Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A Paulo o ne a lebisitse kwa go Jehofa kana kwa go Jesu fa a ne a kwala jaana: ‘Morena a nthaya a re: Thata ya me e lekanyediwa mo bokoeng’?
Go bonala gore moaposetolo Paulo o ne a lebisit e kwa go Morec na Jehofa Ka go elatlhoko mafoko a ga Paulo mo ditemaneng tseno, re ka kgona go bona eseng fela gore ke ka ntlhayang fa seno se ntse jalo mme gape re ka okptsa kanaanelo ya rona ya botsalano jwa Modimo le Morwa wa gagwe Paulo o ne a kwala jaana:
“Gore ke seka ka ikgodisa bobe, ka tseñwa mutlwa mo nameñ ea me, e le moroñwa oa ga Satane go ntlhabaka, gore ke se ka ka ikgodisa bobe. Nkile ka rapèla Morèna gararo kaga shōna selō se, gore se kè se ntlogèlè. Me o ntheile, a re, Tshegōhacō ea me e gu lekanye; gonne thata ea me e lekanyediwa mo bokoeñ. Me ke gōna bogolo thata ke tla ipelahatsa ka makōa a me, gore thata ea ga Keresete e tlè e nnè mo go nna.”—2 Bakorintha 12:7-9.
Mutlwa mo nameng ya ga Paulo e ka tswa e ne e le bolwetsi jwa natlho kana baaposetoloi ba maa:a bao ba neng ba gwetlha boapoetolol jwa gagwe. (Bagalatia 4:15; 6:11; 2 Bakorintha 11:5, 12-15) Go sa kgathalesege gore e ne e le eng se ne se kgoba Paulo marapo kana se mo dira gore a seka a ikgodisa ka bodihedi jwa gagwe. Ka gone ka makgetlo a le mararo o ne a kopa gore se tlosiwe. Mme o ne a kopa mo go mang, mme ke mang yo o neng a arabela ka go bua a re “thata ea me”?
Ereka temana e umaka thata ea ga Keresete, go ka nna ga lebega ekete Paulo o ne a kopile Morena Jesu. Kwantle ga pelaelo,o na le thata ebile o ka e fetisetsa mo barutweng ba gagwe. (Mareko 5:30; 13:26; 1 Timotheo 1:12) Tota ebile, Morwa Modimo “o tshegeditse dilō cotlhe ka lehoko ya nonohō ea gagwè.”—Bahebera 1:3; Bakolosa 1:17, 29.
Lefa go ntse jalo, Morwa Modimo ke ene motswedi o mogolo wa thata, e a ka e neelang baobamedi ba gagwe ebile a e ba neelang. (Pesalema 147:5; Isaia 40:26, 29-31) Thata ya go nna jalo e e tswang kwa Modimong e kgonisitse Jesu go dira dikgakgamatso ebile e santse e tla mo kgonisa go tsaya kgato. (Luke 5:17; Ditiho 10:38) Ka mo go tshwanang, baaposetoloi ba ga Jesu le balatedi ba bangwe ba amogela thata go tswa kwa go Jehofa. (Luke 24:49; Baefesia 3:14-16; 2 Timotheo 1:7, 8) Seno se ne se akareletsa Paulo, yo o neng a direla “kaha neoñ ea tshegohaco euō ea Modimo, e [moaposetoloi a] e neilweñ kaha go diheñ ga thata ea ōna.”—Baefesia 3:7.
Ereka Paulo a ne a kopa gore go ntshiwe ‘mutlwa o o mo nameng ya gagwe, moengele wa ga Satane,’ go a utlwala gore o ne a leba kwa go Morena Modimo go dira seno, eleng Jehofa yo dithapelo di lebisiwang kwa go ene. (Bafilipi 4:6; Pesalema 145:18) Go feta moo, go kgothatsa Paulo ga ga Jehofa ka tsela nngwe ka mafoko. “Thata ea me e lekanyediwa mo bokoeñ,” ga go iteele Keresete kwa thoko. Thata e e tswang kwa go Morena Modimo e ka nna ya tlhalosiwa jaaka ‘thata ya ga Keresete e e neng e tshwana le tente’ mo go Paulo, ereka ‘Keresete e le thata ya Modimo le botlhale iwa Modimo.’ (1 Bakorintha 1:24) Ka gone, 2 Bakorintha 12:7-9 e re thusa go tlhaloganya botoka tsela ya botlhokwa eo Jehofa a dirisang Morwawe mo go diragatseng thato ya bomodimo ka yone.