LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/1 ts. 26-29
  • Ke Molato wa ga Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Molato wa ga Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a Madi
  • Go Tlhabisiwa Ditlhong ke Bana
  • Go Palelwa ke go Gola Sentle Semoyeng
  • Seipato sa Bofelofelo
  • Go Lebana le Boammaaruri
  • Nka Thibela Jang go Tlhola ke Pegilwe Molato?
    Tsogang!—1997
  • J́ehofa Ga A Tshwanela go Pegiwa Molato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • “Ga se Phoso ya Me”
    Tsogang!—1996
  • Ke Eng fa ka Metlha go Pegwa Nna Molato?
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/1 ts. 26-29

Ke Molato wa ga Mang?

MOTHO wa ntlha e bong Adame, o ne a simolola mokgwa ono. Fa a sena go leofa o ne a bolelela Modimo jaana: “Mosadi yo o mo nneileng gore ke nne nae, ke ene yo o nneileng ga setlhare, mme ka ja.” Totatota o ne a bolela jaana: “Ga se molato wa me!” Mosadi wa ntlha, Efa, o ne a bolela se se tshwanang fa a ne a bolela jaana: “Noga e ntsieditse, mme ka ja.”—Genesise 3:12, 13.

Ka gone batho ba ne ba simolola kwa tshimong ya Edena go gana go amogela boikarabelo jwa ditiro tsa bone. A le wena o kile wa dira jalo? Fa mathata a tlhaga, a o setse o pega ba bangwe molato ka bonako fela? Kana a o sekaseka boemo go bona gore tota ke mang yo o molato? Mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, go motlhofo tota go wela mo seraing sa go pega ba bangwe molato ka ntlha ya diphoso tse re di dirileng re bo re re, “Ga se molato wa me!” A re ko re lebeng maemo a a tlwaelegileng mme re bone gore batho ba bangwe ba tlwaetse go dira eng. Se se botlhokwa thata ke gore o akanye ka se wena o neng o tla se dira fa o ne o le mo maemong a a tshwanang le ao.

Mathata a Madi

“Ga se molato wa me—ke wa ikonomi, wa bagwebi ba ba tsietsang, wa go tlhatloga ga ditlhwatlhwa,” ba bangwe ba ka nna ba bolela jalo fa ba iphitlhela ba le mo mathateng a magolo a madi. A mme tota mabaka ano ke one a a molato? Gongwe maemo mangwe a a sa tlhomamang sentle a ba dirile gore ba tsenelele mo dikgwebong tse di belaetsang kana tsa go batla go iteka lesego. Ka dinako tse dingwe bogagapa bo sira batho go bona dilo jaaka di ntse, mme ba bo ba iphitlhela ba dirisana le dikgwebo tse di sa tlwaelegang, ba bo ba tsiediwa ke batho ba ba maferefere. Ba lebala seane se se reng, “O se bone thola borethe, teng ga yone go a baba.” Ba senka kgakololo e bone ba batlang go e utlwa, mme fa mathata a ikonomi a nna maswe thata, ba batla mongwe o sele yo ba ka mo pegang molato. Ka maswabi, seno ka dinako tse dingwe se diragala le e leng mo phuthegong ya Bokeresete tota.

Batho ba bangwe ba ile ba wela mo serung sa go dirisa dithulaganyo tsa go boloka madi tse di seng botlhale kana tse di sa ikanyegeng tota, tse di jaaka go reka diteemane tse di seyong, go tshegetsa ka madi dithulaganyo tsa thelebishene tse di tlhomologileng tse di neng tsa phutlhama ka bonako fela, kana go tshegetsa ditlhabololo tsa dikago tse di neng tsa wa ka go tlhaelwa ke madi kwa morago. Go eletsa thata go huma go ka nna ga bo go dirile gore ba se ka ba gakologelwa kgakololo eno ya Baebele: “Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung . . . mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Go dirisa madi ka tsela e e sa laolesegeng le gone go ka baka mathata a madi. Batho ba bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go bonala fela jaaka batho ba ba mo dimakasineng tsa feshene tsa bosheng jaana, ba tshwanetse go tsaya malatsi a boikhutso a a tlhokang madi a mantsi, go ya go ja kwa diresetšhurenteng tsa maemo a a kwa godimo le go reka “ditshamekisiwa” tse di jesang bagolo monate tsa bosheng jaana—dikoloi tsa go intsha bodutu, mekoro, dikhamera, didirisiwa tsa stereo. Ke boammaaruri gore ba bangwe ba ka nna ba kgona go nna le dilo tseno fa nako e ntse e ya ka gore ba rulaganye dilo ka kelotlhoko le go boloka madi. Lefa go ntse jalo ba ba itlhaganelelang go nna le tsone ba ka nna ba iphitlhela ba le mo dikolotong tse ba ka sekang ba di kgona. Fa ba le mo dikolotong, ke molato wa ga mang? Kwantle ga pelaelo ba itlhokomolositse kgakololo eno e e utlwalang sentle ya Diane 13:18: “Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto.”

Go Tlhabisiwa Ditlhong ke Bana

“Ke molato wa bagolwane go bo bongwanake ba tlogetse boammaaruri,” batsadi ba bangwe ba ka nna ba bolela jalo. “Ba ne ba sa tlhokomele bongwanake sentle.”

Bagolwane ba na le boikarabelo jwa go disa le go tlhokomela letsomane, mme re ka reng ka batsadi ka bobone? A ba tlhoma sekao mo go bontsheng maungo a moya wa Modimo mo go sengwe le sengwe se ba se dirang? A thuto ya lelapa ya Baebele e ne e tshwarwa ka metlha? A batsadi ba ne ba tlhoafetse mo tirelong ya ga Jehofa mme ba thusa bana go e ipaakanyetsa? A ba ne ba etse tlhoko gore ditsala tsa bana ba bone ke tsa mofuta ofe?

Ka mo go tshwanang, ke selo se se motlhofo gore motsadi a bolele jaana malebana le tiro ya sekolo: “Ke molato wa morutabana go bo morwaake a sa dira sentle jaana kwa sekolong. Ba ne ba sa rate morwaake. Mme legale sekolo sele se na le thuto e e kwa tlase thata.” A mme motsadi o ne a buisana thata le sekolo? A motsadi o ne a kgatlhegela dithuto tse ngwana a di rutiwang le go ithuta ga gagwe? A tiro ya gagwe ya sekolo ya kwa gae e ne e na le thulaganyo, a mme o ne a thusiwa fa go tlhokega? A e ka tswa e le gore bothata jo bo leng teng bo bakilwe ke boikutlo kana ke botshwakga jwa ngwana kana jwa motsadi?

Go na le gore batsadi ba pege thulaganyo ya sekolo molato, go tla bo go le mosola thata fa ba ka tsaya kgato e e siameng go tlhomamisa gore bana ba bone ba ikutlwa ka tsela e e siameng le gore ba sola molemo sebaka sa go ithuta se ba nang le sone kwa sekolong.

Go Palelwa ke go Gola Sentle Semoyeng

Gantsi re utlwa mongwe a bolela jaana: “Ke ka bo ke nonofile go feta fa semoyeng, mme ga se molato wa me go bo ke sa nna jalo. Bagolwane ga ba ntseye tsia sentle. Ga ke na ditsala dipe. Ga go na moya wa ga Jehofa mo phuthegong eno.” Fa go ntse go le jalo, ba bangwe mo phuthegong ba na le ditsala, ba itumetse, e bile ba gatetse pele semoyeng; le gore phuthego e segofaditswe ka koketsego le go gola semoyeng. Ka jalo ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba na le mathata?

Ke batho ba sekae ba ba batlang go nna ditsala tse di gaufi thata le bao ba nang le maikutlo a a sa siamang le a go ngongorega. Loleme lo lo bogale, lo lo utlwisang botlhoko le go ngongorega ka metlha go ka kgoba marapo tota. Batho ba bangwe ba ka nna ba fokotsa botsala jwa bone le batho ba ba ntseng jalo, ka go bo ba sa batle gore ba ba koafatse semoyeng. Motho mongwe a ka tsaya gore seno se bontsha gore phuthego e tsidifetse, a bo a simolola go fuduga, la ntlha a fudugela kwa phuthegong e nngwe, go tswa foo a bo a nna a tswa mo go e nngwe a ya kwa go e nngwe. Fela jaaka metlhape e e fudugang ya mabala a Afrika e ka dinako tsotlhe e a bong e batla mafulo a matala, ka dinako tsotlhe Bakeresete “ba ba fudugang” bano ba batla phuthego e e ba siametseng. A bo ba ne ba tla itumela jang ne fa ba ne ba ka batla dinonofo tse di molemo tsa batho ba bangwe segolobogolo, ba bo ba gagamalela go bontsha maungo a moya wa Modimo ka botlalo mo matshelong a bone!—Bagalatia 5:22, 23.

Batho ba bangwe ba dira jalo ka go dira boiteko jo bo kgethegileng jwa gore ba bue le motho yo o farologaneng kwa pokanong nngwe le nngwe kwa Holong ya Bogosi le go mo akgola ka bopeloephepa ka ntlha ya sengwe se se molemo. E ka tswa e le ka bana ba gagwe ba ba itshwarang sentle, go nna gone ga gagwe kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, dikakgelo tse di baakanyeditsweng sentle mo Thutong ya Tora ya Tebelo, go dumelela gore legae la gagwe le dirisediwe Thuto ya Buka ya Phuthego le dipokano tsa tirelo ya tshimo le tse dingwe fela jalo. Fa o itirela mokgele wa go batla go lemoga dinonofo tse di ka neng di sirilwe ke go sa itekanela, eleruri o tla lemoga dinonofo tse di tlhomologileng mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi ba gago ba Bakeresete. Seno se tla dira gore ba go rate, mme o tla fitlhela gore ga o tlhaele ditsala tse di ikanyegang.

Seipato sa Bofelofelo

“Ke go rata ga Modimo.” “Pega Diabolo molato ka seo.” Gongwe seipato sa bofelofelo ke go pega Modimo kana Diabolo molato ka ntlha ya go palelwa ga rona. Ke boammaaruri gore Modimo kana Satane ba ka nna ba tlhotlheletsa ditiragalo dingwe mo matshelong a rona. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba dumela gore sengwe le sengwe mo botshelong jwa bone, se se siameng kana se se bosula, se bakilwe ke Modimo kana ke Satane. Go bonala e kete ga go na sepe se se ba diragalelang e le ka ntlha ya ditiro tsa bone. “Fa e le gore Modimo o batla ke nna le koloi e ntšha, o tla dira gore ke kgone go nna le yone.”

Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba tshela matshelo a a botlhaswa, ba dira ditshwetso mo go tsa madi le tse dingwe ba akanya gore Modimo o tla ba tlhokomela. Fa ditsela tse ba di tsereng tse di seng botlhale di ba leretse matlhotlhapelo mangwe, a ikonomi kana mathata mangwe a a rileng, ba pega Diabolo molato. Go dira sengwe se se boeleele fela o sa ‘bale madi a sone’ pele mme go tswa foo o bo o pega Satane molato wa go bo se go paletse, kana se se maswe le go feta, o bo o lebelela gore Jehofa a go thuse, e tla bo e se boikgogomoso fela mme gape go tla bo go le kgatlhanong le Dikwalo.—Luke 14:28, 29.

Satane o ne a leka go dira gore Jesu le ene a akanye ka tsela eo mme a se ka a ikarabelela mo ditirong tsa Gagwe. Mathaio 4:5-7 e bega jaana malebana le thaelo ya bobedi: “Foo diabolo a mo isa mo motseng o o boitshepo; a mmaya mo setlhoeng sa tempele. A mo raya a re: ‘A e re fa o le Morwa Modimo, o itatlhele kwa tlase, gonne go kwadilwe ga twe: “O tlaa laela baengele ba gagwe ka ga gago; mme ba tlaa go legelela ka diatla tsa bone, e se re kgotsa lonao lwa gago lwa sugakanngwa ke lentswe.”’” Jesu o ne a lemoga gore o ne a ka se ka a lebelela gore Jehofa a mo thuse fa e le gore o tlile go tsaya tsela e e bonalang sentle gore ke ya boeleele, le ya go ipolaya tota. Ka gone, o ne a mo fetola jaana: “Go bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena Modimo wa gago.’”

Batho ba ba ratang go pega Diabolo kana Modimo molato ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di belaetsang ba tshwana tota le batho ba ba latelang dinaledi, ba mo boemong jwa go pega Modimo kana Diabolo molato ba pegang dinaledi molato. E re ka ba tlhatswegile pelo tota gore mo e batlileng e le sengwe le sengwe se se diragalang ga se bone ba se laolang, ba tlodisa molaomotheo ono o o motlhofo fela matlho o o boletsweng mo go Bagalatia 6:7: “Se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang.”

Go Lebana le Boammaaruri

Ga go na ope yo o ka ganetsang gore re tshela mo lefatsheng le le sa itekanelang. Mathata a go builweng ka one fano ke a a diragalang tota. Batho ba tla re ja ntsoma ka madi. Bahiri ba bangwe ga ba kitla ba dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Ditsala di ka nna tsa tlhotlheletsa bana ba rona ka tsela e e phoso. Barutabana bangwe le dikolo dingwe di tlhoka gore di tokafatse dilo. Ka dinako tse dingwe bagolwane ba tlhoka go oketsa lorato lwa bone le go amega ka ba bangwe. Mme re tshwanetse go dumela matswela a a nnang gone ka ntlha ya go sa itekanela le gore “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” jaaka Baebele e tlhalosa. Ka jalo ga go utlwale gore re lebelele gore tselana ya rona ya botshelo e tlile go nna borethe fela ka dinako tsotlhe.—1 Johane 5:19.

Mo godimo ga moo, re tshwanetse go lemoga gore ga re a itekanela le go lemoga ditlhaelo tsa rona re bo re bona gore ka dinako tse dintsi mathata a rona a bakiwa ke boeleele jwa rona. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Ke raya mongwe le mongwe mo go lona, . . . ka re, a se ka a ikgopola bogolo go tshwanelo ya gagwe ya go ikgopola.” (Baroma 12:3) Kgakololo eo e dira le mo go rona gompieno ka selekanyo se se tshwanang. Fa go diragala sengwe se re sa se rateng mo matshelong a rona, re ka se latele borraaronamogologolwane ka bonako fela e bong Adame le Efa mme re bo re re: “Ga se molato wa me!” Go na le moo, re tla ipotsa gore, ‘Ke eng se ke ka bong ke se dirile se se farologaneng gore ke tile matswela ano a a sa itumediseng? A ke ile ka leba dilo sentle mo kgannyeng eno mme ka batla kgakololo go tswa kwa motsweding o o botlhale? A ke ile ka tsaya gore motho yo mongwe kana ba bangwe ba ba amegang ga ba na molato, ke ba neela seriti?’

Fa re latela melaometheo ya Bokeresete re bo re leba dilo ka tsela e e siameng, re tla nna le ditsala tse dintsi le mathata a se mantsi. Bontsi jwa mathata a a sa tlhokegeng a re kopanang le one letsatsi le letsatsi a tla rarabololwa. Re tla itumelela go dirisana le ba bangwe mme ga re ne re tshwenngwa ke potso eno: “Ke molato wa ga mang?”

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Batsadi ba ka dira go le gontsi thata go thusa bana ba bone gore ba gole semoyeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela