Go Tlogela Bokebekwa Jwa Digongwana—“Ke ne Ke le Yakuza”
“PAPA, fa o tla gae o fitlhe o ye le rona kwa dipokanong. Ntsholofetse, a o tla dira jalo?” Ke ne ka amogela lekwalo leno le tswa kwa go morwadiake wa bobedi mme ke ne ke le mo kgolegelong lekgetlho la boraro. Ene le mosadi wa me ba ne ba nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. E re ka makwalo a a neng a tswa kwa lelapeng la me e ne e le one fela dilo tse di neng di nkgomotsa, ke ne ka mo solofetsa gore ke tla dira jaaka a nkopile.
‘Ke eng fa ke inaakantse le botshelo jwa bokebekwa jo bo nkgaoganyang le lelapa la me?’ ke ne ka ipotsa jalo ka pelo. Ke ne ka gakologelwa nako ya fa ke santse ke le monnye thata. Rre o tlhokafetse ke santse ke le dikgwedi tse 18, ka jalo, ga ke kgone go gakologelwa le sefatlhego sa gagwe. Mmè o ne a nyalwa gabedi morago ga foo. Maemo a a ntseng jalo a lelapa a ne a nkama thata, mme ke ne ka simolola go itsalanya le ditsotsi fa ke le mo sekolong se segolo. Ke ne ka simolola go rata ntwa mme gantsi ke ne ke tlhola ke lole fa sekolo se dule. Fa ke le mo ngwageng wa bobedi mo sekolong se segolo, ke ne ka tlhama setlhopha sa barutwana gore re tlhole re lole le tse dingwe. Ka ntlha ya seno, ke ne ka tshwarwa mme ka romelwa kwa setheong sa diganana ka lobakanyana.
Ke ne ke simolola go inaakanya le botshelo jwa tirisodikgoka. Go ise go ye kae, ke ne ka tlhama segopa sa diganana mme re tlhola re itisatisa gaufi le diofisi tsa bo-yakuza. Fa ke le dingwaga tse 18 ke ne ka nna leloko la setlhopha seo ka botlalo. Fa ke le dingwaga tse 20, ke ne ka tshwarelwa ditiro tse di farologaneng tsa tirisodikgoka mme ka atlholelwa dingwaga tse tharo mo kgolegelong. Sa ntlha, ke ne ka tsenngwa mo Kgolegelong ya Basha ya Nara, lefa go ntse jalo, boitshwaro jwa me bo ne jwa se ka jwa fetoga. Ka jalo, ke ne ka romelwa kwa kgolegelong e nngwe ya bagolo. Mme ke ne ka nnela maswe go ya pele mme kgabagare ka felela ke le kwa kgolegelong ya dikebekwa tse di kotsi thata kwa Kyoto.
‘Ke eng fa ke nnetse go dira ditiro tse di ntseng jaana tsa bokebekwa?’ ke ne ka ipotsa jalo. Fa ke akanya sentle ke ne ka fitlhela gore e ne e le ka ntlha ya go akanya dilo ka boeleele. Ka nako eo, ke ne ke akanya gore boitshwaro jo bo ntseng jalo ke bogonkga, go supa gore ke monna tota. Fa ke ne ke gololwa mo kgolegelong ke le dingwaga tse 25, dikebekwa tse dingwe di ne di ntsaya ke le motho yo o nang le seriti. Jaanong ke ne ke bulegetswe ke tshono ya go nna le maemo a a kwa godimo mo ditirong tsa bokebekwa.
Kafa Lelapa La me Le Neng la Tsiboga ka Gone
Ke ne ka nyala ka yone nako eo, mme go ise go ye kae ke fa nna le mosadi wa me re setse re na le barwadi ba babedi. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa me bo ne jwa se ka jwa fetoga. Ke ne ka nnela go tsena ke tswa mo kgolegelong le go ya gae—ke itaya batho le go gapa dilwana tsa bone. Tiragalo nngwe le nngwe ya tseno e ne e dira gore dinokwane tse dingwe di ntlotle le gore moeteledipele wa rona a ntshepe. Kgabagare, “nkgonne” wa yakuza o ne a bona maemo a a kwa godimo mme a nna moeteledipele wa segopa. Ke ne ka tlhophiwa go nna wa maemo a bobedi go tswa mo go ene.
‘Mosadi wa me le bomorwadiake ba ikutlwa jang ka tsela eno e ke tshelang ka yone?’ ke ne ka akanya jalo ka pelo. Ba tshwanetse ba bo ba swabisiwa ke go bo ke le monna le rre wa senokwane. Ke ne ka tshwarwa gape fa ke le dingwaga tse 30 mme ka tshwarwa gape ke le tse 32. Ka nako eo, dingwaga tse tharo tseo mo kgolegelong di ne di le boima thata. Bomorwadiake ba ne ba sa letlelelwa go tla go nketela. Ke ne ka tlhoafalela go tlotla le bone le go ba tlamparela.
Ka nako ya fa ke simolola sekwebo seno sa bofelo ke le mo kgolegelong, mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi le letsatsi o ne a nkwalela a mpolelela boammaaruri jo a neng a ithuta jone. ‘Boammaaruri jono jo mosadi wa me a mpolelelang jone ke eng?’ ke ne ka ipotsa jalo. Ke ne ka bala Baebele yotlhe fa ke le mo kgolegelong. Ke ne ka akanya ka se mosadi wa me a neng a bua ka sone mo makwalong malebana le tsholofelo ka isagwe le ka maikaelelo a Modimo.
Ke ne ka kgatlhegela go utlwa gore batho ba tlile go tshelela ruri mo Paradaising ka gonne ke ne ke tshaba loso tota. Ke ne ke tlhola ke akanya jaana, ‘Fa o swa o a bo o paletswe.’ Fa ke akanya sentle, ke fitlhela gore go boifa go swa ke gone go neng go ntira gore ke nnele go gobatsa batho ba bangwe pele ga ba nkgobatsa. Makwalo a mosadi wa me gape a ne a ntira gore ke lemoge kafa go batla maemo a a kwa godimo mo ditirong tsa bonokwane go se nang thuso ka teng.
Lefa go ntse jalo, ke ne ka se ka ka kgatlhegela go ithuta boammaaruri. Mosadi wa me o ne a ineela go Jehofa mme a nna mongwe wa Basupi ba gagwe ba ba kolobeditsweng. Le mororo mo lekwalong la me ke ile ka dumela go ya dipokanong tsa bone ke ne ke sa akanyetse go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke ikutlwa e kete mosadi wa me le bomorwadiake ba ne ba setse ba ntshiile, ba ntlogetse kwa morago.
Go Tswa mo Kgolegelong
Kgabagare letsatsi la go gololwa le ne la goroga. Dinokwane di le dintsi di ne di eme mo dikgorwaneng tsa Kgolegelo ya Nagoya go tla go nkamogela. Lefa go ntse jalo, mo boidiiding joo jwa batho ke ne ke batla mosadi wa me fela le bomorwadiake. Ke ne ka tsholola dikeledi fa ke bona bomorwadiake ba ba neng ba setse ba godile thata mo lobakeng loo lwa dingwaga tse tharo le dikgwedi tse thataro.
Malatsi a mabedi fa ke sena go ya gae, ke ne ka dira jaaka ke ne ke solofeditse morwadiake wa bobedi mme ka nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka gakgamalela go bona tsela e botlhe ba ba neng ba le gone ba neng ba itumetse ka yone. Basupi ba ne ba nkamogela ka diatla tsoopedi, lefa go ntse jalo, ke ne ke sa phuthologa. Moragonyana fa ke utlwa gore ba ba neng ba ntumedisa ba ne ba itse gore ke sekebekwa ke ne ka tlalelwa. Lefa go ntse jalo, ke ne ka lemoga lorato lwa bone ka ba ka kgatlhiwa ke puo e e neng e neelwa e e neng e theilwe mo Baebeleng. E ne e bua ka fa batho ba tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.
Kgang ya go akanya mosadi wa me le bomorwadiake ba falolela mo Paradaising mme nna ke nyelediwa e ne e nngomola pelo tota. Ke ne ka akanya thata ka se ke tshwanetseng go se dira gore ke tshelele ruri le lelapa la me. Ke ne ka simolola go akanyetsa go tlogela botshelo jwa bonokwane mme ka simolola go ithuta Baebele.
Go Tlogela Botshelo Jwa me Jwa Bokebekwa
Ke ne ka emisa go tlhola ke ya dikhuduthamageng tsa segopa sa bonokwane mme ka ikgaoganya le bo-yakuza. Go ne go le thata go fetola tsela ya me ya go akanya. Ke ne ke tle ke ye kwa le kwa ka koloi e kgolo ya modiro wa mafatshe a sele e le fela go ijesa monate—e le fela go itlotlomatsa. Go ne ga ntsaya dingwaga tse tharo gore ke ananye koloi ya me ka ya mofuta o o tlwaelegileng. Gape ke ne ke tle ke sekamele mo go direng dilo ka tsela e e batlwang ke nna. Lefa go ntse jalo, fa ke ntse ke ithuta boammaaruri ke ne ka bona gore ke tshwanetse go fetoga. Mme, jaaka fa Jeremia 17:9 e bolela, “pelo e boferefere bogolo go dilo tsotlhe, e botlhoko thata.” Ke ne ke itse gore tsela e e siameng ke efe, lefa go ntse jalo, go ne go le thata go dira dilo go ya ka se ke neng ke se ithuta. Mathata a ke neng ke lebane le one e ne e kete ke thaba e kgolo. Ke ne ka simolola go tshwenyega, gantsi ke ne ke tle ke tlelwe ke kakanyo ya gore ke tlogele go ithuta le go tlogela go akanyetsa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Mme, motho yo o neng a ithuta Baebele le nna o ne a laletsa molebedi yo o etang yo o godileng ka tsela e e tshwanang le e ke godileng ka yone go tla go neela puo ya phatlalatsa mo phuthegong ya rona. O ne a tswa kgakalakgakala kwa Akita e e dikilometara tse 650 go tswa mono Suzuka go tla go nkgothatsa. Morago ga moo, nako nngwe le nngwe fa ke ne ke lapa mme ke akanya go tlogela, ke ne ke amogela lekwalo le le tswang kwa go ene, a mpotsa gore a ke santse ke sepela ka tlhomamo mo tseleng ya Morena.
Ke ne ka nna ka rapela Jehofa gore a nne a nthuse go kgaogana gotlhelele le bo-yakuza. Ke ne ka tshepa gore Jehofa o tla araba thapelo ya me. Kgabagare ka April 1987, ke ne ka kgona go kgaogana gotlhelele le segongwana sa bo-yakuza. E re ka kgwebo ya me e ne e ntlhoka gore kgwedi le kgwedi ke ye moseja, e nkgaoganya le lelapa la me, ke ne ka fetola tiro ya me ka dira tiro ya go phepafatsa. Seno se ne sa nthusa gore motshegare ke nne le nako e nka dirang ditiro tsa semoya ka yone. E ne e le la ntlha ke amogela tuelo ka enfelopo. E ne e le nnye lefa go ntse jalo e ne e intumedisa tota.
Ka nako ya fa ke ne ke le moeteledipele wa maemo a bobedi mo segongwaneng sa yakuza ke ne ke humile, mme jaanong ke na le khumo ya semoya e e sa nyeleleng. Ke itse Jehofa. Ke itse maikaelelo a gagwe. Ke na le melaometheo e ke tshelang ka yone. Ke na le ditsala tsa boammaaruri tse di nthatang. Mo go bo-yakuza digopa tsa dinokwane di ne di lebega di ratana, lefa go ntse jalo, go ne go se na lefa e le yakuza ope yo o neng a ka intsha setlhabelo ka ntlha ya yo mongwe.
Ka August 1988, ke ne ka supa boineelo jwa me go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing, mme mo kgweding e e latelang, ke ne ka simolola go dirisa diura tse 60 ka kgwedi ke bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a a neng a fetotse botshelo jwa me. Ke sa le ke le modiredi wa nako e tletseng go tloga ka March 1989 mme gone jaanong ke neilwe tshiamelo ya go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong.
Ke ne ka kgona go itlosa bontsi jwa dilo tse di nkgakololang gore nkile ka bo ke le yakuza. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se se santseng se setse. Ke mokwalo wa lotshwao o o mo mmeleng wa me o o gopotsang nna le lelapa la me le batho ba bangwe gore nkile ka bo ke le yakuza. Nako nngwe morwadiake yo mogolo o kile a tla gae a lela a tswa sekolong, a bolela gore ga a kitla a tlhola a ya sekolong ka gonne ditsala tsa gagwe di bolela gore ke ne ke le yakuza e bile ke na le mekwalo ya lotshwao. Ke ile ka kgona go tlotla kgang eno le bomorwadiake mme ba ne ba tlhaloganya seemo. Ke solofetse go bona letsatsi lengwe lefatshe e le paradaise le nama ya me e “šafala bogolo go ya ngwanyana.” Ka nako eo mekwalo ya lotshwao e e mo go nna le dingwaga tse 20 tse ke di feditseng ke le yakuza e tla bo e le dilo tsa maloba. (Jobe 33:25; Tshenolo 21:4)—Jaaka go boletse Yasuo Kataoka.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Ke tlhoafaletse letsatsi la fa mekwalo ya lotshwao e e mo go nna e tla bong e nyeletse
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ke na le lelapa la me mo Holong ya Bogosi