e e dutlang, tse di budulogileng kana di sa nna sentle ka tsela nngwe di ka baka bolwetse jo bo bakiwang ke botulin—botlhole jo bo sa tlwaelegang jo bo bolayang jo bo tlhaselang thulaganyo ya methapo.
Pele o di Ja . . .
Di apeye di bo di butswe. Seno ke tsela e e di gaisang tsotlhe ya go itshireletsa mo go tshwaediweng. “Tsaya fela gore nama nngwe le nngwe e tshwaeditswe, mme o e tshware ka tsela e e tshwanetseng,” go bolela jalo Dr. Cohen. Mae a tshwanetse go apewa go fitlha tlae e serolwana le e tshweu e le thata, e se metsi. E re ka dibakateria di kgona go gola mo dithemperetšheng tse di fa gare ga didikirii tsa Celsius di le 4 le 60, nama e tshwanetse go apewa gore bolelo jwa yone fa gare bo fitlhe go didikirii tsa Celsius di le 71 mme jwa nama ya koko jone bo tshwanetse go fitlha go didikirii tsa Celsius di le 82.
Itlwaetse go nna phepa fa o apaya. Tlhatswa dijana tsotlhe sentle fa o sena go di dirisa. Le mororo bangwe ba bolela gore magong a go segelwang mo go one a ka fitlha dibaketeria, patlisiso e nngwe e bolela gore a botoka go na le dilo tsa dipolasetiki.a Lefa o ka tswa o segela mo mofuteng ofe fela, o tshwanetse wa e tlhatswa ka sesepa le metsi a a bolelo. Bangwe ba akantsha gore o dirise le jiki. Tlhapa diatla fa o sena go tshwara nama e e sa apewang le ya dikoko, ka go bo sepe fela se o ka se tshwarang se tla tsenwa ke megare.
Ela nako tlhoko. Tlisa korosari gae ka bonako. Mo godimo ga moo, “o se ka wa tlogela sepe se le kwa ntle ga foritšhi diura tse di fetang tse pedi se ka tswa se apeilwe kana nnyaa,” go bolela jalo Gail A. Levey, moitse wa thutodikotla. “Fa themperetšha ya kafa ntle e feta didikirii tse 90 [32° C.], fokotsa nako eo ka ura,” o oketsa jalo.
Pele o di Boloka . . .
Di tsenye mo dijaneng tse di lekaneng. Kgaoganyetsa dijo tse di molelo mo dijaneng tse dinnye gore di kgone go fola ka bonako fa di le mo foritšhing. Dira gore di se ka tsa pitlagana gore di tlhajwe ke phefo gore themperetšha ya foritšhi kana forisara e se ka ya tlhatlogela kwa godimo. Dijana tsotlhe di khurumelwe gore dijo tse dingwe di se ka tsa tsenya tse dingwe megare.
Nna o sekaseka foritšhi. Themperetšha tsa forisara ga e tshwanela go nna kwa godimo ga didikirii tsa Celsius di le -18 mme ya foritšhi ga e a tshwanela go nna kwa tlase ga didikirii tsa Celsius di le 4. Le mororo nama le dikoko di ka kgona go nna dikgwedi tse dintsi mo forisareng, fa di le mo foritšhing gone di ka simolola go senyega mo malatsing a sekae fela. Mae a tshwanetse go dirisiwa mo lobakeng lwa dibeke tse tharo. Gore a se ka a phanyega le gore a bone botsididi jo bo lekaneng, go botoka fa a tlogetswe mo bokosaneng ya one a bo a bewa mo karolong e kgolo ya foritšhi go na le gore a bewe mo thereing e e mo lebating kafa teng, ke lengwe la mafelo a a bolelo thata mo foritšhing.
Lefa o ka latela ditlhagiso tsotlhe tse di fa godimo, fa dijo di lebega di belaetsa kana di nkga, di latlhe! Le mororo malwetse a a tlang ka dijo a ka go tsena a bo a fola fela go sa direga sepe, mo makgetlong a mangwe—segolobogolo mo baneng, batsofe le ba mebele ya bone e sa kgoneng go lwa le megare—a ka baka loso.b
Modimo o ne wa bolelela Noa jaana dimileniamo tse dintsi tse di fetileng: “Diphologolo tsotlhe, dinonyane le ditlhapi, . . . ke di lo naya go nna dijo.” (Genesise 9:2, 3, Today’s English Version) Go bolaya goo go dirwang ka bontsi le go berekela dinama tseo mo lefelong le le lengwe mmogo le go di anamisa go tswa mo lefelong le le lengwe go ka dira gore go akgelwe ka mafoko a a seng monate ka mafoko ao. Ka gone, dira seabe sa gago jaaka modirisi. Nna kelotlhoko fa o reka, o apaya kana o boloka dijo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa go ka diragala gore o tsenngwe bolwetse ke dijo, robala mme o nwe diedi tse dintsi tse di jaaka dino tsa maungo, sopo kana senotsididi se se ntshitsweng asiti. Fa o nna le mathata a methapo kana letshoroma, o tsewa ke sedidi, o tlhatsa, mantle a gago a na le madi kana o na le ditlhabi tse di botlhoko tse di ganang go fola kana fa e le gore o motho yo o bokoa, go ka nna molemo gore o ye go bona ngaka.
b Bona Tsogang! (ya Seesemane) ya December 8, 1993, tsebe 28.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Fa o ja Kwa Lefelong Lengwe o se Kwa Gae
Dipikiniki. Dirisa khulara e e ntseng sentle e e tletseng aese. Go ka nna molemo go e baya kafa go nnang batho teng e seng mo butung. Kwa pikiniking, khulara eno e tshwanetse go bewa mo moriting e bile e tswetswe. Kgaoganya dijo tse di sa apewang le tse di apeilweng. Ga go molemo go apaya dijo go se nene kwa gae o bo o feleletsa go di apaya moragonyana ka gonne dibaketeria di a oketsega fa dijo di sa butswa.
Diresetšhurente. “Tila diresetšhurente tse di lebegang di se phepa,” go tlhagisa jalo Dr. Jonathan Edlow. “Fa lefelo la bojelo le lebega le le leswe, boapeelo le jone bo tshwanetse jwa bo bo ntse jalo.” Busa dijo dipe fela tse di neng di “tshwanetse go nna bolelo” mme di se bolelo kana tse di sa butswang. Nama ya koko le fa e le pinki go le gonnye fela ga e a tshwanela go jewa. Mae a a gadikilweng a tshwanetse a bo a budule mo matlhakoreng otlhe. “Fa tlae ya lee e elela, e kotsi thata,” go tlhagisa jalo FDA Consumer.
Borekisetso jwa disalate. E re ka ba tlhakanya dijo tse di sa apeweng ka selekanyo se se tshwanang le tse di sa bolokiweng mo foritšhing ka selekanyo se se tshwanang, marekisetso a disalate a dira se makasine wa Newsweek o se bitsang “botshamekelo jwa megare.” Tlhatlhoba gore a borekisetso jwa disalate bo phepa mme o tlhomamise gore a dijo tse di tshwanetseng go nna di gatsetse di mo godimo ga aese. Lefa marekisetso a disalate a tlhokometswe sentle, megare e ka tswa mo go le lengwe ya ya mo go le lengwe. Go ntse fela jaaka Michael Pariza, moithuti wa megare a ne a bolela jaana: “Ga o itse gore leswana le le wetseng mo teng le ne le tshwerwe ke mang la bofelo.”
Dikokoano tsa go itlosa bodutu. Dr. Edlow o akantsha gore fa dijo di itsholelwa, yo o laleditseng batho o tshwanetse go “baya dijo di le dinnye mo tafoleng a bo a nna a tlatsa dijana tseo gangwe le gangwe go tswa kwa foritšhing kana kwa setofong go na le gore dijo di nne lobaka lo loleele mo tafoleng.” Boloka dijo tse di tsididi kafa tlase ga didikirii tsa Celsius di le 4. mme tse di molelo kwa godimo ga didikirii tsa Celsius di le 60. Nama e e apeetsweng go tla go jewa moragonyana e tshwanetse ya tsenngwa mo foritšhing ka bonako mme e nne moo go fitlha e tsamaisiwa. Dijo di tshwanetse go gotediwa gape pele di jewa.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fa di lebega di se foreshe, se di reke
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
A kitshi ya resetšhurente e o jelang mo go yone e phepa?