Go Batla Thuto e e Siameng
THUTO e e siameng e thusa bana gore ba kgone go atlega mo botshelong jwa gompieno. E dira gore ba itse ditiro, go akaretsa le go itse go bala le go kwala sentle le go dira dipalo. Mo godimo ga moo, e ama tsela e ba dirisanang le ba bangwe ka yone e bile e gatelela mo go bone gore ba itshole sentle.
Lefa go ntse jalo, ka gonne metlha eno e le e e botlhoko go nna bokete tota go ruta ka tsela e e ntseng jalo. Morutisi mongwe wa sekolo yo a sa bolong go ruta kwa Australia o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Ditlelase di tletse ka bana ba ba ratang thubakanyo, ba ba buang puo e e leswe ya matlhapa; bana ba ba lapileng ka ntlha ya go sa robale ba lebile thelebishene; bana ba ba sa fepiweng ka dijo tse di nang le dikotla kana ba ba bolawang ke tlala; le bana ba ba godileng ba sa kgalemiwe.” E bile barutisi ba tla go bolelela jaana: “Ga o kake wa kgona go ruta bana ba diganana.”
Albert Shanker, poresidente wa American Federation of Teachers, o ne a tlhalosa bothata jwa barutisi jaana: “Ba patelesega go ruta ka diokobatsi le bojalwa, tlhakanelodikobo, . . . go ruta baithuti go itlotla, go leka go bona ba e leng maloko a digopa, . . . le dilo tse dingwe fela tse dintsi. Ba dira sengwe le sengwe go na le go ka bo ba ruta thuto ya mmatota. . . . Ba lebeletswe go dira dilo tse di ka bong di dirwa ke baithutaloago, bommè, borre, bagakolodi ba tsa botsogo, mapodise, bagakolodi ba tsa dikotla, badiri ba kalafi, bomaitseanape ba kalafi.”
Ke eng fa go lebeletswe gore barutisi ba dire dilo tseno? Tshobokanyo ya seemo sa tlelase nngwe mo toropong nngwe e kgolo kwa bokonebotlhaba jwa United States e supa lebaka la seno. The New York Times e ne ya bega se se boletsweng ke moitse mongwe malebana le palogare ya baithuti ba tlelase nngwe ba ba 23. O ne a bolela gore “ba le 8 go ya go ba le 15 ba ne ba tshelela mo lehumeng; ba le 3 ba tshotswe ke bommè ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi; ba le 15 ba mo lelapeng la motsadi yo o nosi.”
Go bonala sentle gore malapa a ntse a a kgaogana. Kwa United States, ngwana a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 3 ba ba tsalwang, o tsalwa ke mmè yo o sa nyalwang mme lenyalo le le 1 mo go mangwe le mangwe a le 2 le felela ka tlhalo. Lefa go ntse jalo diperesente tsa bana ba ba tsalwang ke bommè ba ba sa nyalwang kwa Denmark, Fora, Great Britain le Sweden e kwa godimo ga eo. Go dirwa eng go lwa le bothata jono jo seemo seno se bo bakang kwa dikolong?
Go Senka Tharabololo
Go ile ga tlhomiwa dikolo tse di farologaneng go lekeletsa kana go dira sengwe se se farologaneng. Gantsi di dinnye—di dira gore bana ba kgone go kaelwa thata—e bile bontsi jwa tsone bo itirela thulaganyo ya tsone ya dithuto gore di kgone go ba thusa kafa ba tlhokang ka teng. Kwa New York City, go ile ga bulwa dikolo tse di ntseng jalo di le 48 go tloga ka 1993 e bile go rulaganyediwa tse dingwe gape tse 50. “Thubakanyo e e diragalang kwa [dikolong] ke yone e dirileng gore go lekelediwe dilo tseno,” go ne ga bolela jalo The New York Times. Ka 1992, kwa Russia go ne go setse go tlhomilwe dikolo tse di fetang 500 tse di sa tshwaneng le tse di tlwaelegileng mme di ne di na le baithuti ba ba fetang 333 000.
Kafa letlhakoreng le lengwe, The Toronto Star e ne ya bega jaana: “Diketekete di isa bana kwa dikolong tse di kgethegileng tsa poraefete.” Kwa perofensing ya Canada ya Ontario fela, go na le bana ba ba ka tshwarang 75 000 ba ba tsenang dikolo tsa poraefete. Jaanong di fitlhelwa le kwa Russia yotlhe mme makasine wa China Today o bolela gore kwa China di tlhogile ka bonako jaaka “matlhogela a setlhare sa bamboo morago ga pula ya dikgakologo.” The Handbook of Private Schools e ntsha manaane a mahala a a nang le dikolo tse di ntseng jalo di ka nna 1700 kwa United States koo madi a teng ka ngwaga a ka tshwarang $20 000 (R72 500) kana go feta.
Batsadi ba bangwe bone ba ithutela bana ba bone kwa gae. Kwa United States fela, go fopholediwa gore palo ya ba ba ithutelang kwa gae e tlhatlogile go tloga ka 15 000 ka 1970 go fitlha go ba ba ka nnang milione o le mongwe ka 1995.
Matswela a a Farologaneng
Matswela a a bonwang ke ditsamaiso tsa thuto mo lefatsheng ga a tshwane. Ka July 1993, Shanker o ne a bolelela setlhopha sa barutisi ba kwa United States jaana: “Dinaga tse dingwe di na le dikolo e bile di bona matswela a a gaisang a rona thata.” Go tshwantsha, o ne a bolela gore o kopane le banyalani bangwe ba ba tswang kwa Russia ba ba fudugetseng kwa United States. O ne a anela jaana: “Ba ne ba bolela gore le mororo ba tsenya ngwana wa bone kwa sekolong sa poraefete se se siameng thata, ngwana yono wa bone yo o mo mophatong wa borataro o ne a rutiwa dilo tse a di dirileng mo mophatong wa ntlha kwa nageng e ba neng ba tswa kwa go yone.”
Koo e neng e le Soviet Union pele go dirilwe thulaganyo ya sekolo e e neng ya ruta mo e ka nnang batho botlhe ba yone go bala le go kwala. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ya ka phopholetso nngwe ya Lephata la Thuto la United States, dimilione di le 27 tsa Baamerika ga di itse go bala matshwao a seterata kana nomoro ya bese. Canberra Times ya Australia e ne ya bolela gore “mo e ka nnang diperesente tse 25 tsa bana ba sekolo sa poraemari ba ne ba fetela kwa go se segolo ba sa itse go bala le go kwala.”
Mathata a a mo dikolong jaanong a mo e ka nnang gongwe le gongwe. Buka ya 1994 ya Education and Society in the New Russia e bolela gore “diperesente di le 72,6 tsa barutisi ba ba neng ba botsolodiwa ba Soviet di ne tsa dumela gore thulaganyo ya sekolo e ne e na le mathata a a masisi thata.” Go ya ka Tanya, yo a sa bolong go nna morutisi kwa Moscow, selo se segolo se se bakang bothata ke gore “batsadi le baithuti ka bobone ga ba tseele thuto kwa godimo.” Ka sekai, o ne a bolela gore “morutisi o amogela madi a a ka nnang halofo ya a a bonwang ke mokgweetsi fela wa bese—kana a mannye go feta foo.”
Thuto e e Siameng e a Tlhokega
Jaaka fa dilo di ntse di raraanela pele mo setšhabeng, go ntse go nna botlhokwa thata gore motho a rutege ka tsela e e tshwanetseng. Mo mafelong a mantsi thutego e e letlang motho gore a kgone go bona tiro e e tla mo tlamelang le lelapa le a tla nnang nalo mo isagweng e ntse e ya kwa godimo. Ka gone, ba ba kgonneng go ithutela ditiro ba tla kgona go bona ditiro tse di botoka. Bahiri ba amegile thata ka se e leng sone se se botlhokwa thata—gore mokopatiro o tla kgona go dira tiro sentle go le kana kang.
Mookamedi wa ofisi ya tirelo ya ditiro o ne a bolela jaana ka baalogi ba bantsi ba dikolo tse dikgolo: “Ga ba a rutiwa go bereka.” O ne a oketsa jaana: “Bahiri ba bantsi ba tlhola ba mpolelela ka bothata jwa gore ba fitlhela basha ba sa itse go bala le go kwala sentle. Ga ba kgone go tlatsa foromo ya go kopa tiro.”
Ruri batsadi ba batla gore bana ba bone ba rutiwe sentle mme basha le bone ka botlhale ba a e batla. Mme go botlhokwa thata gore ba dirise didirisiwa tse di tlhokegang. Didirisiwa tseno ke eng, mme di ka dirisiwa jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Kwa Russia, “morutisi o bona halofo ya madi a a bonwang ke mokgweetsi fela wa bese”