LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 12/8 ts. 15-16
  • Bolwetse Jwa Pelo—Bo A Bolaya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bolwetse Jwa Pelo—Bo A Bolaya
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Fokotsa Bodiphatsa Jwa Jone Jang?
    Tsogang!—1996
  • Go Lemoga Matshwao—Le go A Tsibogela
    Tsogang!—1996
  • O ka Tila go Ema Pelo ga Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Tsogang!—1996
g96 12/8 ts. 15-16

Bolwetse Jwa Pelo—Bo A Bolaya

NGWAGA le ngwaga dimilionemilione tsa banna le basadi mo lefatsheng lotlhe di tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo. Bontsi bo a bo falola ba bo ba sala ka makoanyana a sekae fela morago ga foo. Ba bangwe bo a ba bolaya. Peter Cohn, yo e leng ngaka ya malwetse a pelo o bolela gore ba bangwe bone dipelo tsa bone di sala di gobetse thata mo e bileng “motho a sa itseng gore a o santse a tla kgona go dira ditiro tse di botlhokwa tse a neng a tlhola a di dira,” a bo a oketsa ka go re: “Ka jalo, go botlhokwa gore fa go kgonega, motho a bo alafelwe fela fa bo santse bo simolola.”

Pelo ke mosifa o o pompang madi gore a elele le mmele otlhe. Fa pelo e ema (karolo nngwe ya mosifa e gwama), bontlhanngwe jwa mosifa wa pelo bo a swa fa madi a sa fete ka one. Pelo e tlhoka okosejene le dikotla tse dingwe tse di elelang le madi gore e nne e itekanetse. Dilo tseno di fitlha kwa pelong ka ditshika tse dikgolo tsa yone tse di ithatheletseng ka yone.

Malwetse a ka tshwara karolo epe fela ya pelo. Lefa go ntse jalo, jo bo tshwenyang thata ke bolwetse jo bo bofitlha jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo jo bo bidiwang atherosclerosis. Fa bo go tshwara, plaque kana bokgakganyana jwa mafura, e kgomarela kafa teng ga ditshika. Morago ga lobaka, plaque eno e a koelana, e nna thata e bo e kabatsa ditshika e dira gore madi a se ka a elela sentle go ya kwa pelong. Bolwetse jono jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo (CAD [coronary artery disease]) ke jone jo bo dirang gore kgabagare pelo ya motho e eme.

Fa tshika e le nngwe kana tse di fetang foo di kabetse, seo se dira gore pelo e eme ka gonne e sa amogele okosejene e e lekaneng. Tota le mo ditshikeng tse di sa kabalang thata, plaque e ka nna ya phanyega mme mafofora a yone a bo a dira gore madi a gwame (thrombus). Gape go ka direga thata gore ditshika tse di lwalang di kokoropane. Madi a ka gwama fa di kokoropaneng teng, go bo go tswa khemikale e le yone e dirang gore tshika e sesafale go ya pele mo go bakang gore pelo e eme.

Fa go ka feta lobaka lo loleele mosifa wa pelo o sa amogele okosejene, thishu e e fa gaufi e tla gobala. Mosifa wa pelo ga o kgone go iintšhafatsa jaaka dithishu tse dingwe. Fa pelo e ka ema lobaka lo loleele, e tla gobala thata mme go ka direga thata gore motho a swe. Fa thulaganyo ya motlakase ya pelo e ka gobala, pelo ga e ne e itaya ka tsela e e siameng mme e ka simolola go roroma thata. Mo tiragalong eo ya fa pelo e sa iteye sentle, e tla palelwa ke go pompela madi kwa bobokong ka tsela e e tshwanetseng. Mo metsotsong e le lesome fela boboko bo tla bo bo swa mme motho a bo a tlhokafala.

Ka jalo, go botlhokwa thata gore motho a ikgolaganye ka bonako le ba tsa kalafi ba ba katiseditsweng seo. Ba ka thusa gore pelo e se ka ya gobala go ya pele, ba thibela kana ba alafa tsela e e itayang ka yone tota le eleng go namola botshelo jwa motho.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela