Batswakwa—Ke Ka Ntlha Yang Fa Ba Fudugela kwa Mafatsheng a Sele?
“GA GO motho ope yo o ka lemogang mathata a re leng mo go one kwa Mafatsheng a a Tlhabologang . . . le mathata ao re kopanang le one mo mafatsheng ao re fudugelang kwa go one re re re leka go itirela sengwe le go tlamela ba malapa a rona kwa gae.” Go ne ga kwala jalo Elizabeth, mofaladi mongwe wa Moaferika, fa a ne a kwalela morulaganyi wa makasine wa National Geographic. Mafoko a gagwe a bontsha lebaka la konokono le le dirang gore dimilionemilione tsa batho di itetle go kgaogana le ba ga bone go ya go simolola botshelo jo bosha kwa lefatsheng la seeng.
Gone ke boammaaruri gore mofaladi mongwe le mongwe o na le maemo a a rileng mmogo le mabaka a a dirileng gore a fudugele kwa mafatsheng a sele. Ba bangwe, jaaka mmè yo o sa tswang go umakiwa fa godimo, ba ka nna ba bo ba fudugetse kwa mafatsheng a sele ka ntlha ya go tshaba seemo sa botshelo se se thata sa kwa mafatsheng a ba tlholegileng kwa go one. Mo bukeng ya gagwe e go tweng Population, Migration, and Urbanization in Africa, William Hance o tlhalosa gore dilo tse di ntseng jaaka bolwetsi, go tlhaselwa ke ditshenekegi, mmu o o sa tlholeng o tswa dipe, mauba, merwalela, leshekere, ntwa, le dintwa tsa semorafe, ke mabaka a matona a a bakang go fuduga ka mogoro mo Aferika. Batho ba ile ba fuduga ka mmetela go tswa kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe tseo go nang le maemo a a tshwanang le ano a a utlwisang botlhoko.
Lefa go le jalo, baithuti ba tsa loago ba ile ba lemoga fa keletso ya go tshaba maemo a a gatelelang a botshelo e le karolo fela ya se se bakang dikhuduga tsa metlha eno.
Matswela a go Kgweediwa le go Gogelwa
Go gogelwa kwa mafatsheng a a nang le sengwe se se botoka sa botshelo le gone ke selo se segolo se se rotloetsang batho go fuduga. Seno, mo godimo ga go batla go tshaba maemo a a botlhoko, se tsala se se itsiweng jaaka matswela a go kgweediwa le go gogelwa. Maemo a a botlhoko a mo gae a na le go kgweeletsa motho koo fa maemo a a molemo a mafatshe a sele one a na le go gogela, kgotsa go oka motho, gore a fuduge. Tsaya ka sekai Nguyen Van Tue, yo eleng motshabi jaaka batshabi ba bangwe ba Ma-Vietnam wa kwa Japane. Lefa gone a ile a boga thata ka ntateng ya boemo jwa gagwe jwa go nna motswakwa, Nguyen a re: “Ke kgotsofetse. Ke na le lelapa la me mme re tshela sentle mo lefatsheng le mo go lone go nang le kgololesego le kagiso.”
Go gogelwa ke seemo sa itsholelo ke mangwe a mabaka a magolo thata a a kgothaletsang batho go fudugela kwa mafatsheng a sele. Fa a bua ka batho ba Mantariana ba kwa toropong nngwe ya Maesemane mo bukeng ya gagwe e go tweng The Un-melting Pot, mokwadi wa yone ebong John Brown a re: “Boikaelelo jwa bone jwa konokono ka metlha e ne e le go dira madi.” O tlatsa ka go re ba ne ba dira seno ka go bereka “ka thata le ka go dira tiro e e duleng diatla.” Fa o sekaseka dipharologano tse dikgolo tse di leng teng mo dituelong mo mafatsheng a a farologaneng, ga go gakgamatse go bo batho ba fudugela kwa mafatsheng a sele jaana. Fa National Geographic e ne e akgela ka badiri ba Mexico kwa United States, e ne ya bontsha gore “tiro e e dirwang ka ura kafa borwa jwa molelwane [wa U.S.] e tlisetsa motho madi a a fa gare ga nngwetlhanong le nngwesomeng ya madi ao e a mo tlisetsang kwa United States.”
Go Gogelwa ke Balelapa le Ditsala
Gone ke boammaaruri, bontsi bo a fuduga e le gore bo kgone go nna gaufi le bamalapa le ditsala bao ba ileng ba fuduga pele ga bone. Ka sekai, Bajuta ba le bantsi ba Ma-Soviet ba ile ba fudugela kwa Iseraele ka ntateng ya go bo ba ne ba dumela gore fa ba le fa gare ga Bajuta ba bangwe ba babalesegile. Ba bangwe ba ne ba bile ba ikemiseditse go itsenya mo kotsing ka go ya go nna kwa West Bank eo e kgautlhantsweng ke dikhuduego kwa Iseraele.
Go kgothadiwa ke ditsala le balosika go tlhotlheletsa ba le bantsi go fudugela kwa mafatsheng a sele. Bao ba batlang go fudugela kwa mafatsheng a sele gantsi ba ile ba kgothalediwa gore ba le lebise kwa Australia. Jaanong palo e e batlileng e tshwara 22 lekgolong ya batho ba koo ke ba ba tswang kwa mafatsheng a sele.
Fa a ne a etile go tswa United States, mofaladi mongwe yo o tswang kwa Barbados o ne a raya tsala ya gagwe a re: “Wena o ithaya o re dilo di go tsamaela sentle fano,” mme o ne a bolela fa tsala ya gagwe e ne e “itshenyetsa nako” ka go sala mo setlhaketlhakeng. Dingwaga tse dintsi morago ga moo, tsala ya gagwe e ne ya dumela gore mafoko ao a ile a jala peo ya go sa itumele mo go ene, mme kgabagare go ile ga dira gore a fudugele kwa mafatsheng a sele.
Ka maswabi, gantsi dikarolo tse di itumedisang ke tsone tse di bolelelwang bao eleng gore ba mo seemong sa go ka fudugela kwa mafatsheng a sele. Lekawana le le neng la fudugela kwa Canada le tshaba dikhuduego tse di neng di golela pele kwa Aferika Borwa ebong Ron, o ne a re: “Ditsala le balosika gantsi ba na le go go bolelela dilo tse di molemo fela . . . mme ka tsela e e utlwalang ba itlhokomolose tse di seng monate.”
Go sa kgathalesege gore ke eng se se tlhotlheletsang batho go fudugela kwa mafatsheng a sele, gantsintsi, motswakwa ke ene a bogang fela thata. Mme jaaka ba simolola go tlhaloganya mathata a go fudugela kwa mafatsheng a sele, bontsi bo nna le keletso ya go boela gae. Ka jalo, motho a ka lebana jang ka katlego le seemo seno se sesha fa kafa letlhakoreng le lengwe a itebaganya le go tlhoafalela kwa gae, go lebana le seemo sa go bo a kgaogane le balelapa la gaabo, le go iphitlhela a le fa gare ga batho ba mekgwa eo a sa e tlwaelang, puo e e farologaneng, le mathata a mangwe a a tsamaelanang le seno?
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
Go gogelwa ke seemo sa itsholelo ke sengwe sa dilo tse dikgolo tse di tsalang go fudu-gela kwa mafatsheng a sele
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
“Ke kgotsofetse. Ke na le lelapa la me mme ebile re tshela sentle mo lefatsheng le mo go lone go nang le kgololesego le kagiso.”—A Vietnamese in Japan
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa motho a sekaseka tsela e dituelo di farologaneng ka teng mo mafatsheng a a farolo-ganeng, ga go gakgamatse go bo batho ba fudugela kwa mafatsheng a sele jaana
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mo mofalading yo mosha, sengwe le sengwe se lebega se farologane se bile se se mothofo