O ka Fokotsa Bodiphatsa Jwa Jone Jang?
BOLWETSE jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo (CAD [coronary artery disease]) bo amanngwa le dilo tse di farologaneng tse di malebana le dijini, tikologo le tsela ya go tshela. Motho a ka tlhaselwa ke CAD le go ema pelo ka ntlha ya go bo go fetile dingwagangwaga kgotsa masomesome a dingwaga a lebane le diphatsa tse di amanang le sengwe sa dilo tseno kana bontsi jwa tsone.
Dingwaga, Bong le go Gotsa
Bodiphatsa jwa go ema pelo bo a oketsega fa motho a ntse a gola. Mo e ka nnang diperesente di le 55 tsa batho ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa go ema pelo ke ba dingwaga tse di fetang tse 65. Mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa batho ba ba bolawang ke bolwetse jwa go ema pelo ke ba dingwaga tse 65 kana go feta.
Bo ka tshwara thata banna ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse 50 go gaisa basadi ba dingwaga tsone tseo. Fa mosadi a sa tlhole a bona kgwedi, bodiphatsa jwa gore bo mo tshwarwe bo a oketsega ka gonne horomone e e ntseng e mo sireletsa e e bidiwang eseterojene e fokotsegile thata. Go ya kafa batho bangwe ba fopholetsang ka teng, kalafi ya go busetsa esetorojene e ka nna ya thusa thata gore bodiphatsa jwa go tshwarwa ke pelo bo fokotsege ka diperesente di le 40 mo basading le mororo seo se ka oketsa bodiphatsa jwa gore ba tshwarwe ke mefuta mengwe ya kankere.
Go gotsa le gone go ka nna le seabe se segolo. Batho ba bo neng jwa tlhasela batsadi ba bone pele ga ba tshwara dingwaga tse 50 ba lebane le bodiphatsa jo bogolo jwa gore le bone bo ba tlhasele. Tota lefa bo ile jwa tlhasela batsadi ba na le dingwaga tse 50, go ka direga thata gore bo ba tlhasele. Fa mongwe mo lapeng a ile a tshwenngwa thata ke bolwetse jwa pelo go ka direga thata gore bana le bone bo ba tshwenye.
Kgang ya Kholeseterole
Kholeseterole ke selo sengwe se e keteng mafura se se leng botlhokwa thata mo botshelong. Sebete se a e tlhagisa mme madi a bo a e isa kwa diseleng e le ka sebopego sa dimolekhule tse di bidiwang di-lipoprotein. Mefuta e mebedi ya tsone ke, di-lipoprotein tse di nang le selekanyo se se ntsi (kholeseterole ya LDL [low-density lipoproteins]) le di-lipoprotein tse di nang le selekanyo se sennye (kholeseterole ya HDL [high-density lipoproteins]). Fa motho a na le kholeseterole e ntsi thata, go ka direga thata gore a tshwarwe ke CAD fa kholeseterole ya LDL e le ntsi thata mo mading a gagwe.
Ga twe HDL e dira seabe se segolo thata mo go sireletseng ka gonne e tlosa kholeseterole mo dithishung e bo e e busetsa kwa sebeteng koo e fitlhang e fetolwa teng e bo e tlosiwa mo mmeleng. Fa LDL e le ntsi thata mme HDL yone e le nnye thata, go ka direga thata gore motho a eme pelo. Go fokotsa selekanyo sa LDL go ka fokotsa bodiphatsa joo. Go ela tlhoko se o se jang ke selo se segolo se se ka alafang motho mme go ikatisa mmele le gone go ka thusa. Mefuta e e farologaneng ya diokobatsi e ka thusa, mme gone, mengwe ya yone e baka dilo dingwe tse di sa itumediseng fa o sena go nna o e dirisa.a
Go buelelwa gore motho a je dijo tse di senang kholeseterole e ntsi le mafura a a komota. Go ja dijo tse di senang mafura a a komota thata mo boemong jwa tse di nang le one ka bontsi, jaaka go emisetsa botoro ka oli ya canola kana oli ya olive, go ka fokotsa LDL mme ga somarela HDL. Kafa letlhakoreng le lengwe, American Journal of Public Health e bolela gore dioli tsa merogo tse di tswakantsweng thata le haeterojine kana tse di tswakantsweng go sekae fela le haeterojine tse di fitlhelwang mo majarining kana mo ditlhagisweng dingwe tse di apayang merogo di ka oketsa LDL mme tsa fokotsa HDL. Gape ba akantsha gore motho a fokotse go ja nama e e nang le mafura a mantsi mme a je dinama tse di senang mafura a mantsi tsa koko kana kalakuni.
Dipatlisiso di bontshitse gore bithamine ya E, beta-carotene, le bithamine ya C di ka fokotsa atherosclerosis mo diphologolong. Patlisiso nngwe e ne ya konela ka gore seno se ka nna sa thusa go fokotsa bolwetse jwa go ema pelo mo bathong. Go ja merogo le maungo a a nang le beta-carotene e ntsi le di-carotenoid le bithamine ya C, tse di jaaka ditamati, matlhare a botala jo bontsho, dipepere, digwete, dipotata le magapu letsatsi le letsatsi go ka nna ga go sireletsa ka tsela nngwe gore o se ka wa tshwarwa ke CAD.
Gape ga twe bithamine ya B6 le makenesiamo di ka thusa thata. Dijo tsa dithoro tse di jaaka barley le oats mmogo le dinawa, di-lentil le dithoro dingwe le manoko di ka thusa. Mo godimo ga moo, go akanngwa gore go ja tlhapi e e jaaka ya salmon, mackerel, herring kana tuna bobotlana gabedi ka beke, go ka fokotsa bodiphatsa jwa go tshwarwa ke CAD ka gonne di na le diasiti tsa mafura tse di seng komota tsa omega-3.
Botshelo Jwa go Tlhola o Ntse Fela
Go ka direga thata gore batho ba ba tlholang ba ntse fela ba tlhaselwe ke bolwetse jwa go ema pelo. Ba fetsa nako e ntsi thata ba ntse fela letsatsi le letsatsi e bile ga ba ke ba ikatisa mmele. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba tlhaselwa ke bolwetse jwa pelo fa ba fetsa go dira dilo dingwe tse di thata tse di jaaka go bereka thata mo tshingwaneng, go tshematshema, go tsholetsa dilo tse di bokete kana go tlosa kapoko ka garawe. Lefa go ntse jalo, bodiphatsa jwa gone bo ka fokotsega thata mo bathong ba ba ikatisang ka metlha.
Go gwanta metsotso e le 20 go ya go e le 30 gararo kana ganè ka beke go ka fokotsa bodiphatsa jwa go ema pelo. Go ikatisa mmele ka metlha go nonotsha pelo gore e kgone go pompa sentle, go fokotsa go nona e bile go ka fokotsa selekanyo sa kholeseterole gape go fokotsa kgatelelo ya madi.
Haebolate, go Nona Thata le Taebetese
Haebolate (hypertension) e ka gobatsa boalo jwa ditshika tse dikgolo ya ba ya dira gore kholeseterole ya LDL e tsene kafa teng ga ditshika tse dikgolo ga ba ga dira gore plaque e koelane. Fa bokgakganyana jwa plaque bo ntse bo oketsega, bo kgoreletsa madi go elela sentle mme kgatelelo ya madi e tla oketsega.
Motho o tshwanetse go tlhatlhobiwa kgatelelo ya madi ka metlha ka jaana a ka nna a se ka a bona matshwao ape a gore go na le bothata. Go fokotsa kgatelelo ya madi e e bidiwang diastolic (ya fa madi a fologela kwa karolong e e kwa tlase ya pelo) ka ntlha e le nngwe go ka fokotsa bodiphatsa jwa go ema pelo ka diperesente di le 2 go ya go di le 3. Melemo e e dirisiwang go fokotsa kgatelelo ya madi e ka nna ya thusa. Go ikeha mo dijong dingwe, ka dinako tse dingwe le go ikeha mo go jeng letswai le go iphokotsa mmele ka go ikatisa mmele ka metlha go ka go thusa go reba haebolate.
Go nona thata go gakatsa haebolate e bile go dira gore o nne le mafura a mantsi thata. Go tila go nona kgotsa go iphokotsa mmele ke selo sa konokono se se ka go thusang gore taebetese e se ka ya go tshwara. Taebetese e gakatsa CAD e bile e oketsa bodiphatsa jwa go ema pelo.
Go Goga
Go goga sekerete ke selo se segolo se se bakang CAD. Kwa United States, ke gone go ka tlhamalalo go bakang dintsho tsa batho ba le diperesente di le 20, botlhe e le ka ntlha ya bolwetse jwa pelo le go baka gore mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa basadi ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse 55 ba tshwarwe ke bolwetse jwa go ema pelo. Go goga sekerete go oketsa kgatelelo ya madi e bile go leswafatsa madi ka dikhemikale tse di botlhole tse di jaaka nikotine le khabonemonokosaete. Dikhemikale tseno le tsone di gobatsa ditshika.
Batho ba ba gogang gape ba tsenya batho ba ba hemang mosi wa bone mo kotsing e kgolo. Dipatlisiso di senola gore batho ba ba sa gogeng ba ba nnang le ba ba gogang ba mo kotsing e kgolo ya go tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo. Ka jalo, motho a ka fokotsa bodiphatsa jwa gore bo mo tshware le go namola botshelo jwa baratiwa ba gagwe ba ba sa gogeng ka go tlogela go goga.
Go Ngomoga Pelo
Go ka direga thata gore batho ba ba tshwerweng ke CAD ba tlhaselwe ke bolwetse jwa go ema pelo le go swa ka ntlha ya pelo fa ba ngomogile maikutlo kgotsa tlhaloganyo go gaisa ba ditshika tsa bone di itekanetseng fela. Go ya ka patlisiso nngwe, go ngomoga pelo go ka dira gore ditshika tse di paketseng plaque di sesafale thata, mme seno se dira gore lobelo lo madi a elelang ka lone lo fokotsege ka diperesente di le 27. Batho bangwe ba ditshika tsa bone di neng di sa kabala thata le bone ba ne ba fitlhelwa ditshika tsa bone di sesafetse thata. Patlisiso e nngwe e bolela gore go ngomoga pelo thata go ka dira gore plaque e e paketseng mo boalong jwa tshika e phanyege mo go gakatsang bolwetse jwa go ema pelo.
Consumer Reports on Health e bolela jaana: “Batho bangwe ba leba botshelo ka maikutlo a a sa siamang. Ga ba tshepe ope, ba bogale thata e bile ba gakatsega go sa twe sepe. Lefa gone bontsi jwa batho bo itlhokomolosa dilo tse di sa reng sepe, batho ba ba seng botsalano bone ba kgopisega motlhofo fela.” Go galefa thata le go se nne botsalano go tlhatlosa kgatelelo ya madi, go dira gore pelo e iteye ka bonako e bile go dira gore sebete se tshololele kholeseterole mo mading. Seno se gobatsa ditshika tse dikgolo tsa pelo e bile go baka CAD. Go akanngwa gore go galefa go gakatsa bodiphatsa jwa go tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo ka selekanyo se se imenneng gabedi mme kotsi eo e ka direga nako nngwe le nngwe mo diureng tse di ka nnang tse pedi. Ke eng se se ka thusang?
Go ya ka The New York Times, Dr. Murray Mittleman o ne a re batho ba ba lekang go nna fela ba ritibetse fa go omanwa ba ka nna ba kgona go fokotsa bodiphatsa jwa go tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo. Seo se utlwala se tshwana le mafoko ano a Baebele a a kwadilweng makgolokgolong a dingwaga a a fetileng: “Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama.”—Diane 14:30.
Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore go ngomoga pelo go utlwala jang. O ne a kwala ka ditlhobaelo tsa botshelo tse di neng di mo tshwenya letsatsi le letsatsi. (2 Bakorinthe 11:24-28) Lefa go ntse jalo Modimo o ne a mo thusa mme a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaediwa ke sepe; mme mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo. Kagiso ya Modimo e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tlaa dibela dipelo tsa lona le megopolo ya lona mo go Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
Lefa gone go na le dilo tse dingwe tse di amanang le malwetse a pelo, tse go builweng ka tsone fano di ka thusa motho go lemoga diphatsa tsa teng e le gore motho a kgone go tsaya dikgato tse di tshwanetseng. Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba ile ba ipotsa gore batho ba ba tshwanelwang ke go itshokela ditlamorago tsa go tshwarwa ke bolwetse jwa go ema pelo ba ikutlwa jang. Motho a ka kgona go fola go le kana kang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsogang! ga e buelele kalafi epe ya melemo, go ikatisa kana dijo tse di rileng mme e ntsha fela tshedimosetso e e batlisisitsweng sentle. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ya se a tla se dirang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Go goga, go galefafalefa fela, go ja dijo tse di mafura le go tshela o sa dire sepe go ka gakatsa bodiphatsa jwa go tshwarwa ke bolwetse jwa go ema pelo