Ntwa e Bolaya Basha ba Bantsi
BONGWANA e tshwanetse go nna nako e e itumedisang. Nako ya go ratiwa le go sirelediwa. Nako ya go se itse sepe ka dilo tse dintsi tsa lefatshe leno. Basha ba tshwanetse go tshameka, go ithuta le go godisa dinonofo tse di tla ba thusang go nna bagolo ba ba nang le maikarabelo. Bana ga ba a tshwanelwa ke go bolawa e bile tota ga ba a tshwanela go bolaya. Le fa go ntse jalo, ka dinako tsa ntwa, go diragala dilo tse dintsi tse di sa tshwanelang go diragala.
Ka maswabi, ntwa e anama gotlhe mo lefatsheng, mme e bolaya basha, e ba sulafatsa maikutlo le go senya bongwana jwa bone. Ka 1993, dinaga di le 42 di ne tsa lwa dintwa tse di masisi, fa tse dingwe tse 37 di ne tsa nna le dipheretlhego tsa sepolotiki. Mo go nngwe le nngwe ya dinaga tseno tse 79 go ne go na le bana.
Basha ba le bantsi gompieno ga ba ise ba ko ba itse kagiso. Kwa bokhutlong jwa 1995, go ne go na le ntwa e e tsereng dingwaga tse di fetang 30 kwa Angola, e e tsereng dingwaga di le 17 kwa Afghanistan, dingwaga di le 11 kwa Sri Lanka le ya dingwaga di le 7 kwa Somalia. Mo mafelong a a farologaneng, boradipolotiki ba buile ka tlhomamo ka ga “thulaganyo ya kagiso,” le fa go ntse jalo ntwa e tswelela pele e senya matshelo a batho.
Ntwa ga e bolo go nna e utlwisa bana botlhoko, le fa go ntse jalo, mokgwa o o fetogileng wa ntwa mo dinakong tsa bosheng jaana o feleletse ka gore go bolawe palo e e kwa godimo ya baagi, go akaretsa le bana. Mo dintweng tsa mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga le mo masimologong a lekgolo leno la dingwaga, mo e ka nnang sephatlo sa batho ba ba bolailweng mo ntweng e ne e le baagi. Mo Ntweng ya Lefatshe II, e e lolweng go tloga ka 1939 go fitlha ka 1945, palo ya baagi ba ba neng ba swa ka ntlha ya ntwa e ne ya oketsega ka nngwetharong, gongwe e le ka ntlha ya ditoropokgolo tse dintsi tse di neng tsa senngwa ka dibomo.
Mo bokhutlong jwa bo1980, baagi ba ba neng ba gobetse mo ntweng ba ne ba oketsega mo e ka nnang ka diperesente di le 90! Lebaka le lengwe la seno ke gore dintwa di setse di raraane thata. Masole ga a tlhole a lwela kwa botlhabanelong. Mo dintweng di le dintsi gompieno, ga go lwe dinaga tse di rileng, go na le moo, ke dintwa tsa selegae. Mo godimo ga moo, ntwa e lwelwa mo metseng kgotsa mo ditoropokgolong, mme ke gone moo, ka ntlha ya go galefa le go belaelana, babolai ba sa tlhaoleng mmaba mo bathong ba ba se nang molato.
Palo ya bana ba ba suleng e kwa godimo thata. Go fopholediwa gore mo dingwageng di le lesome fela tse di fetileng, go ya ka United Nations Children’s Fund, dintwa di bolaile bana ba le dimilione di le pedi le go golafatsa ba bangwe ba le dimilione di le nnè go ya go dimilione di le tlhano. Ntwa e ne ya tlogela bana ba ba fetang milione o le mongwe e le masiela mme ya tlogela ba le dimilione di le 12 ba se na magae. Bangwe ba bana ba le dimilione di le lesome ba na le mathata a tlhaloganyo ka ntlha ya ntwa.
Dilaeborari di tletse ka dibuka di le dintsi tse di ka ga ntwa. Di tlotla kaga gore ke jang e bile ke ka ntlha yang dintwa di lolweng; di tlhalosa ditlhabano le maano a a dirisitsweng; di gopotsa batho ka bojenerale ba ba neng ba eteletse kgailo pele. Dibaesekopo di bua go le gontsi ka ga boitumelo jwa gone mme di bua go le gonnye fela ka ga go bogisiwa ke ntwa. Dibuka le dibaesekopo tse di ntseng jalo di bua go le gonnye fela ka batho ba ba se nang molato ba ba amilweng ke ntwa. Ditlhogo tse di latelang di bontsha kafa bana ba neng ba dirisiwa ka teng go nna masole, kafa ba neng ba nna mamphorwana a a motlhofo go bolawa ka teng mo ntweng, le gore ke ka ntlha yang re bolela gore bana gompieno ba ka ipelela isagwe e e itumedisang tota.