Botsogo le Tikologo
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Nigeria
Ngwaga le ngwaga go dikologa lefatshe go swa batho ba le dimilione tse 49. Mo e ka nnang diperesente tse 75 tsa dintsho tseno ke tsa batho ba ba tlhokafalang pele ga nako, mo go bakiwang ke tikologo e e leswe le mekgwa ya go tshela e e seng phepa, go ya ka pego ya World Health Organization (WHO). Tlhokomela dikai tse dingwe:
◼ Kankere e bolaya batho ba le dimilione tse tlhano ngwaga le ngwaga. WHO e bega gore bontsi jwa yone “bo bakwa ka tlhamalalo ke go bo go goga motsoko go ile ga oketsega mo dingwageng tse 30 tse di fetileng.”
◼ Malwetse a letshololo, a a bolayang bana ba ba fetang dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga, gantsi a bakwa ke dijo le metsi a a seng phepa, mmogo le go tlhoka mokgwa o o siameng wa go latlha leswe le matlakala.
◼ Thiibi, mmolai wa batho ba le dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga, e ntsifala mo maemong a go leng lehuma le a batho ba pitlaganeng mo go one, segolobogolo fa go senang mokgwa o o siameng wa go latlha leswe le matlakala.
◼ Malwetse a go hema, segolobogolo nyumonia, a bolaya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano ba le dimilione tse tharo le sephatlo ngwaga le ngwaga. Bontsi jwa bone ke ba ba nnang mo ditoropong ba e leng gore ba hema moya o o kgotletsweng thata.
Kwantle ga dintsho tseno, ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione di le 2500—mo e ka nnang halofo ya batho ba ba mo lefatsheng—ba tshwarwa ke malwetse a a bakwang ke go bo ba sa nwe metsi a a lekaneng kgotsa ba nwa a a kgotletsweng e bile go sena thulaganyo e e siameng ya go latlha leswe le matlakala. Mo godimo ga moo, WHO e bolela gore bosheng jaana dilo tse di tshwenyang batho jaaka pula ya asiti, boalo jwa ozone jo bo senyegileng le go gotela ga atemosefere ke tsone tse di koafatsang botsogo jwa batho ba bantsi. Ka kakaretso, pego ya WHO e ne ya bolela gore, batho ba ba fetang dimilione di le dikete tse pedi ba tshela mo ditikologong tse di kotsi mo matshelong kgotsa mo botsogong jwa bone.
Dr. Hiroshi Nakajima, mokaedimogolo wa WHO, o tlhagisa jaana: “Fa re sa tseye kgato gone jaanong, masetlapelo a Lefatshe le banni ba lone a tla nna maswe ka tsela e e ka se kang ya itshokelwa, e bile le tla nna le tikologo e e ka se kang ya tlhola e kgona go ba tlamela ka tsela epe.”
Baebele e solofetsa gore go tla nna le nako e ‘monni wa gone a se ketlang a re: “Ke a bobola.”’ (Isaia 33:24) Seno se tla nna jaana, e seng ka matsapa a batho, mme ka Bogosi jwa Modimo, jo bo tla fedisang malwetse le se se a bakang.—Tshenolo 21:3, 4.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]
Godo-Foto