MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 BAKORINTHA 11-13
Paulo O ne A na Le “Mutlwa mo Nameng”
Gantsi Baebele fa e bua ka mmitlwa e a bo e bua ka dilo tse di tlhobaetsang kgotsa ka batho ba ba utlwisang ba bangwe botlhoko? (Dip 33:55; Dia 22:5; Esek 28:24) Fa Paulo a ne a re o na le “mutlwa mo nameng,” o ne a bua ka batho ba ba neng ba ipitsa baaposetoloi mme e se bone le ka batho ba bangwe ba ba neng ba mo tlhaba ka mafoko. Ba ne ba re ga se moaposetoloi e bile ba rata go mo tshwayatshwaya diphoso. Baebele e ka tswa e bua ka eng gape se e neng e le “mutlwa” mo go Paulo?
Ke eng se se go tlhobaetsang?
Ke eng se o tshwanetseng go se dira gore Jehofa a go thuse go itshoka?