LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 6/8 ts. 14-16
  • A Modimo e Tla Nna e Ntse e le Tsala ya Me?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo e Tla Nna e Ntse e le Tsala ya Me?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mutlwa mo Nameng”
  • Thuso ya go Emelana le Mathata
  • Ka fa O ka Bonang Thuso ya Modimo ka Teng
  • Go Dira le Modimo
  • “Lo Lekeng lo Bone fa Jehofa a le Molemo”
  • Go Itshokela “Mutlwa mo Nameng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Bokoa Jwa Batho bo Tlotlomatsa Maatla a ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Nna Maatla Le fa Re na Le Makoa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A O Na Le “Mutlwa Mo Nameng”?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 6/8 ts. 14-16

Basha ba Botsa Jaana . . .

A Modimo e Tla Nna e Ntse e le Tsala ya Me?

KGOSI DAFITE e ne ya nna monna yo o neng a nna le botsalano le Modimo. Mme ka nako nngwe o ne a re: “Dikhuduego tsa pelo ya me di goletse pele.” Dafite o ne a sa bogisiwe fela ke go tshwarwa makgwakgwa ke batho ba bangwe mme gape le ka ntlha ya diphoso tsa gagwe. O ne a simolola go ikutlwa gore le e leng Modimo o mo latlhile mme a rapela jaana: “Retologela kwa go nna, o nkutlwele botlhoko; gonne ke swafetse, ke patikegile.”—Pesalema 25:11, 16-19.

Gongwe le wena o ikutlwa o tshwenyegile. Gongwe kwa gae kana kwa sekolong o lebane le boemo jo bo sa itumediseng jo bo nnang bo go fekeetsa. Mme gape, gongwe o ka tswa o lwala thata kgotsa o ikutlwa o kgobega marapo ka ntlha ya bokoa bongwe jo bo go tshwereng. E ka tswa e le eng fela, ga o a tshwanela go boga o le nosi; Modimo o pelotshweu go tsalana le rona le go re thusa.a Fa o setse o simolotse go nna le botsala le ena, o tla gomodiwa ke go itse gore ga a latlhe ditsala tsa gagwe fa di le mo mathateng. Le fa go ntse jalo, fa o tlhasetswe ke mathata, o ka nna wa ikutlwa gore Modimo o kgakala le wena. Go ka nna ga lebega gape e kete ga a go thuse le e seng. A mme go ntse jalo?

“Mutlwa mo Nameng”

Sa ntlhantlha, tsweetswee bala 2 Bakorintha 12:7-10. Mo go yone moaposetoloi Paulo o bolela gore o ne a bogisiwa ke sengwe se a se bitsang “mutlwa mo nameng.” Go bonala “mutlwa” ono e ne e le bolwetse bongwe mo mmeleng, gongwe jo bo amanang le bothata jwa matlho. Go sa kgathalesege gore e ne e le bothata bofe, bo ne jwa nna jwa mo “faphola” thata mo maikutlong. Le fa a ne a rapela Modimo ka makgetlho a le mararo ka tlhoafalo gore a o tlose, “mutlwa” o ne wa nna o le teng.

A Jehofa o ne a itlhokomolosa dithapelo tsa ga Paulo? Le e seng! Modimo o ne a mo raya a re: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.” Le fa gone Jehofa a sa ka a tlhopha go ntsha “mutlwa” ono, ga a ka a latlha Paulo. Ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo, Paulo o ne a nna le botsalano jo bogolo thata le ene. Seo se ne se “lekane” go ka thusa Paulo go emelana le bokoa joo jwa gagwe. Fa Paulo a ntse a kgaratlhela go dira jalo, gape o ne a tla ikutlwela ka boene ka fa maatla a Modimo a neng a tla mo nonotsha gape ka teng.

Thuso ya go Emelana le Mathata

Jaaka Paulo, o ka tswa gongwe o na le “mutlwa,” kana bothata jo bo go tlhabang botlhoko, bo go dira gore o se solofele molemo ope le go go kgoba marapo. Fela jaaka Paulo, Modimo o ka nna wa letla fela gore bothata joo bo tswelele. Seo ga se bolele gore jaanong ga e sa le Tsala ya gago. Modimo o ne a bolelela moaposetoloi Paulo jaana: “Maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.” Fa o ikaega ka maatla a Modimo gotlhelele mme o sa ikaege ka a gago, o ka kgona go itshoka. O ka nna wa lemoga le gore ka thuso ya moya wa Modimo, o kgona go fitlhelela dilo tse pele o neng o akanya gore o ka se di fitlhelele. Paulo o ne a re: “Ke natefelelwa ke makoa . . . Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”

Lekgarebe lengwe le le bidiwang Robinb le fitlhetse fa seno e le boammaaruri. Fa a le dingwaga tse 14 o ne a foufala ka ntlha ya bolwetse jwa glaucoma. Ka one ngwaga oo mmaagwe o ne a tlhokafala ka tshoganyetso. Robin jaaka a ne a simolola go lebana le “mmitlwa” eno e e botlhoko o ne a re: “Jaanong ke na le Jehofa fela. Ke ne ke itse gore e le gore ke lebane le boemo jono ka katlego, ke tshwanetse go nna gaufi le ene.” Robin o ne a dira sone fela seo, kgabagare a nna moreri wa nako e e tletseng. A re: “Ke ne ka kopa Jehofa go nthusa mo go sengwe le sengwe. Mme ruri o ne a dira jalo.”

Basha ba le bantsi ba lemogile gore go nna mo ditekong totatota go ba thusa go tsalana thata le Modimo. Akanya ka Jeff yo mosha. Rraagwe o ne a latlha lelapa la gagwe, a tlogela mmaagwe Jeff ka bana ba le supa go ba tlhokomela. Jeff yo o neng a le dingwaga di le 12 fela ka nako eo o dumela jaana: “Ke ne ka ikutlwa ke tlhoka rre thata. Ke ne ke eletsa gore go nne le mongwe yo o neng a tla kaba phatlha e ke neng ke e utlwa letsatsi le letsatsi.” Jeff o ne a dira eng? “Ke ne ka rapela Jehofa go nthusa mo go seo.” Jeff o ne a dira tumalanong le dithapelo tsa gagwe mme a tshwarega thata mo ditirong tsa semoya. Fa nako e ntse e ya, o ne a kgona go utlwa gore Jehofa o mo ema nokeng—ka moya wa gagwe o o boitshepo o o nonotshang le ka phuthego ya Bokeresete. (Bapisa Pesalema 27:10.) Jaanong a le dingwaga di le 27 Jeff o gakologelwa jaana: “Go ne go se na ope yo ke neng nka leba kwa go ene go bona tshireletsego, ka jalo ke ne ka nna ka itsalanya thata le Jehofa.” O ne a bitsa botsalano joo a re ke “tshegofatso e e tlhwatlhwakgolo e e nnileng teng ka ntlha ya teko eno.”

Ka fa O ka Bonang Thuso ya Modimo ka Teng

Le wena Tsala ya gago ya selegodimo e tla go thusa mo mathateng a gago. Mme ke eng se o tshwanetseng go se dira? Gore botsala bope fela bo gole, go tshwanetse ga buisanwa. Thapelo ke tsela ya rona ya go bua le Modimo. Ka yone re mo itsise gore re tlhoka thuso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, thapelo ga e thuse sepe fa e se na maikutlo a botsala kana e dirwa fela go ikgolola. Jaaka basha ba ba umakilweng fa godimo, o tshwanetse go ‘tshololela pelo ya gago’ go Modimo! (Pesalema 62:8) O ka nna wa bo wa tlhoka go dira mekokotlelo. (Bafilipi 4:6) Mekokotlelo ke dithapelo tse di boteng thata le tse di dirwang ka tlhoafalo.

A re re gongwe o na le bothata jwa go se kgone go laola dikakanyo tsa gago kana ga o kgone go fenya mokgwa mongwe o o bosula. Rapela Jehofa ka boikobo! Mo kope thuso ya gagwe mo dinakong tsa thaelo. Seno se ka se nne motlhofo. Gary o ne a dumalana jaana: “Fa ke ikutlwa ke tlhotlheletsega thata go dira selo se se bosula, ke ipateletsa go rapela. Ka dinako dingwe ke akanya gore, ‘Nka bua jang le Jehofa?’ Le fa go ntse jalo, ke tswelele go mo kopa thuso. O naya nonofo e ke e tlhokang gore ke itshoke.” Le fa go le bokete fa o simolola, nna o ntse o buletse Modimo pelo ya gago.

Mme go tweng fa go bonala e kete dithapelo tsa gago ga di arabiwe? Ka sekai, Lora o ne a ntse a lwa le go fenya mokgwa o o maswe wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke bua le Jehofa ka bothata jono ka boikanyegi, mme e ne e kete ga ke kgone go bo tlogela.” Ka dinako dingwe Modimo o ka nna wa letla gore re bontshe ka moo re tlhoafetseng ka teng ka kopo ya rona. (Bapisa Pesalema 88:13, 14.) Ka jalo re tshwanetse gore re tshwarelele mo thapelong! (Mathaio 7:7; Baroma 12:12) Lora o ne a dira fela jalo. Mo godimo ga moo, o ne a simolola go dirisa dikakantsho tse di tlhagang mo ditlhogong tse di mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower tse di buang ka kgang eno.c Fa go ntse go ya o ne a simolola go bona matswela. O gakologelwa jaana: “Nako le nako fa ke ne ke atlega go fenya thaelo eno, ke ne ke leboga Jehofa ka gonne ke itse gore o na le nna.” Ke boammaaruri gore o ka nna wa bona e kete dilo di nna maswe go ya pele fa o ntse o kgaratlhela go fenya bothata jwa gago. Mme fa fela o ntse o lwa mme o sa ineele ka boomo mo makoeng a gago, Modimo o tla itumelela ‘boiteko jo o bo dirang ka tlhoafalo’ mme o tla nna a ntse a le Tsala ya gago.—2 Petere 1:5.

Go Dira le Modimo

Tsela e nngwe gape ya go dira gore o bone thuso ya Modimo ke ka go amogela taletso ya gagwe ya go nna mongwe wa “badirimmogo” le ene. (1 Bakorintha 3:9) Seno se akaretsa go nna le seabe mo go thuseng ba bangwe go ithuta ka Modimo. (Mathaio 28:19, 20) Fa o ikutlwa o tshwenyegile kana o kgobegile marapo, o ka nna wa se ka wa itumelela go dira tiro epe fela. Le fa go ntse jalo, go nna “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena” go ka go thusa thata. (1 Bakorintha 15:58) Bobotlana go tla go thusa go tlogela go tlhoma mogopolo mo mathateng a gago. (Bapisa Diane 18:1.) Robin yo o nopotsweng go sa le gale, o ne a bua seno ka dinako tsa gagwe tse di thata: “Selo se se nthusitseng ke tiro e ke neng ke e direla Jehofa!”

Go dira le Modimo gape go ka go thusa go fenya maikutlo ape a o ka tswang o na le one a gore Modimo o go latlhile. Fa batho ba babedi ba dira mmogo e le setlhopha ka maikaelelo a le mangwe, a gantsi ga ba fetoge ditsala tse dikgolo? Fa o ntse o le mo tirong ya go rera, o nna o lebana le dikgwetlho. O iphitlhela o setse o retologela go Modimo go bona thuso. Mme fa Modimo a ntse a segofatsa ditiro tsa gago, botsala jwa gagwe e nna jwa mmatota. O simolola go lemoga maikarabelo a magolo a Modimo a go neileng one ka o le modirimmogo le ene. Seno se ka go thusa thata gore o itshepe.

Ka sekai, Carol o ne a sa itshepe. Mmaagwe o ne a ipolaile mme rraagwe yo o neng a mo tlhorontsha o ne a tlhola a mo nyenyefatsa. Le fa go ntse jalo fa a le dingwaga di le 17 o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme a simolola tiro ya go rera. Jaanong morago ga dingwaga di le lesome e ntse e le moreri wa nako e e tletseng, a re: “Tiro eno e nthusitse fela thata ka gonne ke bone kafa Jehofa a ntshegofatsang ka teng. Ke ne ka ipolelela gore, ‘Fa e le gore Modimo o a nthata, ke motho yo o botlhokwa.’ Go dirisiwa ke Jehofa mo go itsiseng leina la gagwe go ntirile gore ke se inyatse.”

“Lo Lekeng lo Bone fa Jehofa a le Molemo”

“[Modimo] a nkgolola mo dipoifong tsa me tsotlhe fela,” go kwadile jalo Kgosi Dafite morago ga go falola ka lesoba la mogodu mo boemong jo bo neng bo le kotsi thata. (Pesalema 34:4, 6, mokwalo o o kwa godimo go NW; 1 Samuele 21:10-12) Ka jalo Dafite o ne a ka bua seno ka go itse: “A ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo; go sego monna yo o mo ikanyang.”—Pesalema 34:8.

Le fa botshelo jwa gago bo ka se nne mo kotsing jaaka jwa ga Dafite, ka dinako dingwe o ka nna wa nna le go ngomoga pelo le go nyema mooko. Fa ‘dikhuduego tsa pelo ya gago di goletse pele,’ rapela Modimo ka boikobo. (Pesalema 25:17) O se ka wa boifa gore Modimo o tla fedisa botsala jwa gagwe. Fa o ntse o itshoka ka bopelotelele le go ikutlwela ka bowena thuso ya ga Jehofa le tlhokomelo, o tla ‘leka le go bona’ ka bowena “gore Jehofa o molemo.” Mme o tla nna a le Tsala ya gago ka bosakhutleng.—Jakobe 4:8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A Ruri Nka Nna Tsala ya Modimo?” mo makasineng wa rona wa August 8, 1995.

b Maina mangwe a fetotswe.

c Bona dikgaolo 25 le 26 tsa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A Modimo o latlha ditsala tsa gagwe mo dinakong tsa pitlagano?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela