A o Ipaakanyeditse Malatsi a Boikhutso?
SELEMO se gaufi le go goroga kwa Hemisefereng ya Bokone. Mo bogautshwaneng, dimilione tsa batho koo di tla bo di ya kwa malatsing a boikhutso. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore motho o tshwanetse go ya malatsing a boikhutso mo pakeng ya selemo fela. Kgwebo ya bojanala e ile ya nna selo se segolo se se tsayang ngwaga otlhe, e bile e tlisa diranta di le dimilione di le diketekete ngwaga le ngwaga. Le mororo bayaboikhutsong ba le bantsi ba etela mafelo a a mo teng ga dinaga tsa bone thata, jaanong batho ka bontsi ba etela le dinaga tse di kwantle, selo se pele se neng se kgonwa fela ke batho ba ba humileng.
Nako ya malatsi a boikhutso e bahiri ba e nayang babereki ba bone ga e tshwane go ya ka dinaga tse di farologaneng. Ka 1979, e ne e le diperesente di le 2 fela tsa babereki ba kwa Jeremane tse di neng di bona malatsi a boikhutso a a ka tshwarang dibeke tse thataro, mme gone jaanong ke ba le bantsi ba ba a bonang. Palogare ya malatsi a boikhutso a a bonwang ke babereki ba madirelo kwa Yuropa Bophirima jaanong e feta dibeke tse tlhano.
Malatsi a Boikhutso a ka Solegela Molemo
Malatsi a boikhutso mo nakong e e fetileng a ne a sa nna jaaka fa re a itse gompieno. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Tlwaelo e e leng teng gone jaanong ya go nna le malatsi a boikhutso . . . e tserwe mo khalentareng ya bodumedi ya Roma wa bogologolo ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Malatsi a a ka fetang 100 ka ngwaga e ne e le malatsi a mekete a a neng e beetswe kwa thoko a medimo le medimo ya sesadi e e farologaneng ya Baroma. Mo malatsing a e neng e le a mekete e e boitshepo, mme jalo e le malatsi a a boitshepo, batho ba ne ba ikhutsa mo ditirong tsa bone tsa gale le gale tsa malatsi otlhe. Malatsi a a neng a sa tsewe a le boitshepo a ne a bidiwa dies vacantes, ke gore, malatsi a a senang sepe, ao batho ba neng ba bereka mo go one.” Go na le gore a bo a le malatsi a tiro, “malatsi a a se nang sepe” a mo metlheng ya jaanong ke malatsi a go ikhutsa.
Batho ba Jeremane ba rata go bitsa malatsi a boikhutso ba re ke “dibeke tse di molemo thata mo ngwageng.” Lefa go ntse jalo, batho ba ba sa rateng go nna fela ba sa bereke, ba ka nna ba tsaya gore “malatsi a a se nang sepe” ruri ke a a se nang sepe tota, ke a ba sa direng sepe se se mosola ka one. Mme seno ruri ke boikutlo jwa go feteletsa dilo. Fa motho a na le pono e e lekalekaneng, o tla batla gore ka dinako tse dingwe a etle a kgaogana le ditiro tsa gagwe tsa ka metlha, a ya go dira sengwe se sele, e bile e le se se lapolosang.
Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ka 1991 ya baetapele ba kgwebo ba kwa Yuropa, e ne ya tiisetsa gore malatsi a boikhutso a na le mosola mongwe, ba le 78 mo go ba le 100 ba bone ba ne ba bolela gore malatsi a boikhutso “ruri a botlhokwa mo go thuseng motho gore a se ka a tsenwa ke letsapa le legolo.” Palo e e tletseng ya dikwatara tse tharo e ne e ikutlwa gore malatsi a boikhutso a ne a kgona go tokafatsa tsela e ba dirang tiro ya bone ka yone, mme ba ba ka fetang bobedi mo borarong ba ne ba bolela gore malatsi a boikhutso a ne a tokafatsa kgono ya bone ya go akanyetsa dilo. Ka mafoko a a botlhale, diperesente tse 64 tsa basadi le diperesente tse 41 tsa banna di ne tsa dumalana le polelo e e reng: “Ruri ke ka tlhakana tlhogo fa ke ka se tseye malatsi a boikhutso ka metlha.”
Go Tsaya Loeto, ke Thuto ka Bogone
Ngaka ya Moesemane e bile e le mokwadi, e bong Thomas Fuller, wa lekgolo la bo17 la dingwaga, o ne a kwala jaana: “Yo o tsayang loeto thata o nna le kitso e ntsi.” Go tsaya loeto go thusa motho gore a tlwaelane le batho ba mafelo a mangwe, gore a itse ka mekgwa ya bone le ditsela tsa bone tsa go tshela. Dinaga tse batho ba tsone ba tshelang ka selekanyo sa maemo a a kwa tlase go na le sa rona, di ka re ruta gore re lebogele se re nang le sone mme e bile di ka re thusa gore re nne kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba seng sego jaaka rona.
Fa re batla jalo, maeto a re a tsamayang a ka baakanya megopolo ya rona e e phoso le go tlosa mo go rona maikutlo a go leba dilo ka leitlho le le maswe re sena bosupi. Go ka re thusa gore rona ka borona re ithute go sekaenyana puo e ntšha, re leke dijo tse gongwe di ka re natefelang, kana re oketse ditshwantsho tse di mo alebamong ya rona, diselaete tse re nang natso, kana dibidio tse re nang le tsone tse di tshwantshitseng dilo tse dintle tsa dipopo tsa Modimo.
Ee gone, re tshwanetse go dira mo go oketsegileng go na le go tsaya loeto fela, gore re tle re solegelwe molemo thatathata. Ga go na sepe se se kalokalo se mojanala a ka se ithutang fa e ka re a sena go tsaya loeto lo loleeleleele go dikologa lefatshe, a bo a nnela go tlhola le bajanalakaene mo hoteleng—bontsi jwa bone e le batho ba naga ya gabone—a tlhola a nnetse go shapa mo lekadibaneng la hotele le bone kana mo lotshitshing lwa lewatle, a ja tsone dijo tse a tlholang a di ja kwa a tswang teng. A bo go tlhomola pelo jang ne! Dipego dingwe di tlhalosa gore, go bonala fa bajanala ba le bantsi ba sa kgatlhegele dinaga tse ba di etelang thata mmogo le batho ba tsone.
Go Ipaakanya Sentle
Samuel Johnson, mokwadi wa dipolelo le mmoki wa lekgolo la bo18 la dingwaga wa Moesemane, o ne a bolela gore monna yo o tsenang mo loetong, “o tshwanetse go tsamaya a tshotse kitso, fa a batla go tla a bapetse kitso.” Jalo he, fa o ka bona sebaka sa go tsaya loeto, ipaakanyetse loeto lwa gago. O bale gore o tle o itse gore go ntse jang kwa o yang teng pele ga o tsamaya. Dira thulaganyo ya gore ke eng se o batlang go se bona, o bo o fetse mogopolo gore ke eng se o batlang go se dira. Go tswa foo o bo o ipaakanyetsa kafa tshwanelong. Ka sekai, fa o batla go gwanta fa thoko ga lotshitshi kana go palama dithaba, tsaya ditlhako le diaparo tse di tshwanetseng.
O se ka wa leka go subelela dilo di le dintsi mo thulaganyong ya gago mme ka go dira jalo, o bo o ya kwa malatsing a boikhutso o ikimeditse ka mokgweleo wa letsatsi le letsatsi. Sadisa nako e ntsi ya dilo tse o tla di dirang tse o sa di rulaganyetsang. Melemo e mengwe e motho a e bonang ka ntlha ya malatsi a boikhutso ke go nna le nako ya go akanya le go tlhatlhanya kwantle ga go gatelelwa ke thulaganyo e e pitlaganeng, o ikutlwa gore ga o a pitlaganngwa le go thibelwa ke go tshela o alotse nako.
Malatsi a boikhutso a a ka kgotsofatsang motho thata a ka nna a akaretsa le eleng tiro e e bokete. Selo sa konokono se se dirang gore malatsi a boikhutso e nne a a molemo thata ke fa motho a dira sengwe se a sa tlwaelang go se dira. Ka sekai, mokgatlho mongwe o o sa boneng dipoelo tsa kgwebo kwa United States o o bidiwang Volunteer Vacations o dira dithulaganyo tsa gore baithaopi ba dirise malatsi a bone a boikhutso mo go baakanyeng diparaka kana dikgwa. Moithaopi mongwe o ne a tlhalosa gore o ne a bereka tiro e e bokete thata, lefa go ntse jalo o ne a e itumelela tota mo a neng a bona gore a mpe a boe gape le mo ngwageng o o latelang.
Basupi ba ga Jehofa gantsi ba dirisa malatsi a bone a boikhutso mo go yeng kwa dikopanong tsa Bokeresete kana go ya go tsweledisa pele bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa. Bangwe ba dirisa nako ya bone ya malatsi a boikhutso gore ba ipelele go dira kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kana kwa lekaleng la bone mo nageng e ba leng mo go yone ba bo ba itumelela tiro eo. Morago ga moo, bontsi bo tle bo kwale makwalo a go lebogela go bo ba ile ba bona tshiamelo eno e e molemo.
Ee, malatsi a boikhutso a ka itumedisa fela thata, le e leng go nna dibeke tse di molemo thata mo ngwageng. Ga go gakgamatse go bo bana ba nnela go bala malatsi a a setseng go fitlha a goroga! Lefa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng go itisa mo go tsone. Setlhogo se se latelang se tla di tlhalosa.