Go Lemoga Matshwao—Le go A Tsibogela
FA O simolola go lemoga gore o tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo, go botlhokwa gore o senke thuso ya ba tsa kalafi ka yone nako eo ka jaana go ka direga thata gore o swe mo ureng ya ntlha fa bo sena go go tlhasela. Fa o ka bona kalafi ka bonako go ka go thusa go namola mosifa wa pelo gore o se ka wa gobala thata. Fa ba ka kgona go namola karolo e kgolo ya mosifa wa pelo ya gago, pelo e ka bowa ya kgona go pompa madi sentle morago ga go ema.
Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe pelo e ema e sa itemose, go sena matshwao ape a a lemotshegang. Fa go ntse jalo motho a ka nna a se ka a lemoga gore o tshwerwe ke bolwetse jwa ditshika tse dikgolo tsa pelo (CAD). Ka maswabi, mo bathong ba bangwe letshwao la ntlhantlha la gore o tshwenngwa ke pelo e nna fa e ema gotlhelele. Fa pelo e ema (e emisa go pompa madi), go ka direga thata gore motho a se ka a falola kwantle ga fa ba ka bitsa setlhopha sa banamodi ka yone nako eo le go dirisa tsela ya go dira gore motho a tswelele a hema ka nako e pelo e emeng ka yone ka go mo budulela moya mo dinkong o ntse o tla o tobetsa sehuba sa gagwe (CPR [cardiopulmonary resuscitation]).
Harvard Health Letter e bega gore mo e ka nnang halofo ya bontsi jwa batho ba ba nang le matshwao a CAD ba itlhokomolosa go senka thuso ya kalafi. Ka ntlha yang? “Gantsi ke ka gonne ba sa lemoge gore matshwao ao a bone a supa eng kana ba sa a tseye tsia.”
John,a yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a tlhaselwa ke bolwetse jwa go ema pelo o gakolola jaana: “Fa o belaela gore go na le sengwe se se sa siamang, o se ka wa diega go senka thuso ya kalafi ka ntlha ya go boifa gore go tla twe o ipetola thata. Ke batlile ke swa ka go bo ke ile ka se ka ka tsiboga ka bonako.”
Se se Diragetseng
John o a tlhalosa: “Ngwaga le halofo pele ga pelo ya me e ema, ngaka e ne ya ntlhagisa gore ke na le kholeseterole e ntsi thata, e leng selo se se kotsi thata se se bakang CAD. Lefa go ntse jalo, ke ne ka itlhokomolosa seo ka jaana ke ne ke tsaya gore ke sa le mosha—dingwaga tse di kwa tlase ga tse 40—e bile ke itekanetse sentle. Ruri ke ikwatlhaela go bo ke se kile ka tsaya kgato ka nako eo. Ke ile ka lemoga matshwao a mangwe gape pele ga pelo ya me e ema—ke hupela thata fa ke bereka thata, ke tlhabiwa ke ditlhabi tse ke neng ke tsaya gore ke go bipelwa le go tsaya dikgwedi di le mmalwa ke na le letsapa le le feteletseng. Ke ne ke tsaya gore dilo tseno tsotlhe di bakwa ke go bo ke ne ke robala nako e khutshwane thata le ke go ngomoga pelo thata kwa tirong. Malatsi a le mararo pele ga pelo ya me e ema, ke ne ka utlwa e kete mosifa wa me o kokoropane fa sehubeng. E ne e le fa pelo ya me e ema go sekae pele ga e ema thata malatsi a le mararo morago ga foo.”
Mo e ka nnang halofo ya batho ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa go ema pelo ba simolola ba utlwa ditlhabi mo sehubeng kana go gogega, tse di bidiwang angina. Ba bangwe bone ba simolola ba utlwa ba hupela kana ba ikutlwa ba na le letsapa, se se supang gore pelo ga e amogele okosejene e e lekaneng ka ntlha ya go bo tshika nngwe e kgolo e kabetse. Fa o lemoga matshwao a a ntseng jalo o tshwanetse go itlhaganelela kwa ngakeng gore e go tlhatlhobe pelo. Dr. Peter Cohn o bolela jaana: “Fa o sena go alafelwa angina, ga re ka ke ra tlhomamisa gore seo se tla kganela gore pelo ya gago e se ka ya ema, lefa go ntse jalo, go ka nna ga thusa thata gore e se ka ya ema ka nako eo.”
Fa e Ema
John o a tswelela: “Ka letsatsi leo re ne re ya go tshameka sofotebolo. Fa ke ntse ke ja hambeka le ditapole tse di gadikilweng e le dijo tsa motshegare, ke ne ka simolola go khidiega, ke pipitlelwa ka bo ka gagamala mo godimo ga mpa. Mme fa re fitlha kwa lebaleng la metshameko mme re simolola go tshameka, ke ne ka lemoga gore go na le sengwe se se phoso. Mo motshegareng oo, ke ne ka nnela maswe go ya pele.
“Gangwe le gape ke ne ke tla ke kanama mo bankeng ya batshameki ke leka go phutholola mesifa ya sehuba, mme ka nna ka utlwa e gagamala go ya pele. Fa ke ntse ke tshameka, ke ne ke ipolelela gore, ‘Gongwe ke tshwerwe ke foluu’ ka gonne ke ne ke tla ke ikutlwa ke nyeregana e bile ke koafala. Fa ke ne ke re ke a taboga, ke ne ke hupela. Ke ne ka kanama gape mo bankeng. Fa ke re ke a ema, go ne go sena pelaelo ya gore ke ne ke na le bothata jo bogolo. Ke ne ka goa morwaake e bong James ke re: ‘Nkisang kokelong gone JAANONG!’ E ne e kete sehuba sa me se bobetsegile. Setlhabi sa teng se ne se le botlhoko thata mo ke neng ke palelwa ke go ema. Ke ne ka akanya jaana, ‘A ruri ga ke a tshwarwa ke bolwetse jwa go ema pelo? Ke na le dingwaga di le 38 fela!’”
Morwa wa ga John yo ka nako eo a neng a na le dingwaga tse 15 o bolela jaana: “Papa o ile a nyeregana mo metsotsong e sekae fela mo re neng ra tshwanelwa ke go mo rwalela kwa koloing. Tsala ya me e ne ya kgweetsa koloi e tla e botsa Papa dipotso gore a kgone go bona gore o ntse a dira jang. Kgabagare Papa o ne a sa tlhole a di araba. Tsala ya me e ne ya mo goa e re, ‘John!’ Mme rre o ne a se ka a araba. Morago ga moo Papa o ne a kgothega mo setulong a rutlarutlega a bo a kgwa. Ke ne ka nnela go mo goa ke re: ‘Papa! Ke a go rata! O se ka wa swa tlhe!’ Morago ga go rutlarutlega jalo o ne a rapalala mo setulong. Ke ne ka akanya gore o tlhokafetse.”
Kwa Kokelong
“Re ne ra sianela mo kokelong go senka thuso. Go ne go fetile metsotso e le mebedi kana e le meraro ke akanya gore Papa o tlhokafetse, lefa go ntse jalo, ke ne ke na le tsholofelo ya gore ba ka dira gore a thanye. Ke ile ka gakgamadiwa ke go bona Basupi ba ga Jehofa ba gaetsho ba le 20 ba ba neng ba na le rona kwa lebaleng la metshameko le bone ba le teng mo kamoreng ya go letela balwetse. Ba ne ba ntira gore ke ikutlwe ke gomotsega e bile ke ratiwa, e leng selo se se neng sa nthusa thata mo nakong eo ya khutsafalo. Mo e ka nnang metsotso e le 15 morago ga foo, ngaka e ne ya tla mme ya tlhalosa jaana: ‘Re kgonne go dira gore rraago a thanye, lefa go ntse jalo, o ile a tsogelwa ke bolwetse jo bo masisi jwa go ema pelo. Ga re itse gore a o tla tshela.’
“Morago ga foo e ne ya ntetla go ya go bona Papa go sekae. Papa o ne a nkama pelo thata fa a ne a mpolelela gore o a re rata. O ile a bua jaana a le mo ditlhabing tse di botlhoko: ‘Shimi, ke a go rata. Ka metlha o se ka wa lebala gore Jehofa ke ene motho yo o botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. O se ka wa bo wa tlogela go mo direla, thusa mmaago le bomonnao gore le bone ba se ka ba tlogela go mo direla. Re na le tsholofelo e e tlhomameng ya tsogo, mme fa nka swa, ke batla go lo bona lotlhe fa ke tsoga.’ Re ne ra tsholola dikeledi ka ntlha ya lorato, poifo le tsholofelo.”
Mosadi wa ga John e bong Mary, o ne a goroga morago ga ura. “Fa ke fitlha kwa kamoreng ya maemo a tshoganetso, ngaka e ne ya re: ‘Monna wa gago o ile a tsogelwa ke bolwetse jo bo masisi jwa go ema pelo.’ Ke ne ka garoga pelo. O ile a ntlhalosetsa gore ba lekile go tsibosa pelo ya ga John ga robedi. Selo seno se se dirwang mo maemong a tshoganetso se akaretsa go dirisa maatla a motlakase go dira gore pelo e se ka ya roroma mme e simolole go itaya ka tsela e e tshwanetseng. Mokgwa ono wa go tsibosa pelo ke mokgwa o o gatetseng pele thata wa go namola matshelo fa o dirisiwa le CPR, go tsenya motho okosejene le go fa motho diokobatsi ka go di tsenya ka ditshikana.
“E ne ya re fa ke bona John pelo ya me ya gogomoga. O ne a setlhafetse, ba mo gokeletse mo metšhineng ka dipeipi tse dintsintsi le megala. Ke ne ka rapela Jehofa mo pelong gore a mphe nonofo gore ke itshokele teko eo ka ntlha ya bana ba rona ba bararo, ka ba ka kopa le gore a nkaele le go nthusa go dira ditshwetso tse di siameng malebana le se se neng se ka direga. Fa ke ntse ke atamela bolao jwa ga John ke ne ka akanya jaana, ‘Ke eng se motho a ka se bolelelang moratiwa wa gagwe mo nakong e e ntseng jaana? A ruri re ipaakanyeditse seemo seno se se ka nnang sa mo amoga botshelo?’
“John o ne a re: ‘Ratu, o a itse gore nka nna ka se ka ka falola bolwetse jo. Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore wena le basimane lo nne lo ikanyegile mo go Jehofa ka gonne go ise go ye kae tsamaiso eno e tloga e nyelediwa mme go tla bo go sa tlhole go na le malwetse le loso. Ke batla go go bona mmogo le basimane mo tsamaisong e ntšha fa ke tsoga.’ Re ne ra tsholola dikeledi.”
Ngaka e a Tlhalosa
“Moragonyana ngaka e ne ya mpiletsa kwa thoko mme ya ntlhalosetsa gore fa ba ntse ba sekaseka John, ba lemogile gore pelo ya gagwe e ile ya ema ka ntlha ya go bo tshika ya gagwe e kgolo e e kafa molemeng e e eledisang madi go ya kwa tlase e ne e kabetse gotlhelele ka diperesente di le 100. Tshika e nngwe e kgolo le yone e ne e kabetse. Ngaka e ne ya mpolelela gore ke tshwanetse go dira tshwetso ya gore ba dirise mokgwa ofe go alafa John. Mekgwa e mebedi e ba neng ba ka e dirisa, e ne e le wa go dirisa diokobatsi le wa angioplasty. O ne a akanya gore ono wa angioplasty o ne o le botoka thata, ka jalo, re ne ra tlhopha go dirisa one. Lefa go ntse jalo, dingaka di ne tsa se ka tsa ntsholofetsa sepe ka gonne bontsi jwa batho ga bo ke bo falola tsela e e ntseng jalo ya go ema pelo.”
Angioplasty ke mokgwa wa go ara o mo go one go sotlhomediwang peipinyana e e nang le motsu wa baluni mo ditshikeng tse dikgolo tsa pelo ya motho e bo e budulwa gore e di kabolole. Mokgwa ono o a tle o atlege thata mo go direng gore madi a motho a bowe a elele sentle gape. Fa ditshika di sekae di kabetse thata, gantsi ba tle ba akantshe gore go dirisiwe karo ya bypass (go dira gore madi a kekologe tshika e e kabetseng).
Go Fopholetsa Go go Sa Solofetseng
Fa ba sena go dira angioplasty, go ne ga feta diura tse 72 botshelo jwa ga John bo tshwere ka bobi jwa segokgo. Kgabagare pelo ya gagwe e ne ya simolola go nonofa. Lefa go ntse jalo, pelo ya ga John e ne e pompa ka halofo fela ya selekanyo se e neng e tlhola e pompa ka sone mme karolo e ntsi ya yone e ne e na le mabadi mo dithishung, ka jalo, go ne go bonala fa a tla golafala pelo.
Fa John a bua ka seo, o gakolola jaana: “Re na le maikarabelo a go akanya ka Mmopi wa rona, malapa a rona, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya le rona ka namana go reetsa ditlhagiso le go tlhokomela boitekanelo jwa rona—segolobogolo fa e le gore re ka nna ra swa. Tota ruri, re ka ba itumedisa kana ra ba hutsafatsa. Go ikaegile ka rona.”
Kgang ya ga John e ne e le masisi thata e bile e ne e tlhoka gore e tsibogelwe ka yone nako eo. Lefa go ntse jalo, ga se gore batho botlhe ba ba ikutlwang e kete ba tshwerwe ke lesokolela ba tshwanetse go tabogela kwa ngakeng. Lefa go ntse jalo, selo seo se se mo diragaletseng se tshwanetse go re tsibosa, mme batho ba ba ikutlwang ba na le matshwao ao ba tshwanetse go ya go itekola.
Ke eng se motho a ka se dirang go fokotsa bodiphatsa jwa go tsenwa ke bolwetse jwa go ema pelo? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka seo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a a mo ditlhogong tseno a fetotswe.
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Matshwao A Go Ema Pelo
• Go ikutlwa e kete sehuba sa gago se bobetsegile, se gamutlilwe, kana o utlwa ditlhabi tse di tsayang metsotso e sekae. O ka tloga wa ithaya wa re o tshwerwe ke lesokolela le le maswe
• Ditlhabi tse di ka nnang tsa anamela kwa—kana tsa ikgara fela—mo ditlhaeng, mo thamong, mo magetleng, mo matsogong, mo dikgonong kana kafa seatleng sa molema
• Setlhabi se se sa feleng mo godimo ga mpa
• Go hupela, go tsewa ke sedidi, go idibala, go fufula thata kana o le bongola fa o kgomiwa
• Letsapa—le ka go tshwenya dibeke pele ga pelo e ema
• Go bipelwa kana go kgwa
• Go tlhaselwa ke ditlhabi tsa angina gangwe le gape e se ka ntlha ya go bereka thata
Matshwao ano a ka farologana, a ka nna masisi kana a se ke a nne masisi e bile ga a ke a tlhasela motho otlhe ka nako ya fa pelo e tla go ema. Mme fa o ka ikutlwa o na le mangwe a one, senka thuso ka bonako. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga go ke go nna le matshwao ape; seo se bidiwa go ema pelo go go sa itshupeng.
[Lebokoso mo go tsebe 19]
Ditsela Tsa Go Iphalotsa
Fa wena kana mongwe yo o mo itseng a bonala a na le matshwao a go ema pelo:
• Lemoga matshwao ao.
• Emisa sepe fela se o se dirang o bo o nna fa fatshe kana o rapame.
• Fa matshwao ao a tsaya metsotso e le mentsinyana, founela lefelo la gaeno la maemo a tshoganetso. Bolelela yo o arabang founo gore o belaela gore pelo ya gago e a ema o bo o mo naya le tshedimosetso e e tlhokegang gore ba kgone go fitlha mo lefelong le o leng mo go lone.
• Fa e le gore o ka kgona go isa molwetse kwa kamoreng ya kokelo ya maemo a tshoganetso ka koloi ka bowena, dira jalo. Fa o belaela gore pelo ya gago e a ema, kopa mongwe gore a go ise ka koloi.
Fa o letetse setlhopha sa kalafi sa maemo a tshoganetso:
• Bofolola diaparo tsotlhe tse di mmofileng go akaretsa le lebante kana thae. Thusa molwetse gore a phuthologe, o mo tshetlega ka mesamo fa go tlhokega.
• E ka ne ke wena molwetse kana o le mothusi wa gagwe, ritibala. Go gogomoga maikutlo go ka dira gore pelo e se ka ya itaya sentle mo go ka nnang ga direga thata gore motho a swe. Thapelo e ka nna selo se segolo se se ka nonotshang motho gore a ritibale.
Fa e kete molwetse ga a tlhole a hema:
• Mmotse jaana o goela kwa godimo, “A wa nkutlwa?” Fa molwetse a sa arabe, pelo ya gagwe e sa ube e bile a sa heme, simolola go dira cardiopulmonary resuscitation (CPR).
• Gakologelwa dikgato tse tharo tsa motheo tsa CPR:
1. Tsholeletsa seledu sa molwetse kwa godimo gore diphatlha tse mowa o tsenang ka tsone di bulege.
2. Fa diphatlha tseo tsa mowa di ntse di bulegile jalo, budulela mowa gabedi ka iketlo mo molomong wa gagwe o tla o mo kabakaba dinko go fitlha sehuba sa gagwe se gogomoga.
3. Tobetsa sehuba sa gagwe fa godimo ga setshwabu ka makgetlho a le 10 go ya go a le 15 go pateletsa madi gore a tswe mo pelong le mo sehubeng. Morago ga metsotso mengwe le mengwe e le 15, mmudule o bo o mo tobetsa ga 15 go fitlha o utlwa pelo ya gagwe e simolola go uba e bile a hema kana go fitlha setlhopha sa maemo a tshoganetso se goroga.
CPR e tshwanetse go dirwa ke motho yo o e katiseditsweng. Mme fa go sena ope yo o e katiseditsweng, Dr. R. Cummins yo e leng mokaedi wa tlhokomelo ya maemo a tshoganetso a malwetse a pelo a re, “go botoka go dira CPR ka tsela epe fela go na le go se e dire gotlhelele.” Fa mongwe a sa leke go dira dikgato tseno, go ka direga thata gore motho a se ka a falola. CPR e thusa motho go nna a thenyathenya go fitlha a bona thuso.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go bona kalafi ka bonako morago ga go ema pelo go ka namola botshelo jwa motho le go thusa gore pelo ya gagwe e se ka ya gobala thata