LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 2/8 ts. 19-22
  • Se Big Bang e se Tlhalosang—Se E sa Se Tlhaloseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Big Bang e se Tlhalosang—Se E sa Se Tlhaloseng
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Big Bang e di “Tlhalosang”
  • Dipotso Tse Big Bang E sa Di Arabeng
  • “Re Tlola Dilo Dingwe Tse di Botlhokwa Thata”
  • Lobopo Lwa Rona lo lo Gakgamatsang—A lo Itlhagetse Fela?
    Tsogang!—2000
  • ‘Sengwe se a Tlhaela’—Ke Eng?
    Tsogang!—1996
  • Lobopo lo Tletse ka Dilo Tse di Gakgamatsang
    Tsogang!—2009
  • Go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 2/8 ts. 19-22

Lobopo lo lo Gakgamatsang

Se Big Bang e se Tlhalosang—Se E sa Se Tlhaloseng

MOSO mongwe le mongwe o jesa kgakge. Mo garegare ga pelo ya letsatsi la mo mosong, gase ya haeterojene e nyerologela mo go ya heliamo ka mogote o o boitshegang wa didikirii di le dimilionemilione. Marang a X ray le a gamma ray a biloga ka maatla a a boitshegang a tswa mo karolong e e fa gare ya letsatsi a tshologela mo dikarolong tse dingwe tse di le dikologileng. Fa letsatsi le ka bo le ne le bonaletsa, marang ano a ne a ka bo a gasegela kwa boalong jwa letsatsi ka ponyo ya leitlho fela. Go na le moo, a simolola pele ka go thula diatomo tse di farologaneng tse di kitlaneng tsa letsatsi tse di ntseng jaaka “dithibedi” mme a fokotsega bogale ka iketlo. Go tla feta malatsi, dibeke le makgolokgolo a dingwaga. Kgabagare, morago ga diketekete tsa dingwaga, marang ao a a kileng a bo a le kotsi thata a tswa mo boalong jwa letsatsi e le lesedi le le serolwana le le ritibetseng—le sa tlhole le le diphatsa, go na le moo, le siametse go ka thuthafatsa lefatshe ka mogote wa lone.

Bosigo bongwe le bongwe le jone bo jesa kgakge. Masedi a mangwe a nyedima go re dikologa go ralala phuthologo yotlhe ya losagaripa lwa rona. A na le mebalabala e e farologaneng, bogolo, themperetšha le bokete jo bo sa tshwaneng. Mangwe ke a a boitshegang ka bogolo mo e leng gore fa lengwe la one le ne le ka bo le ikgarile mo letsatsi la rona le tshwanetseng go nna gone, polanete eno ya rona e ne e tla sala e le mo teng ga boalo jwa naledi e e kgolo thata. Masedi a mangwe one a mannye, ke ditshanenyana tse dinnye thata mo lefatsheng, lefa go ntse jalo, bokete jwa tsone bo lekana le jwa letsatsi. Mangwe a one a ka fetsa dimilione di le diketekete tsa dingwaga a ritibetse fela. A mangwe one a ka thunya mme fa a ntse a dira jalo a bo a phatsimisa losagaripa lotlhe ka nakwana pele ga a nyelela.

Batho ba bogologolo tala ba ne ba lo tlhalosa ka go lo tshwantshanya le dilo tse di jaaka dilalome tsa lewatle le medimo e e lwang, dikgogela le dikgarubane le ditlou, ditšhešhe tsa mashoma le medimo e e lorang. Moragonyana, mo go se go tweng ke Motlha wa go Akanya, go ne ga se ka ga tlhola go buiwa ka medimo eno mme jaanong ga buiwa ka “boitseanape” jo bo sa tswang go ribololwa jwa khalekulase le melao ya tlholego ya ga Newton. Jaanong re tshela mo motlheng o mo go one go sa tlholeng go dumelwa dikinane le ditlhamane tsa bogologolo. Batho ba gompieno ba motlha ono wa atomiki ba itlhophetse go dumela gore tlhago e nnile gone, e seng ka ntlha ya selalome sa lewatle se batho ba bogologolo ba neng ba se dumela, e seng “motšhine” wa ga Newton, mme ba dumela thuto e e tumileng thata mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga—bomo. Ba re dilo di “bopegile” fa go ne go thunya sengwe. Ba bitsa selo seo se ba reng se ne sa thunya ba re ke big bang.

Dilo Tse Big Bang e di “Tlhalosang”

.Tsela e e tumileng thata e kokomana eno e tlhalosang popo ka yone ke ya gore dingwaga di le dimilione di le dikete tse 15 go ya go tse 20 tse di fetileng, lobopo lo ne lo seyo, lefaufau le lone le ne le seyo. Go ne go sena nako, go sena sepesepe fela—selo se le sengwe fela se se neng se le gone e ne e le selonyana se se nnyennye se se neng sa thunya sa bo se fetoga lobopo lo lo leng teng gompieno. Go thunya goo go ne ga tsaya lobaka lo lokhutshwane thata lo lo tseileng sephatlo sa motsotswana fela, fa karolo ya ntlha ya lobopo e ne e phuthologa ka lobelo lo logolo thata lo lo fetang lwa lesedi.

Mo metsotsong ya ntlha e sekae ya big bang, go ne ga biloga kgabo ya nuklea mo lobopong lotlhe e e neng ya nna selekanyo sa gone jaanong sa gase ya haeterojene le ya heliamo mme gape bobotlana ya nna karolo ya gase ya lithiamo mo loaping lwa dinaledi. Morago ga gongwe dingwaga di le 300-000, mogote wa kgabo eo ya molelo e e neng e aname le lobopo lotlhe, o ne wa fokotsega go sekae mo themperetšheng ya boalo jwa letsatsi mo go neng ga dira gore diileketerone di ikgare mo dikarolong tse di dikologileng diatomo di bo di tlhagisa tlhasenyana ya lesedi. Gompieno re ka kgona go lekanya mogote wa tlhase eo ya ntlhantlha le mororo gone jaanong o fokotsegile thata, e le marang a a tlhomameng a lobopo lotlhe a a tabogang ka lobelo lwa microwave lo lo lekanang le themperetšha ya 2,7 Kelvin.a Tota e bile, selo se se neng sa dira gore borasaense ba le bantsi ba tlhatswege pelo gore thuto eno ya big bang e boammaaruri, ke fa go ne go lemogwa marang ano a a tlhomameng ka 1964-65. Gape gatwe thuto eno e kgona go tlhalosa lebaka la go bo lobopo lo lebega lo phuthologela mo dintlhaneng tsotlhe, ka masagaripa a a anamelang kgakalakgakala a gongwe a re katogang e bile a katogana ka boone ka lobelo lo logolo.

E re ka go lebega thuto eno ya big bang e tlhalosa dilo di le dintsi jaana, ke eng fa re e belaela? Ka gonne gape go na le dilo di le dintsi tse e sa di tlhaloseng. Go tshwantsha: Moithutadinaledi wa bogologolo e bong Ptolemy o ne a ruta gore letsatsi le dipolanete di dikologa lefatshe di le mo ditshekeleding tse dikgolo tse gape le tsone di nang le ditshekeledi tse dinnye tse di bidiwang di-epicycle. Go ne go lebega fa thuto eo e tlhalosa lebaka la go bo dipolanete di dikologa. Go ne ga feta makgolokgolo a dingwaga baithutalobopo ba ba dumelang thuto ya ga Ptolemy ba ntse ba oketsa tlhaloso ka di-epicycle mo godimo ga tse dingwe e bile ba oketsa “tlhaloso” ka tshedimosetso e ntšha ka nako e baithutadinaledi ba neng ba kgobokanya tshedimosetso e e oketsegileng ka yone. Mme seo se ne se sa kaye gore thuto eo e ne e le boammaaruri. Kgabagare ke fa go setse go na le tshedimosetso e ntsi e e tlhalosang dilo le dithuto tse dingwe, tse di jaaka kgopolo ya ga Copernicus ya gore lefatshe le dikologa letsatsi e e neng ya tlhalosa dilo botoka le ka tsela e e motlhofo. Gompieno ke ka sewelo o ka fitlhelang go santse go na le moithutadinaledi yo o dumelang thuto ya ga Ptolemy!

Porofesa Fred Hoyle o ne a tshwantshanya maiteko a gompieno a dirwang ke batho ba ba dumelang thuto ya big bang a go leka go tshegetsa thuto eno ya bone le a baithutalobopo ba ba dumelang thuto ya ga Ptolemy ba neng ba a dira go leka go mametlelela thuto ya bone e e neng e nyelela. O ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Intelligent Universe: “Maiteko a magolo a babatlisisi ba a dirileng e nnile fela go bipa dilo tse thuto ya big bang e ikganetsang mo go tsone, go tlhama thuto eno e e raraaneng le e go leng thata go e tlhaloganya.” Morago ga go umaka tsela e e neng ya se ka ya thusa sepe e Ptolemy a neng a dirisa di-epicycle ka yone go leka go namola thuto ya gagwe, Hoyle o ne a tswelela ka go re: “Ke bua ke sena pelaelo gore ka ntlha ya seno, thuto ya big bang le yone e reketla fela jalo. Jaaka ke ile ka tlhalosa pelenyana, fa tsela e mabaka a tlhalosiwang ka yone e thulana la thuto e e rileng, ditiragalo di bontsha gore thuto eo ga e kitla e atlega.”—Tsebe 186.

Makasine wa New Scientist wa December 22/29, 1990, le one o ne wa tlhagisa kgopolo e e ntseng jalo: “Mokgwa o thuto ya ga Ptolemy e neng e tlhalosa dilo ka one o tshwana fela le . . . tsela e baithutalobopo ba tlhalosang big bang ka yone.” Morago ga moo o ne wa botsa jaana: “Re ka kgona jang go gatela pele mo fisikising ya diatomo le mo thutalobopong? . . . Re tshwanetse go ikanyega e bile re se ka ra fitlha sepe fa re tlhalosa dilo dingwe tse re di tseelang kwa godimo tse re sa tlhomamisegeng ka tsone.” Go na le dilo tse dintsi tse disha tse di ribololwang.

Dipotso Tse Big Bang E sa Di Arabeng

Kgwetlho e kgolo e thuto ya big bang e lebaneng le yone e tswa mo babatlisising ba ba neng ba dirisa didirisiwa tse di tshwanelang tsa Hubble Space Telescope go lekanya sekgala se se fa gare ga masagaripa a mangwe. Tshedimosetso eo e ntšha e tsenya batho ba ba dumelang thuto eno tsebetsebe!

Wendy Freedman wa moithutadinaledi le ba bangwe bosheng jaana ba ne ba dirisa Hubble Space Telescope go lekanya sekgala sa go ya kwa losagaripeng lo lo kwa karolong ya naledi ya Virgo mme sekgala se a ileng a se lekanya se supa gore lobopo lo phuthologa ka lebelo le legolo, ka jalo, lo losha go feta ka tsela e go neng go akanngwa ka yone pele. Tota e bile, go “supa fa dingwaga tsa lobopo di ka nna tsa bo di le dimilione di le dikete tse robedi fela,” go ne ga bega jalo makasine wa Scientific American ngogola fela jaana ka June. Le mororo dingwaga di le dimilione di le dikete tse robedi di ka lebega e le lobaka lo loleele, ke halofo fela ya tse gone jaanong go akanngwang gore lobopo lo na le tsone. Seno se baka bothata ka gonne, jaaka fa pego e tswelela ka go tlhalosa, “tshedimosetso e nngwe e supa gore bobotlana dinaledi tse dingwe di na le dingwaga di le dimilione di le dikete tse 14.” Fa e le gore dipalo tseno tsa ga Freedman di boammaaruri, go raya gore dinaledi tseo tse di sa bolong go nna gone di nnile teng pele ga big bang ka boyone!

Go ntse go le jalo, bothata jo bongwe jo big bang e lebaneng le jone bo tswa mo bosuping jo bontsi jo bo ntseng bo tlhaga jwa gore go na le “dipudula” mo lobopong tse di leng bogolo jwa dingwagasedi di le dimilione di le 100, masagaripa a tswetse kwa ntle mme dikgampu tseno tsone di mo teng. Margaret Geller, John Huchra le batho ba bangwe ba kwa Harvard-Smithsonian Center for Astrophysics ba ile ba ribolola se ba se bitsang lebota le legolo la masagaripa le le boleele jwa dingwagasedi tse di dimilione di le 500 go ralala loapi lwa kwa bokone. Setlhopha se sengwe sa baithutadinaledi se se neng sa itsege ka Seven Samurai, se ile sa lemoga bosupi jwa gore go na le motswako mongwe o o sa tlwaelegang mo lobopong o ba neng ba o bitsa Great Attractor, o o fitlhelwang gaufi le karolo e e kwa borwa ya dinaledi tsa Hydra le Centaurus. Marc Postman le Tod Lauer ba e leng baithutadinaledi ba dumela gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se segolo go feta seo se se ikgarileng ka kwa ga karolo ya naledi ya Orion mo go dirang gore makgolokgolo a masagaripa, go akaretsa le la rona, a tlhomagane go ya kwa ntlheng ya teng jaaka e kete ke moelela wa metsi mo “nokeng e e mo lefaufaung.”

Dilo tseo tsotlhe di tsenya tsebetsebe. Baithutalobopo ba re go thunya ga big bang go ile ga direga ka manontlhotlho thata le ka tsela e e tshwanang go ya ka marang a a tlhomameng a e ileng ya a tlhagisa. Go tla jang gore tsela eo e e manontlhotlho ya kwa tshimologong e bo e dirile gore go nne le dilo tse dikgolo jaana le tse di raraaneng? Scientific American e dumalana gore: “Mabota a magolo a masagaripa le dikgogedi tse di sa tswang go ribololwa di dira gore masaitseweng ano a raraanele go ya pele a gore go tlile jang gore dilo tse dintsi jalo di direge mo dingwageng tsa lobopo tse di dikete di le dimilione di le 15,”—kgang eno e raraana le eleng go gaisa jaaka fa Freedman le ba bangwe ba ntse ba fokotsa dingwaga tse go fopholediwang gore lobopo lo na le tsone.

“Re Tlola Dilo Dingwe Tse di Botlhokwa Thata”

Dimmapa tsa ga Geller tse di nang le dintlhana tse tharo tsa diketekete tsa masomosomo a metswako ya masagaripa e e logaganeng le e e bilogang di dirile gore borasaense ba fetole tsela e ba lebang lobopo ka yone. Ga a dire gore go nne jaaka e kete o tlhaloganya se a se bonang. Go bonala fa maatla a kgogedi ka boone a dira gore go nne thata gore a tlhalose mabota a magolo ao a masagaripa. O dumela jaana: “Gantsi ke na le go dumela gore re tlola dilo dingwe tse di botlhokwa thata fa re ntse re leka go tlhaloganya popego eno.”

Geller o ne a oketsa dipelaelo tsa gagwe jaana: “Go phepafetse gore ga re tlhaloganye sentle gore re tshwanetse go tlhalosa popego e kgolo eno jang gore e dumalane le Big Bang.” Tsela e go tlhalosiwang popego ya lobopo ka yone go ya ka dimmapa tsa gone jaanong tsa loapi ga e tlhalose dintlha ka botlalo—go tshwana fela le fa re leka go tlhalosa dilo tsa lefatshe lotlhe ka go dirisa fela tshedimosetso ya kwa Rhode Island, kwa U.S.A. Geller o ne a tswelela jaana: “Letsatsi lengwe re ka nna ra iphitlhela e le gore re ntse re sa tlhalose tshedimosetso sentle, mme fa go ka direga jalo, go bonala sentle gore re tla ipotsa gore ke eng fa re ile ra se ka ra lemoga seo pelenyana ga foo.”

Seno se re lebisa kwa potsong e e botlhokwa go gaisa tsotlhe: Ke eng se se ka tswang se bakile big bang ka boyone? Andrei Linde yo e leng mokwadi wa maemo a a kwa godimo e bile e le mongwe wa batho ba ba neng ba tlhama tlhaloso nngwe e e tumileng thata ya thuto eno ya big bang, o ne a dumela a sa fitlhe sepe gore thuto eno ga e arabe potso eno e e botlhokwatlhokwa. A re: “Bothata jwa ntlha le jo bogolo bo amana le go nna gone ga big bang ka boyone. Motho a ka nna a ipotsa gore, Go tlile eng pele ga yone? Fa e le gore go ne go sena sepesepe ka nako eo, go ka tla jang gore dilo tseno tsotlhe di tlhage mo go senang sepe teng? . . . Baithutalobopo ba motlha wa gompieno ba santse ba lebanwe ke kgwetlho e e opisang tlhogo ya go tlhalosa gore—selonyana seo se se nnyennye sa kwa tshimologong—se ne se le fa kae le gore se nnile teng leng.”

Bosheng jaana setlhogo sengwe sa makasine wa Discover se ne sa konela ka gore “ga go na moithutalobopo ope yo o akanyang sentle yo o ka bolelang gore Big Bang ke thuto e e tlhalosang dilo ka botlalo.”

Mma jaanong re tsweleng kwa ntle mme re akanye ka bontle le masaitseweng a magodimo a a tletseng dinaledi.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kelvin ke selekanyo sa themperetšha se dikirii ya sone e lekanang le dikirii ya selekanyo sa themperetšha ya Celsius kwantle fela ga gore selekanyo sa Kelvin sone se simolola ka lefela, ke gore, 0 K.—e e lekanang le didikirii tsa Celsius di le -273,16. Metsi a swa dikgapetla fa a le botsididi jwa 273,16 K. mme a bela fa a le mogote wa 373,16 K.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Ngwagasedi—Selo Se Go Lekanngwang Lobopo Ka Sone

Lobopo lo logolo thata mo e leng gore go lo lekanya ka dimmaele kana kilometara go tshwana le go lekanya sekgala sa go tloga kwa Lontone go ya Tokyo o dirisa micrometer (sedirisiwa se sennye se go lekanngwang bogolo jwa dilonyana tse dinnye ka sone). Selo se se botoka se go lekanngwang ka sone ke ngwagasedi, sekgala se lesedi le se tsamayang mo ngwageng, kgotsa, mo e ka nnang dikilometara di le 9460 000 000 000. E re ka lesedi e le lone selo se se lebelo go gaisa tsotlhe mo lobopong e bile le tsaya metsotswana e le 1,3 fela go ya kwa ngweding le mo e ka nnang metsotso e le 8 fela go ya kwa letsatsing, go bonala ngwagasedi e le selekanyo se segolo thata!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela