Itumelele Malatsi a Boikhutso Kwantle ga go Ikwatlhaya!
MOAMERIKA mongwe yo jaanong a nnang kwa Yuropa, e ne ya re fa a bodiwa gore o itumeletse loeto lwa gagwe jang kwa lefelong lengwe le le itsegeng la boikhutso, o ne a re: “Le tshwanetse la bo le ne le le lentle pele ga batho ba tla.” A le wena o kile wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang le eo? Ga se gore mongwe le mongwe o itumelela go ya malatsing a boikhutso kwa hoteleng e e bapileng le didisiko, lotshitshi lwa lewatle lo lo tletsetletseng ka batho e bile lo kgotletswe, le modumo o mogolo wa diradio tse di buletsweng kwa godimo.
Se se swabisang ke gore, malatsi a boikhutso ga a ke a nna monate jaaka motho a ne a solofetse. Go na le gore a re tlogele re lapologetswe, a re tlogela re remegile ditokololo; go na le gore a re tiise moko, ka dinako tse dingwe a re tlogela re koafetse mo mmeleng. Ka jalo, potso eno e a tshwanela. Re ka itumelela malatsi a boikhutso jang kwantle ga go a ikwatlhaela?
Nna Tekatekano
Fela jaaka ditswaiso mo dijong tsa rona, malatsi a boikhutso a nna le mosola o montsi fa a dirisiwa ka tsela e e lekanetseng. Le mororo botshelo jwa batho ba ba tlholang ba jele nala bo ka bonala bo eletsega, ga bo tekatekano e bile ga bo tlise boitumelo jwa boammaaruri.
Motho o tshwanetse go bontsha tekatekano fa a dirisa madi segolobogolo fa a le mo malatsing a boikhutso. Dira dithulaganyo tse di tshwanetseng pele ga o tsamaya, o bo o leke go se dirise madi a a fetang a o neng o a beetse kwa thoko go a dirisa. O se ka wa dumela fa borakgwebo ba mesepele ba go kgothaletsa go reka dilo ka theko e e kgethegileng ba go kgothaletsa gore “o itumele gone jaanong, mme o duele moragonyana.”
Mme gape, o se ka wa akanya thata kaga dikotsi tse di ka go tlhagelang mo o tla retelelwang ke go bona phuthologo le kgololesego e motho a tshwanetseng go e bona fa a le mo malatsing a boikhutso. Mo godimo ga moo, go nna tekatekano go raya gape gore re lemoge sengwe se se diphatsa thata se se ka dirang gore re ikwatlhaele malatsi a rona a boikhutso fa re akanya ka one. Ga se amane ka gope le dikotsi, bolwetse, kana bokebekwa mme, go na le moo, ke kamano e re nang le yone le ba bangwe.
Go Nna le Dikamano Tse di Molemo
Fa re le mo malatsing a boikhutso le ba lelapa la rona kana le ditsala, seo se ka dira gore sebofo sa rona sa lorato se nonofe. Kafa letlhakoreng le lengwe, malatsi a boikhutso a ka baka dikgotlhang tseo moragonyana go ka nnang thata go di baakanya fa gare ga rona le ba re amanang le bone. Mokwaladikgang Lance Morrow o ne a re: “Kotsi e kgolo mo malatsing a boikhutso ke go bo a kgona go sobokanya dikgotlhang tsa mo lelapeng le go di dira namane e tona ya kgang. . . . Batho ka tlwaelo fela ba na le mebereko ya bone, ditiro, ditsala le botshelo jwa gale le gale tse di ritibatsang le go kgwabofatsa maikutlo a bone. Fa lelapa le le mo malatsing a boikhutso a selemo, dikgotlhang tsa lone tse di sa leng di tlogetswe ka dingwaga tse 20 di ka nna tsa tsoga gape ka tsela e e boitshegang.”
Jalo he, pele ga o ya kwa malatsing a boikhutso, leka ka bojotlhe gore o a dire a a itumedisang thata. O gakologelwe gore batho ga ba rate dilo tse di tshwanang. Bana bone ba ka tswa ba kgatlhegela go ya go bona dilo tse ba sa di tlwaelang fa batsadi bone gongwe ba rata fela go nna mo boiketlong. Ikemisetse go latlhegelwa ke dilo dingwe tse o ratang go di dira le go ya kwa o batlang go ya teng. Fa maemo a dumela e bile go ka kgonega, dumalanang gore mongwe le mongwe a etle a fiwa sebaka sa gore a ye go dira se se mo kgatlhang fela a le nosi. Ithute go supa dinonofo tsa moya wa Modimo letsatsi le letsatsi go ralala ngwaga otlhe fela, mme e bile mo malatsing a boikhutso seno se tshwanetse go tswelela se ntse fela jalo.—Bagalatia 5:22, 23.
Le mororo go le botlhokwa gore rona le ba lelapa la rona le ditsala re nne le kamano e e molemo, kamano ya rona le Modimo e botlhokwa le go feta tseo. Fa re le mo malatsing a boikhutso gantsi re kopana le batho ba ba senang pono ya Bokeresete ka Modimo jaaka rona le ka melao ya gagwe. Fa motho a ka ikopanya thata le bone—kana le e leng go ya kgapetsakgapetsa kwa mafelong a go nang le boitlosobodutu jo bo sa siamang mo go one—motho o ka diragalelwa ke dilo tse a tla di ikwatlhaelang. Gakologelwa gore Baebele e tlhagisa ka gore: “Lo se ka lwa tsietsega: ‘Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.’”—1 Bakorinthe 15:33.
Fa e ka re o le mo malatsing a boikhutso, wa bo o lemoga gore o na le keletso nngwe ya gore o furalele melao le ditiro tsa Bokeresete, lwantsha bokoa joo, o bo o kope gore Modimo a go thuse gore o fenye keletso eo!
Ke Eng se se Rotloediwang?
Batho ba ba sa laoleng matshelo a bone go ya ka melaometheo ya Bokeresete ba ka nna ba ikutlwa gore fa ba le mo malatsing a boikhutso, ba ka dira sengwe le sengwe se ba se ratang. Mo dinageng dingwe tsa kwa Asia, bojanala jwa tlhakanelodikobo ke namane e tona ya kgwebo, mme bagwebi bangwe ba tsa mesepele e bile ba a bo rotloetsa. The European e ne ya tlhalosa gore ‘dilo tse di ferosang sebete tse banna bangwe ba kwa Yuropa ba di dirang mo mafelong a bajanala mo metsemegolong mengwe ya Asia, di sa le di itsiwe ke mongwe le mongwe.’ Fa e ne e bua ka naga nngwe ya Asia, makasine nngwe ya kwa Jeremane e bong Der Spiegel e ne ya fopholetsa gore diperesente tse di ka tshwarang 70 tsa banna botlhe ba ba etileng, ke “bajanala ba tsa tlhakanelodikobo.”
Bajanala ba basadi le bone jaanong ba itatlhela mo go se se dirwang ke ba banna ka go tshwana. Khampane nngwe ya difofane ya Jeremane e e itebagantseng le mesepele ya difofane ya Caribbean e fopholetsa gore diperesente tse 30 tsa bapalami ba basadi ba ya kwa malatsing a boikhutso koo ka maikaelelo fela a tlhakanelodikobo e e sa siamang. The European e ne ya nopola mokwaladikgang mongwe wa kwa Jeremane a re: “Ba bona seo e le tsela fela e e motlhofo le e e sa raraanang ya go ijesa monate—motshameko o o tshamekelwang go sele.”
Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba lebe tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e le go ijesa monate fela mo go seng phoso. Ke go tlola melaometheo ya Bokeresete e bile e kotsi thata. Le mororo batho ba le bantsi ba itse gore e na le mathata, ba le bantsi ba leka go tila ditlamorago tse di sa siamang fela, go na le go gana tlwaelo eo. Seno se supega mo papatsong nngwe e e fitlhelwang mo dipampiring tsa dikgang tsa kwa Jeremane, e e supang dikhukhu tse pedi le ditilo tse pedi tse di sa nniwang ke ope tsa go ikhutsa fa lewatleng. Mafoko a yone a re: “Tsamaya sentle, mme o boe o se na AIDS.”
Matswela a mangwe a a sa siamang a a bakilweng ke bojanala jwa tlhakanelodikobo ke go sotla bana ka tsela ya tlhakanelodikobo. Ka ntlha ya seno, ka 1993, puso ya Jeremane e ne ya ntsha molao wa go otlhaya Bajeremane fa ba ka fitlhelwa ba le molato wa go tlhakanela dikobo le bana—le e leng fa ba ka tswa ba le mo malatsing a boikhutso kwa dinageng di sele. Lefa go ntse jalo, go tla go fitlha jaanong, ga go a thusa go le kalo. Go dira boaka le bana e santse e le selo se se botlhoko se se tlhasetseng batho.
Dira Gore Malatsi a Boikhutso a Nne Mosola
Go bala Baebele, go e ithuta, le go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete, ke ditiro tse di itumedisang le tse di mosola mo Bakereseteng ba boammaaruri. Lefa go ntse jalo batho ba le bantsi ba fitlhela gore ga ba kgone go bona nako e e lekaneng ya go dira dilo tseno ka selekanyo se ba se batlang. Fa motho a le mo malatsing a boikhutso, go se na dilo tse di jang nako ya gagwe thata, a eno e ka se nne nako e e botoka thata ya gore a dire dilo tseno?
Gone ke boammaaruri gore, malatsi a boikhutso a a kgotsofatsang a ka nna a se go dumelele gore o dire ditiro tsa gago tsa Bokeresete ka selekanyo se o se tlwaetseng. Mme ke eng o sa leke go beela nako kwa thoko ya gore o dire ditiro dingwe tsa semoya tse di nang le mosola? Seno se santse se tla go tlogelela nako ya gore o kgone go ikhutsa. Ee, bangwe e bile ba leka gore ba dirise nako e e oketsegileng e ba e bonang ka nako ya malatsi a boikhutso gore ba oketse bodiredi jwa bone. Ke fela jaaka Jesu a ne re, “go itumela ba ba humanegileng mo moweng.”—Mathaio 5:3, NW.
Gongwe go ise go ye kae le wena o tla bo o ya kwa malatsing a boikhutso. Fa e le gore go ntse jalo, dira gore o a itumelele! O se ka wa tshwenyega thata kaga gore o tla tlhagelwa ke dikotsi dife, mme legale, o itlhokomele. Nna o akantse ka dikakantsho tse di tshwanang le tse di mo bokosong e e mo tsebeng eno. Fa o boa, o tle o lapologetswe, o ikhuditse, e bile o ikemiseditse go tswelela ka ditiro tsa malatsi otlhe tsa botshelo tse di botlhokwa thata. Ka bofefo fela, malatsi a boikhutso a a fela, lefa go ntse jalo, dilo dingwe tse di molemo tse o di ipeletseng di tla nnela ruri mo mogopolong wa gago. A bo malatsi a boikhutso a a ipeletsweng kwantle ga go a ikwatlhaela, a le botlhokwatlhokwa jang ne!
[Lebokoso mo go tsebe 16]
Dikgakololo Di Le Mmalwa Ka Malatsi A Boikhutso
Thibela Bokebekwa
1. Laela mongwe gore a sale a lebeletse dilo tsa gago kwa gae.
2. Tsamaela kgakala le mafelo a go itsegeng gore a kotsi.
3. Itise mo magodung a a utswang dilo mo dikgetsaneng tsa batho, tsamaya o fitlhile madi a gago golo gongwe mo mmeleng wa gago, o bo o sadise a mangwe mo lefelong le le babalesegileng kwa o nnang teng.
4. Itise mo bathong ba o sa ba itseng ba ba batlang go go fa thuso e o sa e kopang.
Tila Dikotsi
1. Fa o kgweetsa, nna o butse matlho mme o etle o ikhutsa kgapetsakgapetsa.
2. Fa o le mo mosepeleng wa sefofane kana o nna mo hoteleng, ela tlhoko dilo tse di baakanyeditsweng go go falotsa dikotsi.
3. Iphe nako, fa o sena go goroga, gore mmele wa gago o tlwaele pele ga o ka dira tiro epe fela e e batlang mashetla.
4. Tsaya diaparo, ditlhako, le didirisiwa tse di tshwanelang dilo tse o tla di dirang.
Nna le Botsogo jo bo Molemo
1. Kopa kgakololo mo ngakeng ya gago kaga mekento e o ka e tlhokang kana melemo.
2. Tsamaya o tshotse kgetsana ya mosepele e e nang le melemo yotlhe e o e tlhokang.
3. Ikhutse ka mo go lekaneng, o bo o itlhokomele mo go se o se jang le se o se nwang.
4. Tsamaya o tshotse dipampitshana tsa gago tsa kalafi kana tse di tlhalosang ka se o se tlhokang.
Nna o Itumetse le ba Bangwe
1. O supe lorato le go akanyetsa ba o nang le bone.
2. Itsalanye le batho ba boitshwaro jo bo tlotlegang thata.
3. O se ka wa letla batlaboikhutsong ba bangwe go go patelela go dira dilo tse o itseng gore ga di a siama.
4. Iphe nako e e tla go fang sebaka sa gore o kopanele mo dilong tsa semoya.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Tlhopha ditiro tse di molemo fa o le mo malatsing a boikhutso