“Ga se Phoso ya Me”
KE GA kae gompieno o utlwang mongwe a re, ‘Intshwarele. E ne e le phoso ya me. Ke nna ke ikarabelang!’? Ga se gantsi go utlwiwang boikanyegi jo bo ntseng jalo. E bile tota, mo mabakeng a le mantsi, lefa gone motho a dumela molato, o dira maiteko a go o pega mongwe o sele kgotsa mo mabakeng mangwe a a sa utlwaleng a modiraphoso a bolelang gore o ne a sa kgone go a laola.
Ba bangwe e bile ba pega dijini tsa bone molato! A mme seo se a utlwala? Buka ya Exploding the Gene Myth e belaela maikaelelo le go dira ga dikarolo dingwe tsa dipatlisiso tsa dijini. Mokwadi wa dikgang wa Australia, Bill Deane, fa a ne a tlhatlhoba buka eo, o dira konelo eno e e akanyeditsweng sentle: “Batho ba ba akanyang gore tshwetso nngwe le nngwe ya motho e laolwa ke maemo mangwe a a neng a ntse a le teng, go lebega bosheng jaana ba simolotse go dumela gore ba bone bosupi jo bo senang phoso go tshegetsa filosofi ya bone ya gore ope a se ka a tsewa a ikarabelela ka dilo tse a di dirang: ‘O ne a ka se kgone go ithiba go mo kgaola mometso, Motlotlegi—go mo dijining tsa gagwe.’”
Ga se Gore Tota ke Mokgwa o Mosha
Jaaka fa kokomana eno e fetoga ka bonako go nna se mokwadi mongwe a se bitsang kokomana ya “ga se nna,” mokgwa ono o ka nna wa lebega o oketsega thata. Lefa go ntse jalo, dipego tsa hisitori di senola gore go pega ba bangwe diphoso, ka seipato sa gore “Tota ga se molato wa me,” go sa le go le teng fa e sale motho a simolola go nna teng. Tsela e Atame le Efa ba neng ba itshwara ka yone morago ga go leofa ga bone ga ntlha, go ja ga setlhare se Modimo a neng a se ba ileditse, e ne e le sekai se se tshwanelang thata sa go fetisetsa molato mo mothong yo mongwe. Pego ya Genesise e bua ka se se diragetseng, go bua Modimo pele: “‘A o jele setlhare se ke se go laetseng, ka re, o se ka wa se ja?’ Monna a re: ‘Mosadi yo o mo nneileng gore ke nne nae, ke ene yo o nneileng ga setlhare, mme ka ja.’ Jehofa Modimo a raya mosadi a re: ‘Ke eng se o se dirileng?’ Mosadi a re: ‘Noga e ntsieditse, mme ka ja.’”—Genesise 3:11-13.
Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba ile ba tlhama mefuta e e farologaneng ya megopolo e bile ba ile ba senka diipato tse di farologaneng tse di sa tlwaelegang tse di ka ba rolang molato wa dilo tse ba di dirang. Se se lemosegang thata mo go tseno e ne e le kgang ya bogologolo ya go dumela mo tlholelong. Mosadi mongwe wa Mobuda yo o neng a dumela tota mo go Karma o ne a bolela gore: “Ke ne ke akanya gore ga go na tlhaloganyo go boga ka ntlha ya sengwe se ke tsetsweng ka sone se e leng gore ke ne ke sa itse sepe ka sone. Ke ne ka tshwanela go dumela gore ke selo se ke se laoletsweng go sa le gale.” E re ka go dumela mo tlholelong go rotloediwa ke thuto ya taolelogale e e neng e rutiwa ke John Calvin, e tlwaelegile le mo go Labokeresete. Baruti gantsi ba bolelela ba losika ba ba hutsafetseng gore kotsi e e rileng e ne e le thato ya Modimo. Mme gape, Bakeresete bangwe ba ba nang le maikaelelo a mantle ba ka pega Satane molato ka sengwe le sengwe se se sa tsamayeng sentle mo matshelong a bone.
Gone jaanong, re simolola go iponela boitshwaro jwa go sa batle go sikara boikarabelo jo molao le setšhaba se dumalanang le jone. Re tshela mo motlheng o batho ba nang le ditshwanelo tse dintsi mo go one mme ba sena boikarabelo go le kalo.
Dipatlisiso tsa boitshwaro jwa batho di ntshitse bosupi jwa saense jwa gore batho bangwe ba ka ikutlwa ba gololesegile go dira dilo tse di jaaka go itshwara ka tsela e e sa siamang le go bolaya. Seno se supa gore setšhaba se gagamaletse go iphimola molato go o pega sengwe sepe fela kana mongwe o sele e seng mong wa one.
Re tlhoka dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Saense totatota e lemogile eng? A boitshwaro jwa batho bo laolwa fela ke dijini tsa rona? Kgotsa a dilo tse di mo teng ga rona le tse di kwa ntle di laola boitsholo jwa rona? Totatota bosupi bo bontsha eng?