A Dijini Tsa Rona di re Laoletse Gale?
“RE KILE ra bo re akanya gore tlholelo ya rona e laolwa ke dinaledi. Jaanong re a itse gore tlholelo ya rona ka selekanyo se segolo e mo dijining tsa rona.” James Watson o ne a nopolwa jalo mo tshimologong ya buka ya Exploding the Gene Myth, ya ga Ruth Hubbard le Elijah Wald. Lefa go ntse jalo, fela fa tlase ga nopolo ya ga Watson, R. C. Lewontin, Steven Rose le Leon J. Kamin ba nopolwa ba re: “Ga re akanye gore go na le boitshwaro bope jwa batho jwa botlhokwa jo bo tsentsweng mo dijining tsa rona ka tsela e e leng gore ga bo ka ke jwa tlhotlhelediwa ke maemo a loago.”
Mokwalo wa khabara ya buka eo o sobokanya dingwe tsa diteng tsa yone o bo o simolola ka potso eno e e botlhokwa thata, “A boitshwaro jwa batho bo laolwa ke dijini?” Ka mafoko a mangwe, a boitshwaro jwa batho bo ikaegile gotlhelele ka dijini tse di fetisang mekgwa le ditshekamelo tsa tlholego tse ba di gotsang? A boitsholo jo bo rileng jo bo maswe bo ka amogelwa fela go bo go twe bo bakwa ke dijini? A dikebekwa di tshwanetse go tsewa gore di tlhotlhelediwa ke dijini tsa tsone, di letlwa go itatola go sekae boikarabelo jwa se di se dirileng ka ntlha ya taolelogale ya dijini?
Ga go latolwe gore baitsesaense ba lemogile dilo tse di mosola mo lekgolong leno la dingwaga. Gareng ga dilo tse ba di lemogileng ke DNA e e kgatlhang thata, e e bidiwang thulaganyo ya popego ya dijini tsa rona. Tshedimosetso e e mo dijining e kgatlhile baitsesaense le batho fela ka tsela e e tshwanang. Dipatlisiso ka dijini tota di lemogile eng? Dilo tse di lemogilweng di dirisiwa jang go tshegetsa thuto ya segompieno ya taolelogale?
Go Tweng Ka go Se Ikanyege le Bosotoma?
Go ya ka setlhogo sengwe se se gatisitsweng mo The Australian, patlisiso nngwe ya dijini e bolela gore “go sa ikanyege go ka tswa go le mo dijining tsa rona. . . . Go lebega e kete botho jwa rona jwa go tsietsa mo go tsa tlhakanelodikobo bo laoletswe go sa le gale gore bo nne jalo.” A o ko o akanye fela gore mokgwa ono o ka senya manyalo le malapa jang ka go direla mongwe le mongwe phatlha ya gore a se ka a rwala boikarabelo jo bo feletseng jwa boitsholo jo bo botlhaswa!
Malebana le bosotoma, makasine wa Newsweek o ne o na le setlhogo se se reng “A Motho o Tsholwa ka Jone Kgotsa o Nna le Jone fa a Gola?” Setlhogo seo se ne sa bolela jaana: “Saense le kalafi ya malwetse a tlhaloganyo di kgaratlhela go tlhaloganya patlisiso e ntšha e e akantshang gore bosotoma e ka tswa e le kgang ya dijini, e seng ya tsela e motho a godisitsweng ka yone. . . . Mo basotomeng, batho ba bantsi ba amogela kakantsho ya gore go nna mosotoma go simologa mo dikhoromosomong.”
Go tswa foo setlhogo seo se nopola Dr. Richard Pillard, yo o neng a re: “Karolo ya dijini ya mo thulaganyong ya tsa tlhakanelodikobo e bolela gore, ‘Seno ga se bogole, gape ga se phoso ya gago.’” Go nonotsha kgang eno ya gore “ga se phoso ya gago,” Frederick Whitam, mmatlisisi mo go tsa bosotoma, o tlhokomela gore “batho ba na le mokgwa wa gore fa ba bolelelwa gore motho o ka tsalwa a na le bosotoma, ba ikutlwa ba nametsega. O golola malapa le basotoma gore ba se ka ba ikutlwa ba le molato. Gape go raya gore ga go tlhokege gore setšhaba se tshwenyege ka dilo tse di tshwanang le barutabana ba basotoma.”
Ka dinako tse dingwe, dilo tse di bidiwang bosupi jwa gore mekgwa ya basotoma e laolwa ke dijini di buiwa mo metsweding ya tshedimosetso ka tsela ya gore go ntse jalo le gore ba a tlhomamisa go na le gore go tlhalosiwe gore go a fopholediwa le gore ga se selo se se tlhomamisiwang.
Makasine wa New Statesman & Society o nyenyefatsa tlhaloso nngwe ya teng e e beilweng ka botswerere jaana: “Mmadi yo o gapegileng maikutlo o ka nna a tswa a tlhokomologile go tlhoka go felela ga bosupi joo jo bo sa fopholetseng—kgotsa, e bile tota, go tlhokega gotlhelele ga motheo wa se saense e se bolelang se se bosula [se se phoso] gore boitsholo jo bo botlhaswa bo ‘tsentswe mo dijining tsa banna gape bo tsentswe mo bobokong jwa banna.’” Mo bukeng ya bone ya Cracking the Code, David Suzuki le Joseph Levine ba oketsa jaana ba tlhalosa tsela e patlisiso ya dijini e ba tshwenyang ka yone: “Lefa gone go kgonega go nganga gore dijini di tlhotlheletsa boitshwaro jwa rona ka kakaretso, ke kgang e sele gotlhelele go supa gore jini nngwe e e rileng—kgotsa dijini dingwe tse pedi, kgotsa e bile dijini tse dintsi fela—tota di laola dilo dingwe tse di tlhomameng tsa tsela e phologolo e arabelang ka teng mo tikologong ya yone. Mo ntlheng eno, go a utlwala go botsa gore a motho mongwe o bone, ka tlhaloganyo ya dimolekhule ya go bona le go baakanya tlhale nngwe ya DNA e e amang maitsholo a a rileng ka ntlha ya go bo seo se bontshitswe go sale pele.”
Dijini Tsa go Nna Lekgoba la Bojalwa le Bokebekwa
Go ile ga feta dingwaga tse dintsi babatlisisi ba dijine ba kgatlhegela go dira dipatlisiso kaga go nna lekgoba la bojalwa. Bangwe ba bolela gore dipatlisiso di bontshitse gore go nna teng kgotsa go tlhaela ga dijini tse di rileng ke gone go bakang gore motho a nne lekgoba la bojalwa. Ka sekai, The New England Journal of Medicine ka 1988 e ne ya bega gore “mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, ditlhotlhomiso tse tharo tse di farologaneng di ne tsa ntsha bosupi jo bo feletseng jwa gore go nna lekgoba la bojalwa ke mokgwa o motho a o gotsang.”
Lefa go ntse jalo, batho ba ba ineetseng go batlisisa mo kgannyeng ya go tshwakgoga jaanong ba gwetlha pono ya gore go nna lekgoba la bojalwa go tlhotlhelediwa thata ke mabaka a tsalo. Pego e e tswang mo The Boston Globe ya April 9, 1996, e bolela jaana: “Ga go na jini epe ya go nna lekgoba la bojalwa e e tla bonalang mo isagweng, e bile babatlisisi bangwe ba dumela gore gongwe se bogolo ba ka se bonang ke jini e go ka nnang motlhofo gore e dire gore motho a kgone go nwa thata mme a sa tagwe—mokgwa o o ka nnang wa dira gore ba nne makgoba a bojalwa.”
The New York Times e ne ya bega ka khonferense e e neng e tshwaretswe kwa University of Maryland e e nang le setlhogo se se reng “Bokao le Botlhokwa Jwa Patlisiso Kaga Dijini le Boitshwaro Jwa Bokebekwa.” Mogopolo wa jini e e ka ikarabelelang mo boitshwarong jwa bokebekwa o motlhofo fela. Baakgedi ba bantsi ba lebega ba ikemiseditse go tshegetsa mogopolo oo. Mokwadi mongwe wa saense mo The New York Times Magazine o ne a bolela gore bosula bo ka nna ba tswa bo “tsentswe mo dikhoromosomong tse batsadi ba rona ba di fetisetsang mo go rona fa re imiwa.” Setlhogo sengwe mo The New York Times se ne sa bega gore go laolela bokebekwa gale go dira gore tsela e ka metlha go tlholwang go tlhalosiwa dijini tse di tlhotlheletsang motho go dira bokebekwa ka yone e dira gore motho a akanye gore bokebekwa “bo simolola mo selong se le sengwe—boboko jo bo nang le bogole.”
Jerome Kagan, moithutatlhaloganyo wa kwa Harvard, o bolelelapele gore go tla tla nako ya fa diteko tsa dijini di tla supang bana ba ba nang le tshekamelo ya thubakanyo. Batho bangwe ba akantsha gore go ka nna ga solofelwa gore go ka laolwa bokebekwa go dirisiwa botswerere jwa go fetola dilo tsa tlholego mo bathong go na le go leka go baakanya maitsholo a bone.
Gantsi fa go begwa ka dilo tse di fopholediwang kaga dijini tsa boitshwaro, go buiwa ka tsela e e sa tlhaloganyegeng sentle e bile e sa tlhomamisege. Buka ya Exploding the Gene Myth e bega ka patlisiso nngwe ya ga Lincoln Eaves, moithutadijini tsa boitshwaro, yo o neng a bolela gore o bone bosupi jwa gore go na le dijini tse di dirang gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong. Morago ga go dira dipatlisiso mo basading ba go tsewang gore ba tshwenyega motlhofo mo maikutlong, Eaves o ne a “akantsha gore tsela e [basadi bao] ba lebang dilo ka yone e e tshwenyang thata mo maikutlong le maitseo a bone e ka tswa e le tsone tse di dirileng gore mathata a a ntseng jalo a nne teng.” “Mathata a a ntseng jalo ke afe”? Basadi ba go neng go dirwa dipatlisiso mo go bone ba ne ba “beteletswe, ba sotlilwe kgotsa ba kobilwe mo ditirong tsa bone.” Ka jalo a go tshwenyega thata mo maikutlong go bakile ditiragalo tseno tse di botlhoko? Buka eo e tswelela ka gore “Mokgwa oo wa go akanya tota o ntse jang? Basadi bao ba ne ba beteletswe, ba sotlilwe kgotsa ba kobilwe mo ditirong tsa bone mme ba ne ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Fa ba diragalelwa ke dilo tse di botlhoko tse dintsi, ba tshwenyegela ruri mo maikutlong. . . . E ne e ka nna selo se se utlwalang go amanya seo le kgang ya dijini fa e ne e le gore [Eaves] o lemogile gore go tshwenyega thata jalo mo maikutlong go ne go sa amane le dilo dingwe tse di ba tlhagetseng mo botshelong.”
Yone kgatiso eo e bolela gore dipolelo tseno di “tshwana le tse di begilweng bosheng ka patlisiso ya dijini [tsa boitshwaro], mo metsweding ya tshedimosetso mmogo le mo makwalopakeng a saense. Di na le dintlha tse di kopakopaneng tse di kgatlhang, diphopholetso tse di sa tlhomamisiwang, go feteletsa dilo thata malebana le botlhokwa jwa dijini mo matshelong a rona. Selo se se tshwenyang thata ka mekwalo eno ke gore ga e tlhalose dilo ka tsela e e utlwalang sentle.” E tswelela ka gore: “Go na le pharologanyo e kgolo magareng ga go amanya dijini le maemo a a salang morago melao ya ga Mendel malebana le go gotsa le go dirisa ‘mekgwa’ e e akanyediwang go tlhalosa maemo a a raraaneng a a jaaka kankere le haebolate. Baitsesaense ba itlhaganelela go dira ditshwetso gape fa ba akantsha gore patlisiso ya dijini e ka thusa go tlhalosa tsela e batho ba itshwarang ka yone.”
Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya tsotlhe tse di umakilweng fa godimo, dipotso tseno tse gantsi di bodiwang di santse di sala: Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe re utlwa e kete mekgwa mengwe ya boitshwaro e runya mo matshelong a rona? E bile re ka laola maemo ao go le kana kang? Re ka kgona jang go nna re laola matshelo a rona? Setlhogo se se latelang se ka nna sa thusa go re fa dingwe tsa dikarabo tsa dipotso tseno.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]
Kalafi Ya Dijini—A Go Diregile Jaaka Go Ne Go Solofetswe?
Go tweng ka kalafi ya dijini—go tsenya dijini tse di siameng mo balwetseng go ba alafa malwetse a ba tsetsweng ka one a a amanang le dijini? Baitsesaense ba ne ba na le tsholofelo e kgolo mo dingwageng di sekae tse di fetileng. “A eno ke nako ya go dirisa kalafi ya dijini?” go botsa jalo The Economist ya December 16, 1995, e re: “Fa re e leba go ya ka dilo tse di builweng ke dingaka, le bontsi jwa se kanamiso ya dikgang e begileng ka sone, o ka nna wa akanya jalo. Mme setlhopha sa baitsesaense ba maemo a a kwa godimo ba Amerika ga se dumalane le seo. Baitsesaense ba le 14 ba ba itsegeng thata ba ne ba bodiwa ke Harold Varmus, yo e leng mookamedi wa National Institutes of Health (NIH), go sekaseka kgang eo. Morago ga dikgwedi tse supa tsa go akanya, ba ne ba bolela mo pegong ya bone e e gatisitsweng bekeng e e fetileng gore, lefa kalafi ya dijini e solofetsa, dilo tse e di fitlheletseng go fitlha jaanong di ‘feteleditswe’.” Go ne ga dirwa diteko tse di amang balwetse ba le 597 ba ba tshwerweng ke adenosine deaminase (ADA) kgotsa ke malwetse a mangwe a mantsi a go akanngwang gore a tshwanetse go alafiwa ka go oketsa dijini tse di tswang kwantle ga mmele wa motho. The Economist ya re: “Go ya ka setlhopha seo, ga go na molwetse ope yo o neng a solegelwa molemo ke go nna le seabe mo tlhatlhobong e e ntseng jalo.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Go sa kgathalesege gore batho bangwe ba reng ka maemo a batho ba tsalwang dijini tsa bone di le mo go one, ba ka itlhophela gore ba batla go itshwara jang