A O Na Le “Mutlwa Mo Nameng”?
1 Re kgatlhegela thata go dira ka natla mo tirong ya rona ya go rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba fitlhela go le thata go nna le seabe ka botlalo ka ntlha ya go kgorelediwa ke dipobolo dingwe tse di masisi mo mmeleng kana makoa mangwe, a a dirang gore go nne bokete mo go bone go dira kafa ba neng ba ka batla ka teng. Mo go bone, go ka nna le kgwetlho ya go nyema moko, segolobogolo fa ba bona ba bangwe ba tlhagafetse mo bodireding.—1 Bakor. 9:16.
2 Sekao Se o Ka se Etsang: Moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go itshokela “mutlwa mo nameng.” O ne a rapela Jehofa ka makgetlho a le mararo gore a tlose sekgoreletsi seno se se ngomolang pelo, se a neng a se tlhalosa e le “moengele wa ga Satane” yo o nnetseng go mo faphola. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a itshoka mme a gatela pele mo bodireding jwa gagwe. O ne a sa itlhomogele pelo kana a ngongoregetse ruri. O ne a ntsha ga tshwene. Selo se se neng sa mo thusa go itshoka e ne e le kgothatso eno e e tswang kwa Modimong: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.” Bokoa jwa ga Paulo bo ne jwa fetoga maatla fa a ne a ithuta go amogela boemo jwa gagwe le go ikaega ka Jehofa le ka moya o o boitshepo gore a tle a itshoke.—2 Bakor. 12:7-10.
3 Kafa o ka Itshokang ka Teng: A makoa a botho a go kgoreletsa mo go direleng Modimo? Fa go ntse jalo, nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga Paulo. Le e leng le fa bolwetse kana bokoa jwa gago bo ka se fodisiwe ke sepe mo tsamaisong eno ya dilo, o ka ikanya Jehofa gotlhelele, yo o tlhaloganyang dilo tse o di tlhokang mme o tla go neela “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakor. 4:7) Dirisa thuso e o e bonang mo phuthegong, o se ka wa itlhaola mo bathong ba bangwe. (Dia. 18:1) Fa o go fitlhela go le thata go nna le seabe mo tirong ya ntlo le ntlo, senka ditsela tse di mosola tsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo kana jwa thelefouno.
4 Le fa gone mutlwa o o mo nameng o ka go kgoreletsa go dira se o ka se kgonang mo bodireding, o se ke wa ikutlwa jalo. Le wena fela jaaka Paulo, o ka nna wa dira kafa o kgonang ka teng le kafa maemo a go letlang ka teng gore o “neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (Dit. 20:24) Itse gore Jehofa o a itumela fa o ntse o dira ka natla mo bodireding jwa gago.—Baheb. 6:10.