LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 7/8 ts. 11-13
  • Se o Tshwanetseng go Itisa mo go Sone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se o Tshwanetseng go Itisa mo go Sone
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sireletsa Dithoto Tsa Gago Tsa Botlhokwa
  • Tila go Tlhagelwa ke Dikotsi
  • Nna o Itekanetse
  • Itumelele Malatsi a Boikhutso Kwantle ga go Ikwatlhaya!
    Tsogang!—1996
  • A o Ipaakanyeditse Malatsi a Boikhutso?
    Tsogang!—1996
Tsogang!—1996
g96 7/8 ts. 11-13

Se o Tshwanetseng go Itisa mo go Sone

“MAIKAELELO a magolo a go bo batho ba tsaya malatsi a boikhutso ke go dira sengwe se sele, go kgwa mowa, go kgaotsa ditiro tsa malatsi otlhe,” go ne ga kwala jalo mokwadi mongwe wa dikgang e bong Lance Morrow. Lefa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore bangwe ba boela gae go tswa malatsing a boikhutso ba tla ba lapile maikutlo fela thata mo ba ikanang gore “ga ba kitla ba tlhola ba ya teng gape.”

Lefa go ntse jalo, go na le gore o tlogele gotlhelele mogopolo wa go tsaya malatsi a boikhutso, go ka nna molemo fa o ka tlhatlhoba go sa le pele gore ke dilo dife tse di ka bakang mathata le go tsaya dikgato tsa gore o di tile.

Sireletsa Dithoto Tsa Gago Tsa Botlhokwa

Batho ba le bantsi ba ile ba fitlhela matlo a bone a thubilwe fa ba boa kwa malatsing a boikhutso. Jalo he, dira gore pele ga o ya kwa malatsing a boikhutso, o kope ditsala tsa gago le baagelani gore ba nne ba beile leitlho mo legaeng la gago ka metlha. Mme e bile ba ka nna ba ya go nna kwa go lone gore go se ka ga bonala thata gore ga o yo. O ba kope gore ba tseye poso ya gago mo lebokosaneng la yone malatsi otlhe le go go tseela pampiri ya dikgang, ka go bo ga go na se se ka supang gore ga o yo mo gae go gaisa ngata ya dipampiri tsa dikgang le lebokosana le le penologileng ka poso e e sa tseweng.

Gape o tshwanetse gape go sireletsa dithoto tsa gago tse di botlhokwa fa o le kwa mafelong a malatsi a boikhutso. Mo dinageng tse dingwe, gantsi batho ba ba etileng, ba tsewa gore ba humile, mme e bile mojanala mongwe le mongwe o ka nna a tlhagelwa ke kotsi ya gore a thukhuthiwe. Jalo he, mokgwa o o molemo ke gore motho a tlogele madi a mangwe le dipampiri dingwe tsa botlhokwatlhokwa mo hoteleng kana mo lefelong lengwe le le babalesegileng. O nne kelotlhoko thata mo bathong ba o sa ba itseng mme gone o se nne makgwakgwa.

Ngwaga le ngwaga kwa Miami, kwa Florida, U.S.A., dimilionemilione tsa batho ba ba tlileng malatsing a boikhutso di thologela teng mmogo le ba ba tswang kwa dinageng di sele. Bathukhuthi gantsi ba nna ba eme sentle mo mafelong a a ntseng jalo a bajanala. Makasine wa Time o ne wa bega gore, ka 1992, “kwa Florida fela, baeti ba le 36 766 ba dinaga di sele le ba mo gae, ba ne ba bolawa, ba betelelwa, ba thukhuthiwa kana ba tlhaselwa ka tsela nngwe.”

Fa o le mo malatsing a boikhutso, o itlhokomele segolobogolo mo magodung a a utswang dilo mo dikgetsaneng tsa batho. Banna ba tshwanetse go fitlha dikgwama tsa bone fa di sa bonaleng teng le fa go sireletsegileng, jaaka mo teng ga kgetsana e e kafa teng ga baki kana mo kgetsaneng e e fa pele ga marokgwe a bone. Baeti bangwe ba ba setseng ba tlwaetse, ba fitlha madi a bone ka ditsela tse di botlhale mo mebeleng ya bone. Ka sekai, bangwe ba fitlha madi a bone, dipasepoto tsa bone, le dibisa mo kgetsaneng e ba e kaleditseng mo dithamong tsa bone ba bo ba e tsenya kafa teng ga diaparo tsa bone. Basadi bone ba tshwanetse gore ba itlhokomele e se re gongwe legodu le le palameng baesekele kana sethuuthuu la feta la phamola dikgetsana tsa bone ka bofefo fa ba sa di tshwara thata.

Bathukhuthi ba nnela go dirisa ditsela tse disha tsa kafa di ka thukhuthang bajanala ka gone. Bapalami bangwe ba diterena tsa mosepele o moleele ba ile ba utswelwa dilo ba santse ba robetse go le bosigo mo dinageng tsa kwa Yuropa. Magodu a ka nna a gasa batho ka sengwe se se ba thulametsang mo dikamotshaneng tsa bone go dira gore ba se ka ba bo ba thanya fa ba santse ba farantlholola dilwana tsa bone. The European e bega gore mo pakeng nngwe, ga twe “magodu a ne a ngongwaela a tswa mo tereneng ka madi le dilwana tsa selekanyo se se fetang $845 000 [R3067 000] go se na ope yo o lemogileng.”

Tila go Tlhagelwa ke Dikotsi

Motshegisi mongwe yo o bidiwang Robert Benchley o ne a re: “Selo fela se se nthusang gore ke se ka ka tlhagelwa ke dikotsi ka metlha jaaka ke tlwaetse, ke go tlhola ke robetse fela letsatsi lotlhe.” Lefa go ntse jalo, o ne a oketsa ka gore: “Mme lefa o le foo, go santse go ka direga gore o we mo bolaong.” Kgang fano ke gore, dikotsi di ka nna tsa diragala gongwe le gongwe! Jalo he, go nnela go boifa se se ka go diragalelang fa o le mo malatsing a boikhutso ga go a tshwanela go go boifisa gore o bo o nne fela mo gae. Mme legale, go na le lebaka lengwe le le kgethegileng la gore o ikele tlhoko fa o le mo malatsing a boikhutso.

Mesepele ya dikoloi e ka nna ya tsenya motho mo mathateng mo pakeng ya malatsi a boikhutso. Mo dinakong tse di ntseng jalo, Bajeremane ba setse ba tlwaetse go bona pharakano e kgobelane ka sekgala se seleele sa dikilometara di le 80. Makasine wa Time wa August 14, 1989, o ne wa tlhalosa jaana: “Go ralala Yuropa mo bekeng e e fetileng, dimilione tsa malapa di ne tsa simolola malatsi a tsone a a tlwaelegileng a boikhutso a August—mme batho botlhe ba ne ba tsena mo pakeng e e hutsafatsang le e e phatlolang pelo. . . . Mo e ka nnang tsela nngwe le nngwe e kgolo e e tswang mo Paris, e ne e tletse e bile e sena bofeto. . . . Fa gare ga July 28 le Aug. 1, batho ba le 102 ba ne ba tlhokafala ka ntlha ya go thulana ga dikoloi mo ditseleng tse dikgolo.” Jalo he, go ka nna botlhale gore o etle o eme ka bokhutshwane gore o kgone go lapolosa maikutlo a gago a a lapileng ka ntlha ya go nnela go ema mo tseleng ka ntlha ya bontsi jwa dikoloi.

The European e ne ya ntsha pego e e neng e tlhagisa boradikoloi gore “ba name ba ise ba simolole loeto lwa bone go fitlha e nna Sontaga—kana ba tsamaye go le bosigo.” Lefa go ntse jalo, e ne ya tlhalosa gore “gone mme ba santse ba ntse ba ganelela mo go tsamayeng mmogo ka nako e le nngwe.” Seno se bo se felela ka eng? Yuropa e tlala ka pharakano e e kgobelaneng. Lefa gone go le molemo gore motho a tsamaye ka nako e ditsela di sa tlalang dikoloi ka yone, o se ka wa lebala gore go tsamaya bosigo go ka nna kotsi. Motho ga a kgone go bona sentle bosigo, mme seo se dira gore kgonego ya gore a dire kotsi e oketsege. Go tsamaya go sa le moso thata ke yone nako e e botoka thata ya go tsamaya.

Fa o sena go goroga kwa lefelong la boikhutso, o se ka wa tlhokomologa dilo tse dingwe gape tse di ka go bakelang dikotsi. Fa e le gore o na le lobaka lwa ngwaga o ntse o sa dirise mesifa ya gago, e tla gagamala fela fa o re o leka go e patelela go e dirisa o sa e sidila pele. Jalo he, o se ka wa tsenelela thata mo metshamekong mo malatsing a ntlha a sekae fa mmele wa gago o santse o le mo seemong sa go ka tshabelelwa ke go ka gobala.

Nna o Itekanetse

Buka ya 2,000 Everyday Health Tips for Better Health and Happiness, e ne ya tlhalosa ka gore, “mathata a a tlwaelegileng a boitekanelo ao baeti ba bantsi ba nnang le one fa ba etetse kwa moseja ga mawatle ke a a amanang le dijo, metsi le malwetse a le mantsinyana a a tshelanwang.” Bagwebi ba tsa bojanala ba ka nna ba fa motho dikgakololo tsa gore o ka tila jang mathata a a ntseng jalo, mme e bile motho o ka thusega tota fa a ka reetsa dikakantsho tsa bone.

Mo mafelong a le mantsi go botlhokwa thata gore motho a tile go nwa metsi a a tswang mo pompong. Mme gape, gakologelwa gore makgabana a aese a ka nna a bo a dirilwe ka one metsi ao. Se sengwe gape, go ka nna molemo gore motho a tile go ja merogo e e matlhare, mayonaese, dijo tse di mafura, nama e e sa apewang kana e e sa tlwaelegang, tlhapi e e legapa, le maungo a a sa tswang go kgolwa, ntle fela ga fa e le wena o a ikobolelang. Mo dinageng tsa Boboatsatsi, go ka nna molemo fa motho a ka apaya mashi pele ga a ka a nwa.

Sengwe gape se se kotsi mo baeting ba ba tlang ba sa apara mo go lekaneng, ke go fisiwa ke letsatsi, mme e bile mo dingwageng tsa bosheng jaana kotsi ya gone e oketsegile thata ka ntlha ya go fokotsega ga ozone mo atemosefereng. Palo ya batho ba ba tsenweng ke melanoma e e diphatsa, e leng mofuta o o kotsi thata wa kankere ya letlalo, e ne ya menagana sebedi kwa United States gareng ga 1980 le 1993. Kwa Australia, bangwe ba ile ba bonwa ba apere dikipa tse di kwadilweng mafoko a a reng “SLIP! SLOP! SLAP!” (Apara hempe, itshase mafura, o bo o rwale hutshe.) Mme legale, o se ka wa itsietsa wa bo o thuba kobo segole. Mafura a a itshasiwang go itshireletsa mo letsatsing ga a sireletse motho ka botlalo.

Go tsaya mosepele ka sefofane o kgabaganya melelwane e le mmalwa ya nako go ka dira gore motho a nne le sedidi sa mosepele wa jete. Le mororo sedidi sa mosepele wa jete e se bolwetse ka bosone, gone mme se ka tlhakatlhakanya boitekanelo jwa motho, segolobogolo fa motho yoo ka boene a sa itekanela mo mmeleng. Patlisiso nngwe e e kileng ya dirwa ka baeti ba mosepele o o fa gare ga Lontone le San Francisco, tse nako ya tsone e sianang ka selekanyo sa diura tse robedi, e ne ya senola gore “go boela mo maemong ga mmele . . . go ne go tlhoka selekanyo se se seng kafa tlase ga malatsi a le supa go ya go a le lesome.” Buka ya The Body Machine le yone e ne ya bega gore baeti bangwe ba ba ileng ba kgabaganya melelwane ya nako e le mentsinyana ka lobaka lo lokhutshwane thata ba ile ba “nna le bothata jwa go itoma diteme, go nna ba etsaetsega le go nna mo seemong sa go ka dira diphoso ka selekanyo se se menaganeng gabedi. Ba ne ba latlhegelwa gape ke nonofo ya go tlhoma mogopolo le go gakologelwa dilo.”a

Mo godimo ga moo, mosepele wa jete o dira gore bolwetse bo kgone go tswa kontinenteng e nngwe go ya kwa go e nngwe ka nakonyana fela e khutshwane. Pampiri nngwe ya dikgang ya kwa Jeremane ya Nassauische Neue Presse e ne ya tlhalosa jaana: “Dingaka di tshwenyegile segolobogolo thata ka malwetse ‘a a tswang’ ka kwantle a a tshwanang le malaria kana bolwetse jwa sebete a batho ba ba neng ba ile kwa malatsing a boikhutso ba tlang ka one fa ba boa kwa Afrika, Asia, kana Amerika Borwa. Ngwaga le ngwaga Bajeremane ba ba ka tshwarang 2000 ba boela gae ba na le malaria.” E ne ya re fa leroborobo la bolwetse jwa dikgeleswa le sena go bolaya batho ba le bantsi kwa India ka 1994, go ne ga tsewa dikgato tse di gagametseng go bo thibela gore bo se ka jwa anamela kwa dinageng tse dingwe.

Batho ba ba nang le malwetse a a sa foleng, mmogo le basadi ba ba baimana, ba tshwanetse go ikela tlhoko thata fa ba tsaya loeto. Le mororo ka dinako tse dintsi go se na mabaka ape a a ka ba itsang go tsaya loeto, ba tshwanetse gore ba batle dikgakololo mo dingakeng tsa bone go sa le nako. Go ka nna molemo thata fa mongwe le mongwe yo o jeleng nala a ka tsamaya a tshotse leina, aterese le nomoro ya mogala wa tsala ya gagwe kana mongwe wa losika yo go ka ikgolaganngwang le ene fa go ka tlhaga mathata a tshoganetso.

Motho yo o tlhokang go kentiwa ka metlha yotlhe ka mokento wa insuline go mo thusa gore selekanyo sa gagwe sa sukiri ya madi se se ka sa ema maswe, o tshwanetse go gakologelwa gore fa a kgabaganya melelwane ya nako e le mmalwanyana, seo se ka tshwenya thulaganyo ya gagwe e e gagametseng ya go ja dijo mmogo le ya go ikenta. O tshwanetse go rulaganya dilo ka tsela e e tshwanetseng. Motho yo o tsentsweng sethusi sa go iteisa pelo le ene fa a tsere loeto o tshwanetse go ela tlhoko gore o na le nomoro ya mogala wa ngaka ya gagwe ya pelo.

Se sengwe gape ke gore, motho yo o ikaegileng ka melemo mengwe ya kalafi o tshwanetse go nna a ngaparetse kgetsana ya gagwe e a tsentseng melemo mo go yone ka go bo, fa e ka nyelela kana ya latlhega, ruri seo se ka felela ka masetlapelo. Motho o kokonelwa tota fa a ka fetwa ke malatsi a le mmalwa a ntse a apere diaparo di le dingwe fela; mme go fetwa ke diura di sekae fela o sa dirise melemo ya gago, ruri go ka nna kotsi mo botshelong jwa gago.

Ga go na ope yo o tshwanetseng go tsaya motlhofo dikotsi tse di amanang le mosepele wa malatsi a boikhutso. Lefa go ntse jalo, ga go na lebaka lepe le le molemo le le tshwanetseng go dira gore di go boifise thata mo o ka nnang fela kwa gae o sa ye gope. Wena fela ke gore o itlhokomele. Gakologelwa: Go ipaakanyetsa sentle ke gone go ka go thusang gore o falole dikotsi tse di ka go tlhagelang. Latela kgakololo eno e e botlhale: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.”—Diane 22:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dithuso dingwe kaga sedidi sa mosepele wa jete, bona Tsogang!, ya June 8, 1986, ditsebe 19-21 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Fa o le mo malatsing a boikhutso, o nne kelotlhoko mo go se o se jang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela