Tsela ya Seafrika le ya Seamerika—Bokoneya go Tsamaya ka Ngwana
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA
GO NA le ditsela tse di farologaneng tse batho mo lefatsheng lotlhe ba di dirisang go tsamaya le bana. Tsela ya Amerika Bokone e farologana tota le ya Seafrika.
Maemo a ikonomi a dinaga tse pedi tseno a farologana thata. Ka jalo, re ka lebelela gore le mekgwa ya teng ya go tsaya mesepele ga e kitla e tshwana. Sa ntlha, mma re sekasekeng kafa batho ba kwa Amerika Bokone ba dirang seno ka teng.
Tsela ya Kwa Amerika Bokone
Kwa United States le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, mokgwa o o tlwaelegileng thata ke wa go dirisa dikolotsana tsa bana tse di nang le maotwana a mane kana diporema. Mme bosheng jaana di ile tsa dirwa gore di nne motlhofo go dirisiwa, di lebege sentle le go tshwanela masea sentle. Bontsi jwa tsone di na le mesamonyana, khai e e kgonang go tlhatswiwa le ditulo tse di tsholetsegileng.
Diporema tseno di dira gore lesea le robale sentle, le itapolose, le ikhutsise dinao tse di botlhoko. Mo leseeng le le otselang, porema e tshwana le bolao jo bo nang le maotwana. Gantsi porema e kuruetsa le go ritibatsa ngwana yo o khidiegang.
Diporema di ka tlhofofaletsa le batsadi. Motsadi mongwe o ne a re: “E botoka go gaisa go ya kwa le kwa o kukile ngwana.” Go motlhofo go tsamaya o kukile ngwana fa a santse a le monnye mme fa bokete jwa mmele bo simolola go oketsega gabedi kana gararo go nna bokete. Mo godimo ga moo, batsadi ba a itumela fa ngwana wa bone a babalesegile a le mo kolotsaneng e ba kgonang go e laola.
Kwa United States go elwa tlhoko thata gore diporema di dirwe gore di se ka tsa nna kotsi. Di dirwa gore di nne sephara le fa bonnong go nne kwa tlase gore di se ka tsa menoga motlhofo. Mariki a teng a dirwa thata gore ngwana a se ka a a funolola fa a le mo teng ga porema. Di tsenngwa dilloko gore di se ka tsa itswala ka phoso. Go elwa tlhoko gore di se ka tsa nna le “dilo tse di tlapisang”—tse di ka tlapisang menwananyana ya ngwana. Go na le lebanta le le bofelelang ngwana mo bonnong le le mo sireletsang.
Diporema di ka ja $20 (R70) go ya go madi a a ka fetang ao ga robedi kana ga lesome. Nngwe ya modiro o o manobonobo thata e e jang $300 (R1 000) e na le seroto se segolo, letsela le le manobonobo mo teng, kwa ntle ga e tsenye metsi, e na le maotwana a a tsamaelang dintlheng tsotlhe, e menega ka bonako e bile ga e bokete. “Kolotsana ya batabogi,” e e kgethegileng e e kgontshang mama kana papa go kgorometsa ngwana a ntse a siana, e ka ja $380 (R1 380).
Tsela ya Seafrika
Mo Afrika le kwa dinageng tse dintsi tsa Asia, bomme ba bantsi ba belega bana ba bone ka tsela e bommaabone ba neng ba ba belega ka yone. “Go belega ngwana,” jaaka Baafrika ba le bantsi ba go bitsa, ga go je madi a mantsi kana go motlhofo. Selo se se tlhokegang fela ke kojwana e e thata e e nang le dikhutlo tse nnè e e bidiwang tjale. Mmè o inama go sekae fela, a bo a pega lesea mo mokwatleng a bo a le apesa ka kojwana a e bofelela mo go bone.
A masea ga a ke a wa fa a ntse a bofiwa jalo? Seno ga se gantsi se direga. Fa mmè a bofa lesea, o le tshegetsa ka letsogo le lengwe mme a bo a bofa kojwana ka le lengwe. Mosadi mongwe wa kwa Nigeria yo o bidiwang Blessing o ne a bua jaana ka bana ba ba godileng go sekae: “Bana ga ba go gane; ba a itshwarelela. Ba rata go nna mo mekwatleng ya bommaabone. Ka dinako tse dingwe ba lelela go belegwa. Mme fa ngwana a raga a sa batle go belegwa, mmè o tlapisa letsogo le lengwe kana oomabedi mo magwafeng a gagwe go fitlha a mmofa sentle ka kojwana.”
Bommè ba tshegetsa dithamo tsa masea a mannye thata ka kojwana ya bobedi e ba e bofelelang fela jaaka ya ntlha. Bana ba bannye thata kana ba ba robetseng ba tshegediwa thata ka go phuthelwa matsogo. Bana ba ba godileng go sekae ba rata fa matsogo a bone a akgega.
Bommè ba Baafrika ba belega bana ba bone lobaka lo lo kana kang? Mo nakong e e fetileng, merafe mengwe e e jaaka Bayoruba ba kwa Nigeria, e ne e belega bana go fitlha ba nna dingwaga tse tharo. Gompieno bana ba belegwa go fitlha ba nna dingwaga tse pedi kwa ntle ga fa mmè a ka tshola ngwana yo mongwe pele ga foo.
Ngwana o ya gongwe le gongwe kwa mmè a yang teng—fa a tlhatloga ditepise kana a di fologa, a tsamaya mo tseleng e e tletseng maje le fa a tsena mo koloing kana a tswa mo go yone. Kwa ntle ga gore go belega ngwana go a thusa e bile ga go je madi a mantsi, gape go a mo ritibatsa e leng se se tlhokwang ke maikutlo a gagwe thata. Fa ngwana a lela mmaagwe o a mmelega; ngwana o a robala mmè a bo a tswelela ka tiro ya gagwe.
Fa ngwana a belegololwa gore a robadiwe mo bolaong go tlhoka gore motho a mo neneketse tota ka gonne bana ba bantsi ga ba rate go tshwenngwa fa ba robetse. Mmè o dira jalo ka go rapama ka kelotlhoko a bo a bofolola kojwana ka go e neneketsa a bo a mo apesa ka yone. Ka dinako tse dingwe o baya mosamo fa pele ga ngwana gore a itheye a re o santse a belegwe.
Go belega ngwana go na le melemo e mengwe. Go dira gore mmè a kgone go lemoga dilo tse ngwana a di tlhokang. O kgona go utlwa fa ngwana a le bokoanyana, a khidiega, a gotetse thata kana a le metsi. Go belega ngwana gape go na le melemo e e tsayang lobaka lo loleele. Buka ya Growth and Development e bolela jaana: “Go kgomana thata jalo ka mmele go dira gore mmè le ngwana ba ratane thata mo go tla dirang gore ba tsalane thata mo dingwageng tsa moragonyana. Selo se go tweng ke sone se se botlhokwa se se tla dirang gore ba ratane jalo ke sa gore ngwana o kgona go utlwa modumo wa go itaya ga pelo ya ga mmè fela jaaka a ne a tlhola a o utlwa fa a santse a le mo popelong.”
Bana ba rata go tlamparelwa thata go ba go newang fa ba belegwe. Mo Afrika o bona bana ba ba itumetseng mo mekwatleng ya bommaabone gongwe le gongwe. Bangwe go dira gore ba thulamele ka iketlo. Ba bangwe ba tshameka ka moriri, ditsebe kana sebaga sa ga mama. Ba bangwe bone ba opaopela go dumalana le modumo wa dinao tsa bommaabo.
Ee, tsela ya go tsamaya le bana ya Seafrika e farologana thata le ya kwa Amerika Bokone. Lefa go ntse jalo, nngwe le nngwe e tshwanela setso sa yone e bile e dira boikaelelo jwa yone sentle.