Tikologo—Kafa e Amang Botsogo Jwa Gago ka Teng
BOSHENG jaana, Dr. Walter Reed wa World Resources Institute o ne a bolelela UN Radio gore tsela e motho a amang dithulaganyo tsa tikologo mo lefatsheng lotlhe ka teng jaanong e setse e le mo seemong seo motho a “senyang medikologo eno thata.” Dr. Reed o bolela gore go senya tikologo ka tsela eno, gape go tsenya botsogo jwa batho mo lefatsheng lotlhe mo kotsing. Mo setlhogong se se neng se tlhatlhoba buka ya World Resources 1998-99, makasine wa Our Planet, o o gatisitsweng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, o neela dilo dingwe tse di bayang botsogo jwa batho mo kotsing. Gareng ga tsone ke tse di latelang:
□ Kgotlelo ya mowa mo matlong le kwa ntle go bonala e le yone e bakileng malwetse a go hema a a bolayang mo e ka nnang dimilione di le nnè tsa bana ngwaga le ngwaga.
□ Go tlhaela ga metsi a a phepa le go sa tlose leswe go na le seabe mo go anameng ga malwetse a letshololo a a bolayang bana ba le dimilione di le tharo ngwaga le ngwaga. Ka sekai, kholera e e sa bolong go nyelediwa kwa Latin America, e ne ya ipoa kgatsu mme ya bolaya batho ba le 11 000 ka 1997 fela.
Go begilwe fa bana ba ba fetang 30 000 ba kwa dinageng tse di humanegileng thata mo lefatsheng ba swa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya malwetse a a amanang le tikologo. A o ko o leke go akanya ka seno—batho ba le 30 000 letsatsi lengwe le lengwe mo ngwageng, palo e kgolo thata go ka tlatsa ditulo tsotlhe tsa di-jumbo jet di ka nna 75!
Le fa go ntse jalo, mathata a tikologo a a kotsi mo botsogong jwa motho ga a felele fela mo dinageng tse di tlhabologang. Our Planet e bontsha gore “batho ba ba fetang dimilione di le 100 kwa Yuropa le kwa Amerika Bokone ba sa ntse ba hema mowa o o kotsi,” e leng sone se se dirang gore bolwetse jwa asema bo aname jaana. Mo godimo ga moo, maeto a bojanala le a kgwebo a boditšhabatšhaba a a ntseng a oketsega a bakile gore go nne le malwetse a le 30 a masha a a tshwaetsanang mo dinageng tse di tlhabologileng. Mo godimo ga moo, makasine ono o begile gore malwetse a pele a neng a kgona go laolwa “a boile gape mme a tla a le bogale go feta pele.”
Bomadimabe ke gore bontsi jwa malwetse ano a a amanang le tikologo a ka thibelwa ka boranyane jwa saense jo bo leng teng gone jaanong e bile e le ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Ka sekai, diphetogo tsa botlhokwa mo botsogong di ka fitlhelelwa ka go neela batho botlhe metsi a a phepa le ka go tlosa leswe le go thibela malwetse. Go tla tlhokega madi a a kana kang go fitlhelela seno? UN Radio e bega gore go ya ka Human Development Report 1998 ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, go tlamela mongwe le mongwe ka metsi a a phepa le go tlosa leswe le malwetse go tla ja diranta di le dimilione di le 68 500—e leng madi a a kwa tlase thata go na le a Bayuropa ba a dirisetsang go reka aesekerimi ka ngwaga!
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]
Photo: Casas, Godo-Foto