A Botagwa Bo A Amua?
Go ya ka tshekatsheko nngwe e e begilweng mo bukeng ya The Journal of the American Medical Association, baitseanape ba na le pelaelo ya gore, mo bathong bangwe, tshekamelo ya go rata go tagwa e ka nna ya bo e amulwe mme e bakiwa ke jine nngwe e e kgethegileng. E iphaka gore e kgonne go tlhaola jine nngwe e eleng gore e baya batho bangwe mo kotsing ya gore ba ka nna ba tswa matagwa. Legale, baitseanape ba tlhokomedisa gore ga go na jine epe e nngwe fela e e ka dirang gore motho a tswe letagwa. Tlhogo ya setlhopha se se neng se dira tshekatsheko eno o ne a re: “Morena yo o molemo ga a ka a dira jine ya botagwa, mme go na le moo go lebega go na le eo eleng gore e ikarabela mo boitshwarong jwa go rata go ijesa monate.”
Pego eo e tswelela ka gore: “Basekaseki ba ile ba re ga go na jine epe, go kopanyeletsa le yone eno, e e bakang mefuta yotlhe ya botagwa. Batho bangwe ba ba ileng ba tlhatlhobiwa ba ba fitlhetsweng ba na le jine eno ga baa ka ba fetoga matagwa, fa bangwe ba ba ileng ba fitlhelwa ba sena nayo bone ba ile ba fetoga matagwa . . . Seemo sa loago le ngwao se ka nna sa bo se ile sa dira gore bontsi bo fetoge matagwa.”