Motse wa Lefatshe Lotlhe Mme o Santse o Kgaogane
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA
AO KILE wa utlwa ditlhamane kaga morafe wa batho ba ba neng ba sena molomo ka jalo ba sa kgone go ja le fa e le go nwa? Go bolelwa gore ba ne ba tshela ka go dupa, gantsi diapole. Monko o o maswe o ne o ka ba bolaya.
Gape go ne go na le dipolelo kaga batho ba Afrika Bophirima ba ba neng ba gweba ka gauta. Kapotene wa sekepe sa Portugal wa motlha oo o ne a bega jaana: “Diliki di le makgolo a mabedi [dikilometara di le 1000] ka kwa ga bogosi jwa [Mali], motho o fitlhela naga e banni ba yone ba nang le ditlhogo le meno le megatla jaaka dintša. Bano ke Bantsho ba ba ganang go bua le batho ba bangwe ka gonne ba sa batle go ba bona.” Eo ke mengwe ya megopolo e e sa tlwaelegang e e neng e dumelwa dingwaga tse dintsi tse di fetileng, pele ga motlha wa go tsaya mesepele le go ribolola dilo.
Batho ba a Kopana
Ditlhamane tseo di ne di dumelwa ka makgolokgolo a dingwaga. Mme e ne ya re fa basekaseki ba ntse ba sekaseka polanete eno, ga ba ka ba bona batho ba ba senang melomo ba ba dupang diapole kana batho ba ba nang le ditlhogo tse di tshwanang le tsa dintša. Gompieno ga go na masaitsiweng a a kalo ka batho ba ba nnang kwa mafatsheng a sele. Jaanong lefatshe le tshwana le motse wa lefatshe lotlhe. Thelebishene e tlisa dinaga di sele mo dikamoreng tsa rona tsa bonno. Go tsamaya ka difofane go dira gore re kgone go etela dinaga tseo ka diura di sekae fela; dimilione tsa batho di dira jalo ngwaga le ngwaga. Ba bangwe ba tsamaisiwa ke mabaka a ikonomi le a polotiki. Pego ya United Nations Population Fund e bega gore: “Ka selekanyo se segolo go gaisa lefa e le leng pele—mme e bile go bonala sentle gore se tla oketsega—batho go dikologa lefatshe ba a fuduga ba batla botshelo jo bo botoka.” Mo e ka nnang batho ba le dimilione tse 100 ga ba nne mo nageng e ba tsholetsweng mo go yone.
Ditšhaba ka go oketsega di ikaegile ka tse dingwe ka tsa itsholelo. Kgolagano ya lefatshe lotlhe ya ditlhaeletsano, go tshwana le thulaganyo e kgolo thata ya ditshika, e golaganya ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe. Fa di ntse di abelana megopolo, tshedimosetso le tegenoloji di tla di tswakanya ditso le go tshwaetsana ka tsone. Batho ba apara ka go tshwana go feta le fa e le leng pele go ralala lefatshe lotlhe. Ditoropokgolo tsa lefatshe di na le dilo tse di tshwanang—mapodise, dihotele tsa manobonobo, mokoloko wa dikoloi, marekisetso, dibanka, kgotlelo. Ka jalo, jaaka batho ba lefatshe ba ntse ba kopana, re bona se batho bangwe ba se bitsang setso sa lefatshe se se tlhagogang.
Lebaka La go Bo Batho ba Ntse ba Kgaogane
Mme jaaka fa batho le dilo di ntse di tswakana, go phepafetse gore ga se gore botlhe ba tsaana jaaka bana ba motho. Mokwaladiterama mongwe wa Mogerika o ne a bolela jaana dingwaga tse di fetang 2000 tse di fetileng: “Mongwe le mongwe o itlhaganelela go pega motswagosele diphoso.” Se se utlwisang botlhoko ke gore go ntse fela jalo le gompieno. Bosupi jwa seno bo bonwa motlhofo fela mo dipegong tsa makwalodikgang tsa letlhoo, go ila batswagosele, “go ganyaolwa ga merafe,” dintwa tsa ditso, dikhuduego tsa bodumedi, go gailwa ga batswagosele, mafelo a polaelo, dikampa tsa kgolegelo tse basadi ba betelelwang kwa go tsone, go bogisiwa kgotsa go gaila setlhopha sa batho.
Ke boammaaruri gore, bontsi jwa rona ga re ka ke ra dira sepe se se kalo go fetola dikgotlhang tsa ditso. E bile di ka tswa di sa re ame ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa rona re tlelwa ke mathata ka ntlha ya go tlhoka go buisana le batswagosele ba re kopanang le bone—baagelani, badirimmogo kgotsa ba re tsenang sekolo le bone.
A ga go lebege go sa tlwaelega gore batho ba merafe e e farologaneng ya setso gantsi ba bone go le thata go tshepana le go anaanelana? Lefa go ntse jalo, polanete ya rona e tletse ka dilo tsa methalethale, dilo tse dintsintsi tse di sa tshwaneng. Bontsi jwa rona re anaanela mefuta e mentsi ya dijo tse di farologaneng, mmino, mmala le mefuta e mentsi ya dimela, dinonyane le diphologolo. Mme ka tsela nngwe tsela e re anaanelang mefuta e e farologaneng ya dilo ka yone ga se ka dinako tsotlhe e akaretsang batho ba ba sa akanyeng le go dira dilo ka tsela e e tshwanang le ya rona.
Go na le go leba dikarolo tse di molemo tse batho ba farologanang ka tsone, bontsi jwa batho bo na le go tlhokomela thata dipharologano ba bo ba di dirisa go simolola dikgotlhang. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Re ka bona molemo ofe fa re dira maiteko a go buisana le batho ba setso sa bone se farologanang le sa rona? Ke eng se re ka se dirang go fenya dilo tse di re kgoreletsang go buisana le bone? Ditlhogo tse di latelang di tla leka go araba dipotso tseo.