A go Tla ke go Nne le Kagiso le Tshisibalo?
BAJANALA ba kwa Boritane fa ba bodiwa gore ba batla eng fa ba le mo boikhutsong kwa nageng e sele, ba le 3 go ba le 4 ba ne ba araba ka gore, “Kagiso le tshisibalo.” Le fa go ntse jalo, e re ka leratla e le bothata jwa lefatshe lotlhe, ba le bantsi ba dumela gore kagiso ya boammaaruri le tshisibalo ke toro fela.
Le mororo go tserwe matsapa a a gagametseng go fokotsa leratla, o ka nna wa ipotsa gore a go a utlwala go dumela gore go tla ke go nne le katlego e e feletseng. Go tweng ka batho ba bangwe ba ba sa tshwenyegeng ka se se go tshwentseng?
Dikgoreletsi Tse o Tshwanetseng go di Fenya
Ga go motlhofo go bua le batho ba ba tlhogoethata e bile go bokete thata go ba dira gore ba tlhaloganye mabaka a gago. Ka nako ya fa ditlhopha tse di leratla tsa basha di ne di kokoane ka fa ntle ga kago e Ron a nnang mo go yone, o ne a tsaya matsapa a go ba itlwaetsa. O ne a ithuta maina a bone. O ne a bo a thusa le go baakanya nngwe ya dibaesekele tsa bone. Go tloga ka nako eo, ga a ka a tlhola a nna le bothata bope le bone.
Akanya ka kgang ya ga Marjorie, motsadi yo o senang molekane yo o nang le morwadi wa mosha, yo o nnang mo foleteng e e tsentsweng fa gare ke baagelani ba ba leratla. Bahiri mo foleteng e e ka kwa godimo ga ya bone ga ba na khapete fa fatshe. Ka gone, Marjorie o tshwenngwa ke leratla le le dirwang ke bana ba ba tshamekelang fa fatshe ka ditlhako tsa maotwana, ba itaanya bolo fa fatshe kgotsa le e leng go tlola mo bolaong. Mo godimo ga moo, mmè wa bone o rwala ditlhako tsa dikwaekwae mo gae. Marjorie o ne a bua le moagelani wa gagwe ka tsela e e nang le botho a mo kopa gore a fokotse leratla, le fa go ntse jalo go sa utlwane ga bone ka puo go ne ga dira gore a se ka a atlega. Mmasepala wa koo o ne a romela motoloki go tla go thusa go rarabolola bothata, ka jalo Marjorie o ne a letetse go bona diphetogo.
Mo foleteng e e ka fa tlase ga ya gagwe go nna monna mongwe yo o tshamekelang mmino wa gagwe kwa godimo magareng ga ura ya bosupa le ya borobedi mo mosong mongwe le mongwe, modumo wa moporo o utlwala o sa kgaotse. Fa a ne a mo atamela ka botlhale, monna yono o ne a mo araba ka gore o tlhoka mmino ono go ‘mo dira gore a ikutlwe a itumetse kwa tirong.’ Marjorie o kgona go itshokela seno jang?
O bolela gore: “Ke leka gore ke nne le boikgapo le bopelotelele. Ke fetotse thulaganyo ya me, ke nna fa fatshe ke bale go sa kgathalesege leratla. Ke fitlhela gore ke kgona go tlhoma mogopolo ka bonako mo bukeng e ke e balang. Ka jalo ga ke akanye thata ka leratla leo.”
Heather ene o nna mo foleteng e e lebaganeng le lefelo la maitiso, le morago ga bosigo jo bo leratla, le tswalwang ka ura ya borataro mo mosong. Le fa gone kgabagare a ile a ya go ngongorega kwa balaoding ba lefelo leo, ga go a dirwa sepe go emisa modumo oo.
A Leratla le Tla Khutla?
Dr. Ross Coles wa Medical Research Council’s Institute of Hearing Research ya Borithane a re: “Batho ba le bantsi ba fitlhela gore tidimalo e e feteletseng e a lapisa e bile e a boifisa.” Pina e e monate ya dinonyane, makhubu a a ntseng a itaya ka iketlo mo lotshitshing lo lo tletseng motlhaba, modumo wa bana ba ba itumetseng—medumo eno le e mengwe e a re itumedisa. Le fa gone jaanong re ka tswa re eletsa tsela ya go tswa mo leratleng, re itumelela go bo re na le ditsala tse di itumelelang go tlotla le rona. Modimo o solofeditse batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang kagiso le tshisibalo.
Mo Baebeleng mokwadi wa dipesalema o ne a bolela gore: “Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Puso ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e tla tloga e tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa batho. (Daniele 2:44) Ka nako eo, mo tlase ga bolaodi jwa ga Keresete Jesu, go tla nna le “letlotlo la kagiso go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri.”—Pesalema 72:7; Isaia 9:6, 7.
O ka tlhomamisega gore go tsaya kgato ga Modimo go tla dira gore go nne le kagiso le tshisibalo tse rotlhe re di eletsang, fela jaaka moporofeti wa Modimo e bong Isaia a ile a e bolelelapele jaana: “Tiro ya tshiamo e tlaa nna kagiso; le se se tlaa tswang mo tshiamong e tlaa nna lodule le boikanyo ka bosakhutleng. Batho ba me ba tlaa nna mo . . . mafelong a tapologo le a lodule.”—Isaia 32:17, 18.
Le e leng gone jaanong, o ka nna le kagiso le tshisibalo ya semoya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la lona. Le fa ka dinako dingwe dikete di le masomesome di kopana mmogo go obama kwa dikopanong tse dikgolo—e bile dikopano tseno di le ‘modumo ka ntlha ya banna, basadi le bana’—modumo wa teng ga se o o serang mme ke o o itumedisang. (Mika 2:12) Iponele ka bowena ka go kopana le Basupi mo lefelong le o nnang mo go lone kgotsa ka go kwalela nngwe ya diaterese tse di mo tsebeng ya 5 tsa makasine ono go ikgolaganya le bone. Ipelele kagiso le tshisibalo tsa mmatota fa o na le bone jaanong gongwe le ka bosakhutleng.