Bokoa Jwa Batho bo Tlotlomatsa Maatla a ga Jehofa
“Mongwe le mongwe o ne a akanya gore ke modiredi wa nako e e tletseng yo o itumetseng le yo o matlhagatlhaga. Ka metlha ke nna yo ke neng ke thusa ba bangwe ka mathata a bone. Mo godimo ga moo, le fa go ntse jalo, ke ne ke ikutlwa e kete ke a swa ka fa teng. Megopolo e e tshwenyang le tlalelo ya mogopolo e ne e nna le matswela a a botlhoko mo go nna. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke tlhobogane le batho. Ke ne ke batla go nna ke robetse fela kwa gae. Ka dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka kopa Jehofa gore ke swe.”—Vanessa.
JAAKA mo tiragalong e e nopotsweng fa godimo, go tlwaelegile fela gore ka dinako tse dingwe batlhanka ba ga Jehofa ba tla utlwa matswela a go tshela mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Ba bangwe ba ka nna ba tshwenyega thata mo maikutlong. (Bafilipi 2:25-27) Go ngodiega ka nako e telele go ka re kgoba marapo, ka gonne Baebele e bolela jaana: “Fa o idibala mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana.” (Diane 24:10) Ee, fa re kgobegile marapo, re tlhoka maatla—gongwe se moaposetoloi Paulo a neng a se bitsa “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7.
Jehofa Modimo ke motswedi wa maatla a a sa feleng. Re bona bosupi jwa seno fa re tlhatlhoba popo ya gagwe. (Baroma 1:20) Ka sekai, akanya ka letsatsi. Lefatshe le amogela maatla a a elelang ka iketlo a a ka tshwarang diyuniti di le dibilione di le 240 a tswa mo letsatsing. Le fa go ntse jalo, palo eno e emela fela sephatlo sa dimilione tse di sekete tsa maatla a a tswang mo letsatsing. Mme letsatsi le lebotlana fa le bapisiwa le dinaledi tse di itsiweng e le tse dikgolo thata. Nngwe ya tsone ke Rigel, e leng naledi e e mo losagaripeng lwa dinaledi lwa Orion e e leng kgolo go feta letsatsi la rona ka makgetlho a le 50 mme e ntsha maatla a a fetang a lone ka makgetlho a le 150 000!
Mmopi yo o nang le maatla a magolo ao a legodimo o tshwanetse a bo a na le “bogolo jwa nonofo.” (Isaia 40:26; Pesalema 8:3, 4) Eleruri, moporofeti Isaia o ne a bolela gore Jehofa “ga a idibale, ga a lape.” Mme Modimo o rata go abela motho ope fela maatla a gagwe yo o ikutlwang gore o a lapa ka ntlha ya bokoa jwa motho. (Isaia 40:28, 29) Tsela e a dirang seno ka yone e bontshitswe mo kgannyeng ya ga moaposetoloi Paulo wa Mokeresete.
Go Itshokela Diteko
Paulo o ne a bolelela Bakorintha ka sekgoreletsi sengwe se a neng a tshwanelwa ke go se itshokela. O ne a se bitsa “mutlwa mo nameng.” (2 Bakorintha 12:7) “Mutlwa” ono e ka tswa e ne e le bolwetse bongwe, gongwe go sa bone sentle mo matlhong. (Bagalatia 4:15; 6:11) Kana gongwe Paulo o tshwanetse a bo a ne a bolela ka baaposetoloi ba maaka le bakgoreletsi ba bangwe ba ba neng ba belaela gore ke moaposetoloi le go gwetlha tiro ya gagwe. (2 Bakorintha 11:5, 6, 12-15; Bagalatia 1:6-9; 5:12) Go sa kgathalesege gore e ne e le eng, “mutlwa mo nameng” o ne o hutsafatsa Paulo fela thata, mme o ne a rapela gangwe le gape gore o tlosiwe.—2 Bakorintha 12:8.
Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a diragatsa kopo ya ga Paulo. Go na le moo, o ne a bolelela Paulo jaana: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane.” (2 Bakorintha 12:9) Jehofa o ne a bolela eng ka seno? Ebu, fa re akanya ka tsela e Paulo a neng a tshela ka yone a bogisa Bakeresete, e ne e le ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang gore a bo a ka nna le kamano le Modimo ka tsela epe—re sa bue ka go direla jaaka moaposetoloi!a (Bapisa Sekaria 2:8; Tshenolo 16:5, 6.) Jehofa o ka tswa a ne a bolelela Paulo gore tshiamelo ya go nna morutwa e ne e “lekane.” E ne e ka se kopanngwe le go ntshiwa ga mathata a motho ka namana a botshelo ka tsela ya kgakgamatso. Eleruri, mathata a mangwe a ka nna a tla ka ntlha ya go okelediwa ditshiamelo. (2 Bakorintha 11:24-27; 2 Timotheo 3:12) Go sa kgathalesege eng, Paulo o ne a tla tshwanelwa ke go itshokela “mutlwa [wa gagwe] mo nameng.”
Le fa go le jalo, le ka motlha Jehofa o ne a sa tlogele Paulo ka go tlhoka bopelotlhomogi. Go na le moo, o ne a mo raya jaana: “Maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.” (2 Bakorintha 12:9) Ee, Jehofa o ne a tla neela Paulo maatla ka lorato gore a itshokele boemo jwa gagwe. Ka gone, “mutlwa mo nameng” ya ga Paulo o ne wa nna thuto mo go ene. O ne wa mo ruta gore a ikaege ka maatla a ga Jehofa go na le a gagwe. Go bonala Paulo a ne a ithuta seno sentle, ka gonne dingwaga dingwe morago ga moo o ne a kwalela Bafilipi jaana: “Ke ithutile go lekanelwa, mo maemong lefa e le afe a ke leng mo go one. Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:11, 13.
Go tweng ka wena? A o itshokela mofuta mongwe wa “mutlwa mo nameng,” gongwe bolwetse kana boemo bongwe mo botshelong jo bo dirang gore o tlhobaele thata? Fa go le jalo, gomotsega. Le fa gone Jehofa a ka nna a se ka a ntsha sekgoreletsi seo ka tsela ya kgakgamatso, o ka nna a go neela botlhale le maatla gore o kgone go se itshokela fa o ntse o tswelela pele o baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong.—Mathaio 6:33.
Fa e le gore bolwetse kana go tsofala go go kgoreletsa gore o fitlhelele mo o neng o ka batla go go fitlhelela mo tirong ya Bokeresete, o se ka wa tlalelwa. Mo boemong jwa go leba teko ya gago e le e e fokotsang tirelo ya gago mo go Jehofa, e lebe e le sebaka sa go oketsa tsela ya go ikaega mo go ene. Gape gakologelwa gore boleng jwa Mokeresete ga bo lekanngwe ka tirelo ya gagwe, mme bo lekanngwa ka tumelo ya gagwe le ka lorato lo lo boteng. (Bapisa Mareko 12:41-44.) Go rata Jehofa ka moya wa gago otlhe go raya gore o mo direle ka mo o ka kgonang ka teng—e seng ka tsela e yo mongwe a kgonang ka yone.—Mathaio 22:37; Bagalatia 6:4, 5.
Fa “mutlwa mo nameng” o o nang le one o akaretsa boemo jwa botshelo jo bo hutsafatsang, jaaka go swelwa ke yo o mo ratang, latela tlhagiso eno ya Baebele: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.” (Pesalema 55:22) Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Sylvia o ne a dira jalo. Mo lobakeng lwa dingwaga di sekae fela, o ne a swelwa ke monna morago ga go nyalana dingwaga di le 50 mmogo le ba bangwe ba lelapa ba le robong—go akaretsa le ditlogolwana tsa gagwe tse dinnye tse pedi. Sylvia o bolela jaana: “Fa e ne e se ka Jehofa, ke ka bo ke ile ka hutsafala ka tsela e e sa laolesegeng. Mme ke ne ke gomodiwa thata ke thapelo. Ke tswelela pele ke sa kgaotse go buisana le Jehofa. Ke a itse gore o nneela maatla gore ke itshoke.”
A bo go gomotsa jang ne go itse gore “Modimo wa kgomotso yotlhe” o ka neela batho ba ba hutsafetseng maatla gore ba itshoke! (2 Bakorintha 1:3; 1 Bathesalonika 4:13) Ka go anaanela seno, re ka tlhaloganya tsela e Paulo a konelang kgang eno ka yone. O ne a kwala jaana: “Ke natefelelwa ke makoa, ke dithogo, ke makgetlo a letlhoko, ke dipogiso le mathata, ka ntlha ya ga Keresete. Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—2 Bakorintha 12:10.
Go Itshokela go sa Itekanela
Rotlhe re ruile bosaitekanelang mo batsading ba rona ba ntlha ba batho. (Baroma 5:12) Ka lebaka leo, re lwantshana le dikeletso tsa nama e e bokoa. A bo go kgoba marapo jang ne go fitlhela gore mekgwa ya “botho jo bogologolo” e setse e ngaparetse thata mo go rona go feta jaaka re ne re ka akanya! (Baefeso 4:22-24) Mo dinakong tse di ntseng jalo re ka nna ra ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Tota ke natefelelwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.”—Baroma 7:22, 23.
Gape, fano re ka dirisa maatla a a tswang mo go Jehofa. Fa o lwantsha bokoa bongwe jwa gago, o se ka wa tlogela go ya kwa go ene ka thapelo, o batla ka tlhoafalo gore a go itshwarele go sa kgathalesege gore o mo atamela ga kae ka bothata bo le bongwe. Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, Jehofa, yo o ‘lekanyang bokete jwa dipelo’ le yo o ka bonang boteng jwa bopeloephepa jwa gago, o tla dira gore o nne le segakolodi se se phepa. (Diane 21:2) Jehofa a ka go neela maatla gore o tswelele o lwa le makoa a nama, a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo.—Luke 11:13.
Gape re tlhoka maatla a a tswang kwa go Jehofa fa re dirisana le go sa itekanelang ga ba bangwe. Ka sekai, Mokeresetekarona a ka nna a bua le rona “ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela.” (Diane 12:18) Seno se ka re utlwisa botlhoko thata, segolobogolo fa seno se dirilwe ke motho yo re akanyang gore o tshwanetse a bo a itse botoka. Re ka nna ra tshwenyega fela thata. Ba bangwe ba ile ba bo ba dirisa dikgopi tse di ntseng jalo e le seipato sa go tlogela Jehofa—e leng phoso e kgolo go di feta tsotlhe!
Le fa go ntse jalo, boikutlo jo bo lekalekaneng bo tla re thusa gore re lebe makoa a ba bangwe ka tsela e e siameng. Re ka se lebelele gore batho ba ba sa itekanelang ba dire dilo tse di itekanetseng. Monna yo o botlhale Solomone o re gakolola jaana: “Ga go na motho ope yo o sa leofang.” (1 Dikgosi 8:46) Arthur, e bong Mokeresete mongwe yo o tloditsweng yo o neng a direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga di ka nna masome a supa, o ne a bolela jaana: “Makoa a a leng mo batlhankeng ka rona a re thusa gore re boloke bothokgami, a re leka go bona gore a re tlhoafetse mo Bokereseteng. Fa re letla se batho ba se buang kana ba se dirang se kgoreletsa tsela e re direlang Jehofa ka yone, re tla bo re direla batho. Kwantle ga moo, bakaulengwe ba rona le bone ba tshwanetse go rata Jehofa. Fa re batla se se siameng fela mo go bone, go ise go ye kae re tla lemoga gore ga ba maswe jalo jalo.”
Maatla a go Rera
Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8.
Go dumalana le mafoko a ga Jesu, tiro eno jaanong e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le 233 mo lefatsheng lotlhe. Ka kakaretso, ba dirisa diura tse di fetang sekete sa dimilione ngwaga le ngwaga ba thusa ba bangwe gore ba nne le kitso ka Jehofa. Ga se ka metlha go leng motlhofo go fitlhelela tiro eno. Mo dinageng tse dingwe tiro ya go rera ka Bogosi e thibetswe kana e kganetswe. Gape akanya gore ke bomang ba ba dirang tiro eno—ke batho ba ba bokoa, ba ba sa itekanelang, ba mongwe le mongwe wa bone a nang le mathata le ditlhobaelo. Le fa go ntse jalo tiro yone e tswelela pele, mme ka ntlha ya seo, mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, batho ba ba fetang sedikadike ba ile ba neela Jehofa matshelo a bone le go tshwantshetsa boineelo jwa bone ka kolobetso ya metsi. (Mathaio 28:18-20) Ke boammaaruri gore tiro eno e fitlhelelwa fela ka maatla a Modimo. Jehofa o ne a bolela jaana ka moporofeti Sekaria: “Ga se ka thata, le fa e le ka nonofo, fa e se ka mowa wa me.”—Sekaria 4:6.
Fa o le mmoledi wa dikgang tse di molemo, o na le seabe mo tirong eo e kgolo—go sa kgathalesege gore e lebega e le nnye jang. Go sa kgathalesege ‘mitlwa’ e o tshwanetseng go e itshokela, o ka tlhomamisega gore Jehofa a ka se lebale “tiro ya [gago] le lorato lo [o] le bontshitseng leina la one.” (Bahebera 6:10) Ka jalo tswelela pele o ikaega mo Motsweding wa maatla otlhe a magolo gore a go thuse. Gakologelwa gore re ka kgona go itshoka ka maatla a ga Jehofa fela; maatla a gagwe a itekanedisitswe mo makoeng a rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke boammaaruri gore e re ka “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo,” go bontsha boutlwelobotlhoko jwa Modimo gore batho bape fela ba ka nna le kamano le ene ka tsela epe.—Baroma 3:23.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Tiro ya go rera e fitlhelelwa fela ka maatla a ga Jehofa