Mokgatšha wa Mosima O Mogolo
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Kenya
KE MOSELE o motona, mosima o o bilogang fa fatshe o mogolo mo e leng gore o ka kgona go o bona o le kwa ngweding! O anama go tswa kwa Mokgatšheng wa Jordan kwa bokone jwa Iseraele go fologela kwa tlase kwa Mozambique—dikilometara di le 6400—o feta o raletse karolo e kgolo ya boleele jwa kontinente ya Afrika.
Ka 1893, moithutajioloji wa kwa Scotland e bong J. W. Gregory o ne a dira patlisiso ya ntlhantlha e e tseneletseng ka lefelo leno le lentlentle. Gregory o ne a lemoga gore mosele o mogolo ono ga wa dirwa ke kgogolego ya mmu e e bakilweng ke metsi le phefo, mme “ke letlapa le le neng la garimela kwa tlase, fa naga e e mo ditlhakoreng yone e ne ya sala e ntse e eme.” (Bapisa Pesalema 104:8.) O ne a bitsa lenga leno le le boitshegang le le mo boalong jwa mo lefatsheng a re ke Mokgatšha wa Mosima o Mogolo.
Le gompieno borasaense ba sa ntse ba sa tlhaloganye sentle maatla a ka fa tlase ga lefatshe a a bakileng mokgatšha ono diketekete tsa dingwaga tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, motho o patelesega go kgatlhegela mefutafuta ya dilo tse di fitlhelwang mo go one. Karolo ya Afrika ya Mokgatšha wa Mosima o Mogolo e e simologang kwa Ethiopia e na le mangwe a mafelo a a boifisang go gaisa otlhe mo lefatsheng e leng Danakil Depression (e e itsegeng gape e le Afar Triangle). Letsha leno le legolo la letswai le bapile le Lewatle le le Lehibidu e bile ke sekaka se se ikadileng ka disekwerekilometara di le 150 000. Fano lefatshe le garimetse ka boteng jwa dimetara di le 120 ka fa tlase ga boalo jwa lewatle. Themperetšha e ka fitlha go mogote o o boitshegang wa 54 dikirii Celsius. Go tswa foo mosima ono o tlhatlogela kwa nagagodimong ya Ethiopia—bogodimo jwa dimetara di ka nna 1800 kwa godimo ga boalo jwa lewatle ka ditlhoa tsa dithaba tsa boleele jwa dimetara di le 4300. Dikgwa tsa pula tse di kitlaneng di khurumeditse dithotana tsa nagagodimo eno e e nonneng, go tlamela dinoka di le dintsi tse di jaaka Blue Nile ka metsi. Fa o kgabaganyetsa kwa borwa mo karolong ya one e e kwa botlhaba, mosima ono o tswelela go tlhatloga le go fologa ka mokgwa o o jesang kgage.
Ditlhoa tsa dithota tsa makgwamolelo tsa dibopego le bogolo jo bo farologaneng le mesima e mennye e e tlang e fapoga di tla di katogana go bapa le boleele jwa Mokgatšha wa Mosima o Mogolo. Mo karolong e e kwa bophirima ya mosima ono, motsamao wa lekgwamolelo o bakile mogolagang wa dithaba tsa Ruwenzori le Virunga o o aroganyang Rwanda, Zaire le Uganda. Ditlhoa dingwe di sa ntse di supa gore lekgwamolelo la teng le sa ntse le tuka, mme ka dinako dingwe di tle di kgwe mosi le manya a a bolelo jo bohibidu. Gaufi fela le karolo e e kwa botlhaba ya mokgatšha ono, ditlhoa tsa bogologolo tsa makgwamolelo tse di jaaka Kilimanjaro le Thaba ya Kenya di goletse kwa godimo mo e leng gore go sa kgathalesege letsatsi le le fisang thata la ekhweita, di nna di khurumeditswe ke semathane. Metswedi ya metsi a a mogote e e pumpunyegang metsi a a elelang le a a bolelo thata le yone e bonwa gotlhe mo boleeleng jwa Mokgatšha wa Mosima, mo go supang gore lekgwamolelo la teng le sa ntse le tuka ka fa tlase ga lefatshe.
Go ela kwa borwa kwa Tanzania dipoa tsa bojang jo bo goletseng kwa godimo di iphaphathile le mokgatšha ono. Di bidiwa siringet ka puo ya Masai, lefoko le le rayang “lefelo le legolo le le bulegileng.” E re ka di itsege botoka e le Serengeti Plain bojang jwa teng jo bontsi bo fepa metlhape ya teng e megolo ya diphologolo tsa naga ka dijo. Ke gone fano moo phudugo ya dikgokong tse dintsi e diragalang teng—tiragalo e e kgatlhang eleruri!
Matsha a Mosima Ono
Mo karolong e e kwa bophirima ya Mokgatšha wa Mosima o Mogolo mo Afrika go na le matsha a le mantsi a teng a a sentsweng ke matswai a khabone (sodium carbonates). Dikhemikale tseno di tswa kwa mafelong a go kileng ga runya makgwamolelo kwa go one kgotsa a tsene mo matsheng ano ka ntlha ya makgwamolelo a a ileng a runya ka fa tlase ga lefatshe. Matsha mangwe a a jaaka Lake Turkana kwa borwa jwa Kenya a na le kalaka e nnye go sekae. E re ka letsha la Lake Turkana le dikologilwe ke sekaka se se nang le ditlhatshana fale le fale sa disekwerekilometara di le diketekete, ka dinako dingwe le dikaganyediwa ke mmala o montle o motala e bile ke teng koo go fitlhelwang dikwena tse dintsi go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Matsha a a jaaka Lake Magadi la kwa Kenya le Lake Natron kwa Tanzania a tletse thata ka letswai mo e bileng le ikgarile kwa tlase le itirile sebata se sesweu sa soda. Le dirwa ke eng? Go bo go se na kgoro e a neng a tla tswela kwa ntle ka yone. Metsi a mantsi a tswa ka go mowafala, a tlogele mokoa o mogolo wa diminerale. Ke diphologolo di le mmalwa fela tse di kgonang go tshela mo teng le mo karolong e e dikologileng metsi a a galakang a matsha a soda a Mokgatšha wa Mosima. Le fa go ntse jalo, matlhaodi a a itsegeng ke dinonyane tsa di-flamingo tse di khibitswana tse di tsamayang go tswa mo letsheng la metsi a soda go ya go le lengwe, tse di jang ditlhatshana tse dinnye tse di tshelang mo metsing ao a a letswai. Fano di-flamingo di phuthega ka dimilionemilione, e kete ke lewatle le le khibitswana le le tshelang.
Selo se sengwe gape se se tshelang mo metsing ao a go sa tsheleng sepe mo go one ke tlhapi e nnye e e bidiwang tilapia grahami. Tlhapi eno e e sa tshabeng kalaka gantsi e bonwa gaufi le melomo ya dinokana tsa ka fa tlase ga lefatshe, moo metsi a leng bolelo thata mo go seng motlhofo go tsenya letsogo mo teng. Le fa go ntse jalo, tlhapi eno e nnye e kgona go tshela moo, ka go ja malele a a mo letsheng.
Ke matsha a le mmalwa fela a a mo karolong e e mo botlhaba a a nang le metsi a a phepa. Lengwe la one ke Lake Naivasha kwa Kenya. Le boteng jwa dimetara di le 1870 kwa godimo ga boalo jwa lewatle e bile mo metsing a lone a a phepa go nna mefuta e e farologaneng ya ditlhapi le metlhape ya dikubu tse di ratang go aramela letsatsi teng. Go bapa le losi lotlhe lwa lone ke mafelo a matala a a tletseng ditlhare tsa papirase le dimela tsa mo metsing tse mo go tsone go nnang mefuta e feta 400 e e farologaneng ya dinonyane tse di mebalabala. E re ka fa morago ga lone go le ditlhare tse di serolwana tsa acacia le loropo lwa dithaba, Lake Naivasha e ntle thata fa o e lebile.
Mo gare ga karolo ya mokgatšha ono, go na le lefelo la bobedi ka bogolo go gaisa otlhe mo lefatsheng la metsi a a phepa, e leng letsha la Lake Victoria. Metsi a teng a itsoketsa ka dintshi tsa Kenya, Uganda le Tanzania e bile ke mongwe wa metswedi ya Noka ya Nile. Kwa borwa metsi a Lake Tanganyika a thabuela mo botennyeng jwa dimetara di le 1440. Leno ke letsha la bobedi le le boteng go gaisa otlhe mo lefatsheng.
Diphologolo Tsa Mefutafuta
Mokgatšha wa Mosima wa Afrika wa Botlhaba o tlamela mefutafuta ya diphologolo tsa naga. Dinare, dithutlwa, ditshukudu le ditlou ke dingwe tsa diamusi tse dikgolo tse di kailang mo lefelong la naga ya teng e e atlhameng. Kwa dikarolong tse di omileng tse di se nang metsi o ka bona dipitse tsa naga, dikukama le bontšhe. Ditshephe tse di tletseng boitumelo di tlolela kwa godimo fa di ntse di siane go kgabaganya lefelo le le bojang. Dikatse tse di maronthorontho tse di jaaka lengau le letlotse di tsoma mo dipoeng tsa teng tse di bulegileng mme gangwe le gape o ka utlwa tau e puruma mo diureng tsa bosigo. Kwa godimo kwa leropong la dithaba tsa Virunga go nna korila e e bonwang sewelo ya dithaba. Kwa tlasetlase kwa boalong jwa mosima ono, go sasanka setlhopha sa ditshwene go kgabaganya tikologo e e matlapatlapa di senka ditshenekegi, dipeo le diphepheng. Kwa godimodimo kwa loaping go fofa bontsu ba ba maatla le manong ka diphuka tsa one tse dikgolo di phaphasela mo godimo ga moya o o bothito kana pheswana e e mogote. Di-touraco, di-barbet, bokorwe le dipapalagae di nna mo ditlhatshaneng tse di mibitlwa mo nageng e e kwa tlase. Mekgantitswane ya dibopego, bogolo le mebala yotlhe e tabogaka ka bonako jaaka e kete maoto a yone a sha.
Bakgarakgatshegi ba Kwa Mosimeng Ono
Mokgatšha wa Mosima wa Afrika wa Botlhaba ke legae la merafe e le mentsi e e nnang mo sekakeng e e tsamayang e senka mafulo le e e kgarakgatshegang. Ke batho ba ba mabifi ba ba tsamayang ba gwanta e leng selo se se tlwaelegileng mo bakgarakgatsheging ba Afrika. Mo mafelong a mo go one pula e bonwang sewelo, gantsi motse otlhe o tla tsaya ditsaone mme o fuduge go ya go senkela leruo la one mafulo a masha. Ba sa dirise makwalo a mosepele kgotsa di-visa, ba tsamaya ka kgololesego go kgabaganya melelwane e e sa tshwaiwang ya dinaga mme ba lebega ba sa itshwenye ka kgatelopele e e diragalang ka kwa ntle le ditsela tse dingwe tsa botshelo. Mo mafelong ano a a kwa thoko, botshelo bo itsamaela ka bonya. Nako e lekanngwa ka go tlhaba le go phirima ga letsatsi. Khumo ya motho e lemogiwa ka palo ya dikamela, dipodi, dikgomo kgotsa dinku tse a nang le tsone kgotsa ka palo ya bana mo lelapeng la gagwe.
Magae ga a raraana mme a agilwe ka manontlhotlho. Ba oba dikala tsa ditlhare mme ba di bofaganye go dira mogwafatshe o o kgolokwe. Karolo e e ka fa ntle yone e apesiwa ka bojang jo bo logilweng, matlalo a diphologolo kgotsa seretse se se tswakantsweng le boloko jwa kgomo. Magae a a ntseng jalo gantsi a na le molelo o o apayang, lesakanyana la diruiwa le boalo jo e ka nnang letlalonyana la phologolo fela. Molelo o o besitsweng mo leisong o tlatsa legae ka mosi o o kobang dintsi le menang mo ntlong. Gantsi motse kgotsa lelapa le aga megwafatshe e e kgolokwe e e tlhomaganeng ka sebopego sa tshekeledi e dikilwe ka dikala tsa mebitlwa gore sepe se se ka sa kgona go tsena, go sireletsa leruo la bone mo diphologolong tsa naga bosigo.
Mo karolong yotlhe ya Mokgatšha wa Mosima o Mogolo go na le mefuta e e farologaneng ya batho ba ditebego, dipuo le dingwao tse di sa tshwaneng go ikaegile ka merafe ya bone le lefelo le ba leng mo go lone. Ditumelo tsa bodumedi le tsone di farologana thata. Bangwe ba ineetse mo Boiselamong; fa ba bangwe bone mo Bokereseteng. Bontsi bo dumela mo boloing e bile ba rata go amanya sengwe le sengwe se ba sa se tlhaloganyeng le maatla a a fetang a tlholego. Mo dingwageng tsa bosheng jaana ba le bantsi ba ba leng kwa mafelong a a kgakala ba ile ba amiwa ke tlhotlheletso ya kwa ntle ka dithulaganyo tse di amanang le dilo tsa thuto le kalafi.
Ga go gakgamatse go bo Basupi ba ga Jehofa le bone ba dira matsapa a go ikgolaganya le bakgarakgatshegi bano ba ba mabifi. Basupi ba solofetse go ba thusa go itse tsholofetso ya Baebele ya nako e ka yone go se kitlang go nna le mongwe yo o tla tshelang ka thata jaana mo lefatsheng le le lokgere. Baebele ya re: “E e leng naga fela e tlaa ipela le lefatshe la lokgere; le sekaka se tlaa itumela se nyakalala jaaka sešeše.” (Isaia 35:1) Fa dilo di sa le jalo, Mokgatšha wa Mosima o Mogolo e tla nna e le segopotso sa mefuta e e farologaneng ya popo ya Modiri wa dilo tsotlhe, e bong Jehofa Modimo.
[Mmapa mo go tsebe 16]
(For fully formatted text, see publication
ISERAELE
EGEPETO
SAUDI ARABIA
Lewatle le Lehibidu
YEMEN
Kgogometso ya Aden
ERITREA
SUDAN
UGANDA
RWANDA
BURUNDI
ZAIRE
ZAMBIA
MALAWI
DJIBOUTI
ETHIOPIA
SOMALIA
KENYA
TANZANIA
MOZAMBIQUE
[Motswedi wa Setshwantsho]
Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Kwa Serengeti Plain, go diragala tiragalo e e kgatlhang eleruri—phudugo e kgolo ya dikgokong
[Motswedi wa Setshwantsho]
Below: © Index Stock Photography and John Dominis, 1989
[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]
Di-“flamingo” di phuthega ka dimilione, go dira lewatle le le khibitswana le le tshelang
[Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]
Basupi ba ga Jehofa ba isa molaetsa wa Baebele kwa bathong ba Mokgatšha wa Mosima