LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 3/8 ts. 6-8
  • Ke Eng fa Bokebekwa Jwa Digongwana bo Anama?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Bokebekwa Jwa Digongwana bo Anama?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiphako a Gore ke Lelapa
  • Moengele wa Lesedi
  • Lefatshe Le le Se Nang Bokebekwa—Jang?
    Tsogang!—1997
  • Go Tlogela Bokebekwa Jwa Digongwana—“Ke ne Ke le Yakuza”
    Tsogang!—1997
  • Kafa Bokebekwa Jwa Digongwana—Bo Go Amang Ka Teng
    Tsogang!—1997
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Na le Bokebekwa Jo Bo Kanakana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 3/8 ts. 6-8

Ke Eng fa Bokebekwa Jwa Digongwana bo Anama?

AL CAPONE, sekebekwa se se tumileng thata sa U.S. Prohibition Era (Motlha wa Melao ya Thibelo Kwa United States) (1920-33), o ne a ipolela gore ke rakgwebo fela yo o dirang dilo go ya ka molao—molao wa go tlamela batho ka dilo tse ba di batlang thata. Moitsemolao mongwe wa segopa se segolo sa bo-yakuza kwa Japane o ne a re: “Ga o ka ke wa ganela gore [tlhakanelodikobo, diokobatsi le go betšha] ke dilo tse batho ba di batlang thata.” Dilo tseno tse ba di batlang di dira gore go nne le digongwana tsa bokebekwa. Le mororo go se na motho ope yo o batlang go direlwa bokebekwa, bangwe ba ka inaakanya le digongwana tsa bokebekwa ba simolola go senka thuso ya tsone.

Ka sekai, akanya ka kgwebo ya ditiro tsa go sireletsa batho e digopa tseno di bonang madi ka yone mo dinageng tse dintsi. Le mororo ka dinako tse dingwe ba tle ba sekamele mo go beng ba mabenkele ba ba ikanyegang, gantsi ba inaakanya thata le batho ba dikgwebo tse di sa siamang. Radikhasino mongwe wa kwa Shinjuku, kwa Tokyo, yo o dirang gore go akanngwe gore kgwebo ya gagwe ke ya lefelo la metšhini ya dibidio tsa metshameko, o ne a re: “Tlelereke nngwe e ne ya tlhabiwa ka thipa ya ba ya tseelwa dimilione di le 2 [tsa yen (R93 500)]. Mme re ne re ka se bitse mapodise.” Ka ntlha yang? “Ga re batle go amana ka gope le mapodise ka gonne re dira selo se se seng kafa molaong (go betšha). Fa motho mongwe a nna makgwakgwa mo lebenkeleng la rona, re bitsa bo-yakuza.” Mong yono wa khasino o duela bo-yakuza R19 000 ka kgwedi, e leng madi a mannye thata fa o a bapisa le poelo ya R1401 000 e a e bonang ka nako eo go tswa mo kgwebong eo ya gagwe e e seng kafa molaong. Madi ao a tswa kae? A tswa mo dikgetsaneng tsa batho ba ba ratang go betšha goo go e seng ga kafa molaong.

Go ntse fela jalo le ka borakgwebo ba ba tlotliwang ba ba batlang go tila mathata. Molaodi mongwe wa New York o ne a fopholetsa gore rakonteraka mongwe yo o dirang diranta di le dimilione di le 70 ka ngwaga o boloka diranta di le dimilione di le 17,7 ka go duela digongwana tseno. Seno se thusa rakonteraka go dirisa babereki ba a ba duelang madi a mannye le go tila dikgotlhang le mekgatlho ya babereki e e laolwang ke digopa tseno. Kwa Japane, ka nako ya fa ikonomi ya teng e ne e atlegile sentle, batho ba ba nang le madi ba ne ba dirisa madi a bone mo kgwebong ya ditsha ba thuba matlo a kgale le mabenkele gore ba age dikago tse di mabonomantle. Fa batho ba ba nnang moo ba gana go fuduga kana go rekisa ditsha tsa bone, babeeletsi bao ba ne ba bitsa bo-jiageya, ba bontsi jwa dikhampani tsa bone di amanang le bo-yakuza, gore ba tle go ba tlosa.

Fa ka bo1980 bo-yakuza ba lemoga kafa go neng go le motlhofo ka teng go adima batho madi le go bona a mantsi, ba ne ba tlhama dikhampani le go inaakanya thata le kgwebo ya ditsha le ya go kabakanya madi a ditsadiso. Dibanka le ditheo tsa madi di ne tsa simolola go itsadisetsa madi a mantsi mo dikhampaning tseno, kwantle ga pelaelo ka maikaelelo a gore di bone poelo. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa go nna le mathata mo go tsa ikonomi, di ne tsa se ka tsa kgona go boelwa ke madi a tsone. Fa motho mongwe yo e kileng ya bo e le lepodise a bua ka mathata a a neng a nna teng mo ikonoming ya Japane o ne a bua jaana mo Newsweek: “Lebaka le legolo le le dirang gore go se ka ga kgonega gore go rarabololwe mathata a go boelwa ke madi ao a dikadimo ka bonako, ke ka gonne bontsi jwa one a amana le bokebekwa jwa digongwana.”

Ee ruri, bokebekwa jwa digongwana bo nna gone e bile bo ata thata fa batho ba gagamalela go kgotsofatsa dikeletso tsa bone tse di sa siamang ba sa kgathale gore ba dira seo jang. Go gagapela boitlhapediso, tlhakanelodikobo le madi go dira gore batho ba inaakanye le go gweba ka diokobatsi, boaka, go betšha le kgwebo ya go adima batho madi. Go inaakanya le ditiro tse di ntseng jalo gantsi go dira gore motho a eme digopa nokeng ka madi. A bo go le boammaaruri jang ne gore digongwana tsa bokebekwa di ema nokeng batho ba ba ikaeletseng go kgotsofatsa dikeletso tsa tsone tsa nama!

Maiphako a Gore ke Lelapa

Mo godimo ga go rata go dira ditiro tseno tse di sa siamang, go na le tsela e nngwe gape e bokebekwa jwa digongwana bo anamang ka yone gompieno. Moeteledipele mongwe wa segopa se segolo go gaisa tsotlhe sa bo-yakuza yo o sa tswang go tlhokafala mo Japane o ne a bolela gore o ne a phutha bothuntsebe a ba tlhokomela mme ka jalo a ba dibela mo go nneng boikepo. O ne a ipolela gore ke rraagwe maloko a digopa tseno. Bontsi jwa digopa tsa dikebekwa, go sa kgathalasege gore ke ba setšhaba sefe, ba bopa digongwana tsa bone ka maiphako ao a gore ba tshedisana jaaka lelapa.

Ka sekai, akanya ka Chi Sun,a yo o tswang mo lelapeng le le humanegileng thata kwa Hong Kong. Rraagwe o ne a tlhola a mo itaya thata ka mabaka a a sa utlwaleng. Chi Sun yono yo mmotlana o ne a simolola go nna bodipa a ba a feleletsa a inaakantse le setlhopha se se itsegeng thata sa Bo-Triad a le dingwaga tse 12. Mo segongwaneng seo sa dikebekwa, o ile a ikutlwa a “amogelegile sentle.” Ka gonne e ne e le segatlhamelamasisi mo go lweng ka dibetsa, go ise go ye kae ke fa a newa maemo a a kwa godingwana a go okamela banna ba sekae. Kgabagare, fa a ne a le dingwaga tse 17, o ne a latlhelwa mo kgolegelong.

Bontsi jwa batho, fela jaaka Chi Sun, ba inaakanya le digongwana tsa bokebekwa e le fela gore ba nne le kanamo ya lelapa e ba se kileng ba nna le yone kwa lapeng. Maloko a teng a ipolela gore a a tlhokomelana, mme gantsi basha ba swaba tota fa ba fitlhela gore tota mongwe le mongwe wa bone o itibile ene fela.

Moengele wa Lesedi

Fa segongwana se segolo go gaisa tsotlhe kwa Japane se ne se kaiwa e le setlhopha sa thubakanyo go ya ka molao o mosha o o kgatlhanong le bonokwane ka 1992, mongwe wa baeteledipele ba teng o ne a bolela gore setlhopha seo se itsaya e le batho ba ba “molemo” ba ba lwantshang bosula. E ne ya re fa thoromo ya lefatshe e e maswe thata e itaya Kobe ka 1995, sone segongwana seno se ne sa abela baagelani ba bone dijo, metsi le dilwana tse dingwe tsa namolo. Asahi Evening News e ne ya bega gore: “Bopelotshweu jo bo ntseng jalo ruri bo tla nna bo dira gore bo-yakuza mo Japane ba nne ba tsewe e le bothuntsebe ba ba tlotlegang.”

Baeteledipele ba digongwana tsa bokebekwa ga ba bolo go nna ba dira gore ba tsewe e le batho ba ba molemo. Ana Carrigan o kwadile mo Newsweek a bolela gore Pablo Escobar, moeteledipele yo o itsegeng thata wa segopa se se gwebang ka diokobatsi sa kwa Medellín kwa Colombia, mo baaging ba ditakana ba toropokgolo ya gaabo e ne e le “motho yo o gakgamatsang—ka bontlhanngwe e le Mesia, ka bontlhanngwe e le Robin Hood, ka bontlhanngwe e le Moekamogolo ka tsela nngwe e le patrón, mogaka.” O ne a agela bana mafelo a go tshamekela, a agela bahumanegi matlo a mantle a bo a naya bana ba mo mebileng mebereko. E ne e le mogale mo go ba ba neng ba solegelwa molemo ke melemo eno ya gagwe.

Lefa go ntse jalo, dikebekwa tse go bonalang di atlega mo go direng gore go se ka ga lemogwa gore ke ditlhopha tsa digongwana, tota ke baemanokeng ba sekebekwa se segolo go gaisa tsotlhe mo lobopong. Baebele e senola gore yoo ke mang. “Satane le ene o tle a itshwantshe le moengele wa lesedi. Ke gone, e be e se selo se segolo fa batlhanka ba gagwe le bone ba ka itshwantsha le batlhanka ba tshiamo; ba bokhutlo jwa bone bo tlaa nnang ka fa ditirong tsa bone.” (2 Bakorinthe 11:14, 15) Gompieno batho ba le bantsi ga ba dumele gore Satane ke motho wa mmatota. Mmoki mongwe wa Mofora wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a re: “Maretshwa a magolo a ga Diabolo ke go dira gore o dumele gore ga a yo.” O dira dilo a iphitlhile e bile o laola dilo tse di dirwang ke lefatshe lotlhe e seng fela tse di dirwang ke digongwana tsa bokebekwa. Baebele e tlhalosa gore: “Lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula.” Jesu o ne a tlhalosa Satane a re “o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, . . . ke moaki, le rra one maaka.”—1 Johane 5:19; Johane 8:44.

Boporofeti jwa Baebele bo senola gore Satane Diabolo o ntse a gaketse fa e sa le ka 1914. Go tloga ka ngwaga oo go ya pele, o ntse a dira bojotlhe go tlhasela batho ba Modimo. O tsenya batho mo marareng. Ke ene yo o dirang gore bokebekwa le digopa tsa bokebekwa di aname thata jaana gompieno.—Tshenolo 12:9-12.

A motho yono yo o dirang gore go nne le digopa tsa bokebekwa mo lefatsheng o tla tsamaya a nyelediwa? A batho ba tla tsamaya ba nna le kagiso le tolamo? A o ka kgona go ikgolola mo taolong e kgolo e Satane a itiretseng yone gompieno?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe e le gore go dibelwe beng ba one.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Kafa O Ka Sireletsang Lelapa La Gago Ka Teng

FA GO se na lorato le kutlwano mo lelapeng seo se ka dira gore bana ba raelwe motlhofo ke digopa tsa bokebekwa. Go begwa gore kwa United States, bontsi jwa bana ba ba inaakanyang le digongwana tsa babolai ke ba ba tswang mo malapeng a a humanegileng kana a a thubegileng. Modiredimogolo mongwe wa lefelo le go tlhatlhelwang diganana kwa go lone kwa North Carolina, a re: “Ka gonne ba sa kgone go nna le dilo dingwe, ba ngokiwa motlhofo ke lorato lo ba bonang moeteledipele wa segongwana a lo bontsha maloko a sone le kutlwano e ba bonang e le gone mo mokgatlhong oo, e e leng la ntlha ba nna le yone mo botshelong jwa bone.”

Mosha mongwe wa yakuza wa kwa Botlhaba yo o ikemiseditseng go beela moeteledipele wa gagwe botshelo jwa gagwe le ene a re: “Kwa gae ke ne ke tlhola ke le nosi. Le mororo re ne re le lelapa, ke ne ke se ke ke akanya gore re tla tsamaya re tlotla dilo ka tsela ya go bulelana mafatlha. . . . Mme gone jaanong ke kgona go tlotla le mathaka re bulelana mafatlha.” Basha ba ba jewang ke bodutu ba motlotlo ka maloko a digongwana tsa bokebekwa a a ba ngokang gore ba tle go tshela le bone jaaka lelapa.

Moeteledipele wa setlhopha sengwe sa basetsana ba ba kgweetsang dithuthuthu ba kwa Okinawa a re: “Bo-yakuza ke batho ba ba lorato thata. Gongwe ke tsela e ba ngokang batho ka yone; lefa go ntse jalo, ka gonne re ise re ko re tshwarwe jalo ka lorato, seo se a re gapa.” Mookamedi wa setheo sengwe sa basetsana ba diganana o a dumela gore digopa tsa dinokwane di “kgona go gapa dipelo tsa basetsana thata.” Fa basetsana ba ba jewang ke bodutu ba ba founela mo gare ga mpa ya bosigo, digopa tseno tsa dinokwane di itlhaganelela kwa go bone go ya go ba sekegela tsebe e se gore ba batla go tlhakanela dikobo le bone.

Lorato loo lwa bone lo a fela fa ba sena go gapa mosha yoo yo ba mo kwaileng. Fa ba sena go kgona basha bao, ba a ba sotla—basetsana ba dirwa diaka mme basimane ba tsenngwa mo digongwaneng tsa bokebekwa.

O ka Dibela Baratwa ba Gago Jang?

Baebele e gakolola jaana: “Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.” (Bakolosa 3:21) Seno ga se kgothaletse batsadi go letlelela sengwe le sengwe. Seane sa Baebele sa re: “Ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Go na le moo, Baebele e kgothatsa borre—le bone bommè—go dirisana le bana ba bone ka go ba akanyetsa, ba ba sekegele tsebe le go ba thusa gore ba tlotle le bone ba phuthologile. Ka go dira jalo, bana ba tla tlhotlheletsega go bulela batsadi ba bone mafatlha fa ba iphitlhela ba gamutetse dipelo.

Mo godimo ga gore batsadi ba thuse bana ba bone go tlotla le bone ba phuthologile, ba tshwanetse go ba beela melao mo botshelong. Rre a ka bona kae dikaelo tse di ntseng jalo? Baebele ya re: “Lona borrabana, lo se ka lwa rumola bana ba lona go ba gakatsa; mme lo ba godisetse mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Iphe nako ya go sekaseka Baebele le bana ba gago ka go nna le thuto ya lelapa ya Baebele. Mme dira gore ba boife Jehofa ka tsela e e siameng go tswa pelong e le gore ka metlha ba latele kaelo ya ga Jehofa gore ba solegelwe molemo ka bobone.—Isaia 48:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela