Tlhatlhoba Ditshenyegelo Tsa go Fuduga!
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA
A O AKANYA go fudugela kwa nageng e nngwe? A o tlhatlhobile ditshenyegelo tsa gone? Ga re bolele fela ditshenyegelo tsa madi. Kana e bile batho ba le bantsi ba fuduga ka ntlha ya go bo ba batla go sireletsega mo go tsa ikonomi. Re bua ka ditshenyegelo tse di bofitlha tse di lemogiwang fela morago ga go wediwa ga tiro ya go fuduga. Ka nako eo go setse go le thari go ka boela morago. Dintlha tse di latelang ga di a direlwa go go tshosa, mme di tlhoka go elwa tlhoko:
“Go ithuta puo e ntšha go tlhoka boikokobetso le boiteko. Go utlwisa botlhoko mo mothong yo mogolo go fitlhela gore le e leng bana ba bannye ba akanya gore o a gakgamatsa ka ntlha ya gore ga ba mo tlhaloganye. Go nna o dira diphoso o tla o tshegwa ka ntlha ya tsone e ka nna teko e kgolo ya boikokobetso go ba le bantsi. Botshelo bo bokete thata mo batswakweng ba ba sa kgoneng go bua puo ya lefelo le ba leng mo go lone.”—Rosemary, morongwa kwa Japane.
Gongwe o ikutlwa gore o tlhaloganya puo eo sentle le gore o ka tswelela kwa ntle ga mathata. Mme a o tlhomamisa gore ba lelapa botlhe ba itse puo ya koo sentle le gore ba itumelela go fuduga?
Go tla ama lelapa jang fa bangwe mo go lone ba pateleditswe go fuduga le mororo ba ne ba sa batle? Lokwalopaka lwa Psychology of Women Quarterly lwa re: “Basadi bangwe [go tswa kwa Mexico] ga ba a rerisiwa fa go ne go fudugiwa e bile ba ne ba sa batle go fuduga go tloga kwa tshimologong, le fa e le gone go eletsa go nna mo United States morago ga go fuduga.” Mo maemong a a ntseng jalo, go fuduga ka pateletso go ka senya kutlwano ya lelapa. Mme go tweng fa monna e le ene a fudugang a le nosi?
Mo bukeng ya Population, Migration, and Urbanization in Africa go fopholediwa gore mo nageng nngwe e nnye ya selegae kwa borwa jwa Afrika, diperesente di feta 50 tsa “banna ga ba nne mo gae ka dinako tsotlhe.” Go se nne teng gono go ka fedisa boitumelo le kitlano mo lapeng. Gape seno se ka dira gore banyalani ba ineele mo boitsholong jo bo sa siamang. Go ka nna botoka jang ne fa lelapa le ka kgona go nna mmogo e ka ne le swetsa go fuduga kana nnyaa! Kutlwano ya lelapa ke selo se madi a ka se se rekeng.
Gape go na le mokgweleo o o bokete wa go emelana le go tlhaolwa ka lotso. Motswakwa mongwe wa Moindia o gakologelwa jaana: “E nnile morago ga gore ke fitlhe mo Engelane ke neng ka lemoga ‘mmala.’ Go [lemoga] seo go ne go sa itumedise. Go ne ga nkgarola pelo. Ke ne ke batla go boela gae, gore ke tloge mo go yone gotlhelele.”—The Un-melting Pot.
Ka jalo pele ga o fuduga, ipotse jaana: ‘Ke eng se sengwe se nka se dirang? A re ka se dire diphetogo dingwe mo gae? A ruri go a tlhokega go fudugela kwa nageng e nngwe?’ Go ka nna ga bo go tlhokega kana go sa tlhokege, mme pele ga o tsaya tshwetso, akanya ka kelotlhoko kgakololo eno ya ga Jesu: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a ba a bala tshenyegelo, go bona fa e le gore o na le mo go lekaneng go e wetsa?”—Luke 14:28.