Leratla—Se o Ka se Dirang ka Lone
MORAGO ga letsatsi le le lapisang, o robala boroko jo bo monate. Ka tshoganetso o tsosiwa ke dintša tse di bogolang tsa moagelani wa gago. O a fetoga mo bolaong jwa gago mme o solofele gore leratla le le tlhobaetsang leno le tla fela ka bonako. Le fa go ntse jalo le a tswelela. Dintša di nna di bogola go ya pele. Ka jaanong o galefile, o betiwa ke pelo ka go bo o palelwa ke go robala e bile o setse o feletswe ke boroko, o ipotsa gore baagelani ba gago ba kgona jang go itshokela leratla leno.
Batho ba itshokela leratla ka ditsela tse di sa tshwaneng. Batho ba ba berekang kwa boemadifofaneng ba ba nnang gaufi le lebalakotamelo ga ba tshwenngwe thata ke leratla la sefofane jaaka ba ba dirang tiro e e sa amaneng le difofane. Mmalapa yo o dirisang motšhini o o silang dijo ga a tshwenngwe ke leratla la one jaaka motho yo o mo kamoreng e nngwe yo o lekang go bala buka kgotsa go bogela thelebishene.
Leratla le le Feteletseng ke Eng?
Dinaga di tlhalosa leratla le le feteletseng ka ditsela tse di farologaneng. Kwa Mexico, leratla ke “modumo ope fela o o sa itumediseng o o tshwenyang kgotsa o o kotsi mo bathong.” Kwa New Zealand leratla le tsewa e le le le feteletseng fa le “kgoreletsa kagiso, thetebalo le boiketlo jwa motho ope fela ka tsela e e feteletseng.”
Baitsesaense ba babedi ba ba itsegeng e bong Alexander Graham Bell yo o tlhamileng thelefouno le Heinrich Hertz, yo e neng e le mankge wa kwa Jeremane wa fisikisi ba golaganngwa thata le go lekanngwa ga modumo. Di-bel kgotsa se se itsegeng thata ka di-decibel (nngwesomeng ya bel), di lekanya modumo o o tlwaelegileng, fa hertz yone e lekanya segalo kana mosito wa modumo. Fa go lekanngwa leratla, dipego gantsi di lebisa go selekanyo sa decibel sa modumo.a
Le fa go ntse jalo, ke mang yo o lekanyetsang gore modumo o sera go le kana kang? Ke wena yo o o utlwang! The Independent ya Lontone e akgela jaana: “Tsebe ya motho e sa ntse e le yone selekanyamodumo se se di gaisang tsotlhe.”
Ditlamorago tsa Leratla
E re ka tsebe e le yone “selekanyamodumo se se di gaisang tsotlhe,” go phepafetse gore ke yone serwe se go ka diregang thata gore se gobale. Go gobala disele tsa tshikana tse di bosisi tsa moropa wa tsebe go ka baka gore o se ke wa tlhola o kgona go utlwa. Ke boammaaruri gore batho ba tsibogela medumo e e kwa godimo ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, go aga o le mo medumong e e fetang di-decibel di le 80 go ya go di le 90 go ka felela ka gore ka bonya ka bonya o se tlhole o utlwa. Eleruri, o ka se fetse nako e ntsi mo tikologong e e tletseng leratla le legolo letsatsi le letsatsi, o sa ikgobatse ditsebe.
Makasine wa New Scientist o bega gore bontsi jwa disetereo tse dinnye tse di rekisiwang kwa Fora di na le modumo o o kwa godimo wa di-decibel di le 113. Fa e umaka patlisiso nngwe, e bolela gore “mmino wa roko o o lelelang kwa godimo thata ka ura e le nngwe mo di-compact disc tsa mo ditsebeng gantsi o feta di-decibel di le 100 mme o fitlhelele setlhoa sa di-decibel di ka nna 127.” Gape se se masisi thata ke ditlamorago tsa leratla le le dirwang mo meletlong ya dikhonsarata. Motlhotlhomisi mongwe o ne a fitlhela batho ba kgobokane gaufi le digodisamantswe tse di tlhatlagantsweng e kete ba mo maibing. O bolela gore: “Ke ne ke sa tlhole ke bona sentle, dikarolo tsa mmele wa me di ne di tlolatlola go ya le moporo wa moribo mme leratla le ne le nthuba ditsebe.”
Leratla le ka nna le ditlamorago dife mo go wena? Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bolela jaana: “Go nna mo leratleng le le magareng go ya go le le kwa godimo go ka baka go ngomoga pelo, letsapa le le tseneletseng le go tenega ka bonako.” Porofesa Gerald Fleischer wa Yunibesithe ya Giessen kwa Jeremane o akgetse jaana: “Go tlhokofadiwa ka leratla ga go tlose fela boitumelo mo botshelong jwa gago, go ka lapisa motho mo mmeleng le mo maikutlong.” Go ya ka Porofesa Makis Tsapogas, fa leratla le oketsa maemo a mangwe a a ngomolang pelo, le ka nna la baka go tshwenyega mo maikutlong mmogo le malwetse a dirwe dingwe.
Go nna mo leratleng ka lobaka lo loleele go ka ama botho jwa gago. Fa babatlisisi ba puso ya Boritane ba ne ba botsa batho ba ba tsosediwang leratla gore ba ikutlwa jang ka batho ba ba ba direlang jalo, ba bua ka letlhoo, go ipusolosetsa le e leng ka go ba bolaya. Mo letlhakoreng le lengwe, ba ba dirang leratla go le gantsi ba nna bogale fa go ngongoregwa thata ka bone. Mongwe yo o mo letsholong la go nna kgatlhanong le leratla o boletse gore: “Leratla le fokotsa tsela e motho a kgatlhegelelang ba bangwe ka yone e bile le dira gore a nne manganga le go rata ntwa.”
Bontsi jwa batho ba ba tshwentsweng ke leratla ba lemoga gore nonofo ya bone ya go emelana le go iteega tsebe e a koafala ka iketlo. Ba dumalana le mafoko ano a mosadi mongwe yo baagelani ba gagwe ba neng ba tlhola ba tshamekela mmino kwa godimo: “Fa o patelediwa go reetsa sengwe se o sa se batleng, se a go gobatsa. . . . Le e leng le fa leratla le kgaotsa, re ne re itse gore le tla simolola gape.”
A mme ga go na tsela nngwe e motho a ka itshokelang leratla le legolo ka yone?
Se o ka se Dirang
E re ka leratla le tlwaelegile thata, batho ba bantsi ga ba lemoge fa ba tlhodia ba bangwe. Fa ba ka bo ba itse, bangwe kwantle ga pelaelo ba ka bo ba tlogela selo seo se se kgopisang. Ke ka lebaka leno go atamela moagelani yo o leratla ka tsela e e botsalano go ka thusang. Motho mongwe o ne a galefela go bo baagelani ba gagwe ba ile ba ya go mo tlaleya kwa balaoding gore o leratla. O ne a re: “Ke tsaya gore ba ne ba tshwanetse go tla go bua le nna ka namana fa e le gore ke ne ke ba tlhodia.” Mmè mongwe yo o neng a diretse bana bangwe ba bannye moletlo o ne a gakgamadiwa ke fa modiredimogolo mongwe a ne a ikgolaganya le ene go tla go tlhotlhomisa ka leratla le go ngongoregwang ka lone. O ne a akgela ka gore: “Ke eletsa gore ba ba ngongoregileng ka nna ba ka bo ba ile ba tla go kokota mo kgorong ya me mme ba mpolelela gore ga ba itumelele seo.” Ka jalo ga go gakgamatse go bo modiredimogolo wa boitekanelo jwa tikologo wa Boritane a ne a akabaditswe ke go fitlhela gore diperesente di le 80 tsa ba ba ngongoregang ka leratla la mo gae ga ba ise ba kope baagelani ba bone go fokotsa leratla.
Go etsaetsega ga batho go buisana le baagelani ba ba leratla go bontsha go tlhaela go tlotlana. Karabo e ba e solofetseng le e gantsi ba e newang ke gore, ‘Fa ke batla go tshameka mmino wa me, nka dira jalo. Ke tshwanelo ya me!’ Ba boifa gore fa ba ka akantsha moagelani ka tsela e e molemo gore a fokotse modumo go ka nna ga felela ka kgotlhang fa moagelani yo o leratla a ka ikutlwa gore ba ngongorega go sa tlhokege. A bo seno se senola setšhaba sa gompieno ka tsela e e sa siamang jang ne! A bo go tshwana jang ne le polelo ya Baebele ya gore ka “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone,” batho ka kakaretso “ba tla nna baithati, ba ba mabela, ba ba bogale bo tshabegang le ba ba tlhogoethata”!—2 Timotheo 3:1-4.
Go le gantsi go ikaegile ka kgato e motho yo o diretsweng leratla a e tsayang. Makasine wa Woman’s Weekly o tlhalosa tiragalo eno ya kafa go neng ga rarabolola kgotlhang ka teng morago ga fa ngongorego e e dirilweng ka dikgoka e se na go galefisa motho yo o phoso: “Go bua ka lorato le ka bonolo o re, ‘Bona, ke dirile phoso—ke ne ke galefile le fa go ntse jalo, ke lapisiwa thata ke fa ke sa kgone go robala’ gongwe go ka nna mo go lekaneng go ritibatsa [baagelani ba ba lekang go itshireletsa].” Gongwe ba tla itumelela go tlosa dilo tsa bone tse di godisang modumo gaufi le lebota le go fokotsa modumo ka tsela nngwe.
Boammaaruri ke gore go ka go solegela molemo fa o leka go tshedisana sentle le baagelani ba gago. Balaodi bangwe ba dipusoselegae ba tle ba romele batsereganyi go letlanya baagelani ba ba sa utlwaneng. Ka ntlha ya go bo go tlaleya yo mongwe kwa balaoding go tsosa go sa utlwaneng, go bitsa moemedi wa puso e tshwanetse go nna “selo sa bofelo se se ka dirwang.”
Fa o akanyetsa go fudugela kwa lefelong le lesha, o tla go fitlhela go le botlhale go tlhotlhomisa pele gore ke dilo dife tse di ka tswang di baka leratla teng pele ga o swetsa ka ditumalano. Bagwebi ba ba rekisang matlo ba buelela gore o etele legae la gago la isagwe ka dinako tse di farologaneng mo letsatsing go tlhotlhomisa kaga leratla. O ka nna wa botsa baagelani kaga se bone ba se lemogileng. Fa o ka nna le mathata morago ga gore o fudugele mo bonnong jwa gago jo bosha, leka go a rarabolola ka tsela ya boagisanyi. Go tlaleya gantsi go baka letlhoo.
Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore o nna le baagelani ba ba leratla e bile ga go na ditsela dipe fela tsa go fudugela golo gongwe? A go raya gore o atlholetswe go boga ka bosakhutleng? Ga go reye jalo.
Kafa o ka Itshireletsang ka Teng mo Leratleng
Senka ditsela tsa go kganela leratla le le tswang kwa ntle go sutlhelela mo ntlong ya gago. Leba dipota le fa fatshe go bona gore a ga go na mesima epe e e ka kabiwang. Ela tlhoko segolobogolo mo masomelong a motlakase a leng teng. A a sireletsegile?
Gantsi leratla le tsena mo ntlong ka dikgoro le ka difensetere. Go tsenya galase ya bobedi mo difensetereng go ka thusa go fokotsa leratla. Le e leng go tsenya raba e e lotsatsa mo kgorong go ka dira gore setswalo se tswalege sentle. Gongwe go aga mathudi le go tsenya kgoro ya bobedi go tla sireletsa phaposi ya gago ya boiketlo mo go tshwenngweng ke leratla la pharakano.
Le fa gone leratla la pharakano le ntse le gola ka tsela e e tshosang, badiri ba dikoloi ba ntse ba tswelela go dira dilo tse disha le mekgwa e mesha go fokotsa selekanyo sa modumo mo teng ga koloi ya gago. Dithaere tse di sa direng modumo mo koloing ya gago le tsone di ka thusa. Kwa dinageng tse dintsi ka ntlha ya go lekeletsa mefuta e e farologaneng ya boalo jwa ditsela go dirile gore go nne le dilo tse di jaaka se go tweng ke “konkereite e e seng modumo” e mo go yone dilo dingwe tse di tlhakantsweng le konkereite di tlogelwang di bonala mme go dire gore dithaere di gotlhane go le gonnye fela le konkoreite. Dipego di bontsha gore go dirisiwa ga boalo jo bo ntseng jalo go fokotsa selekanyo sa leratla mo e ka nnang ka di-decibel di le pedi mo dikoloing tse di motlhofo le ka decibel e le nngwe mo diloring tse di bokete. Le fa gone seno se ka nna sa se ka sa bonala se le segolo go le kalo, go fokodiwa ga di-decibel di le tharo go lekana sentle le go fokotsa halofo ya leratla la pharakano!
Badiri ba ditsela gone jaanong ba tlhama ditsela tse dikgolo tse di dikaganyeditsweng ke marako kana dithota tsa mmu, ka jalo di fokotsa leratla sentle. Le e leng kwa go se nang lefelo le le lekaneng go dira seno, go dirwa magora a a tlhamilweng ka botswerere, a a jaaka le le kwa botlhaba jwa Lontone le le dirilweng ka matlhogela a a kgotlhaganeng a ditlhare tsa modibonoka le dijalo tse di talafeletseng ruri, a sireletsa baagi ba ba nnang gaufi le tselakgolo mo leratleng le le sa batlegeng.
Go khurumetsa medumo e e tshwenyang ka se se bidiwang leratla le lesweu—ka sekai, moya o o didimetseng kgotsa o o fokang thata—o ka thusa thata mo ditikologong tse dingwe tse di jaaka diofisi.b Kwa Japane go setse go rekisiwa dipiano tse di seng modumo. Go na le go itaya senara, nōtō e tsamaisa motlakase o o dirang gore noto e utlwale mo direetsakatsebe tse di leng mo motshameking.
Baitsesaense ba setse ba feditse diura di le dintsi ba batlisisa tsela ya go tlhama se ba se bitsang selwantshaleratla. Totatota, seno se akaretsa go dirisa modumo o mongwe go dira gore go nne le go roroma go go hupetsang leratla lepe le le ka tswang le le teng. Gone mme, seno se tlhoka didirisiwa tse di oketsegileng le tse di tlhwatlhwagodimo e bile tota ga go tlose bothata ka bo jone. U.S.News & World Report e bolela gore: “Selwantshaleratla e ka tswa e le yone fela tsela ya go bona tidimalo ya nakwana go fitlha batho ba simolola go tsaya leratla e le selo se se leswafatsang tikologo.” Gongwe go ntse jalo, le fa go ntse jalo a tidimalo ke yone tsela ya go fedisa leratla?
A ruri go na le tsholofelo epe ya gore legae la gago le baagelani ba gago ba tla tsamaya ba nna le kagiso le tidimalo? Setlhogo sa rona se se latelang se re neela tsholofelo ya mmatota.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dilekanyo tsa leratla gantsi di lekanngwa ka go dirisa sedirisiwa se se lekanyang modumo ka di-decibel. E re ka tsebe e utlwa mosito wa medumo e mengwe ka tsela e e utlwalang sentle go feta e mengwe, sedirisiwa seno se dirilwe gore se tsiboge ka tsela e e tshwanang.
b Fela jaaka lesedi le lesweu e le go tlhakana ga masedi otlhe a a leng teng, leratla le lesweu ke modumo o o nang le digalo tsotlhe tse di kgonang go utlwala, ka modumo wa dilekanyo tse di lekanang.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Kafa o ka Tilang go Nna Moagelani yo o Leratla ka Teng
● Akanya ka baagelani ba gago fa o dira sengwe se se leratla mme o ba bolelele go sa le gale.
● Nna tirisanommogo fa moagelani wa gago a go lopa go fokotsa leratla.
● Ela tlhoko gore boitumelo jwa gago ga bo a tshwanela go dira gore moagelani wa gago a ngomoge pelo.
● Gakologelwa gore leratla le go roroma ga modumo di tswa motlhofo mo diholong le mo difoleteng.
● Baya dilo tsa lelapa tse di dirang leratla mo godimo ga sengwe se se fokotsang modumo.
● Tlhomamisa gore go aga go na le mongwe yo a ka bidiwang go tla go baakanya dialamo tse di sa siamang tsa ntlo le koloi.
● O se ke wa dira ditiro tse di leratla kgotsa wa dirisa dilo tse di leratla bosigo thata.
● O se ke wa tshameka mmino ka selekanyo se se tla kgopisang baagelani ba gago.
● O se ke wa tlogela dintša di le nosi ka lobaka lo loleele.
● O se ke wa letla bana go tlolela fa fatshe mme ba tshwenya batho ba ba nnang ka fa tlase.
● O se ke wa letsa hutara ya koloi, wa thubaganya ditswalo kgotsa wa dumisetsa koloi kwa godimo bosigo.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]
Leratla le Wena
The Times e akgetse gore: “Leratla ke selo se se anameng thata se se leng kotsi mo madirelong a Boritane gompieno e bile go nna susu ke ditlamorago tsa gone tse di tlwaelegileng.” Dipatlisiso dingwe tsa tiro ya boitekanelo di bontsha gore leratla le le kwa godimo ga di-decibel di le 85 le ka gobatsa leseanyana le le iseng le tsholwe. Le dira gore lesea le se ka la utlwa sentle e bile lesea le ka nna la nna le mathata a dihoromone mmogo le go tsholwa le na le bogole jo bo rileng.
Go aga o le mo leratleng le legolo go kgoreletsa ditshika tsa madi le go fokotsa go elela ga madi mo dirweng tsa gago. Mmele o tsibogela seno ka go dira dihoromone tse di oketsang kgatelelo ya madi le gore pelo ya gago e iteye ka bonako, ka dinako dingwe seo se baka gore pelo e se ka ya itaya sentle kgotsa le e leng ditlhabi mo mometsong.
Fa leratla le tshwenya thulaganyo ya gago ya ka metlha, go ka nna ga tsoga mathata a mangwe. Go serega fa o robetse go ka ama ditiro tsa gago tsa motshegare. Leratla le ka nna la se ka la fetola lebelo lotlhe le o dirang tiro ya gago ka lone, le fa go ntse jalo le ka baka gore o dire diphoso tse dintsi.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go Itshireletsa Kwa Tirong
Fa e le gore o fitlhela leratla e le bothata kwa tirong, akanya ka go dirisa sengwe se se rileng e le go sireletsa ditsebe.* Dilo tse di tsenngwang mo ditsebeng di lekana sentle go dikologa tlhogo jaaka dihetefouno gantsi di a thusa mo leratleng le legolo. Di ka nna tsa dira gore o kgone go utlwa melaetsa e e buiwang le ditemoso tsa metšhini, le fa gone di ka nna tsa dira gore go nne thata go lemoga gore modumo o tswa ntlheng efe. Dilo tse di thibang ditsebe di tshwanetse go go lekana sentle le gone ga di tsene sentle fa o na le bolwetse jwa ditsebe kgotsa di tshwenya mosele o o mo gare wa tsebe ya gago.
Go tlhokomela motšhine sentle go ka fokotsa modumo o mogolo. Go baya didirisiwa mo godimo ga dilo tsa raba go ka fokotsa leratla, fela jaaka go baya motšhine o o leratla mo lefelong le le kwa thoko go ka fokotsa leratla.
*Molao wa dinaga di le dintsi o pateletsa gore bathapi ba tlhomamisege gore badiri ba bone ba rwala dilo tse di sireletsang ditsebe tsa bone sentle.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
O ka itshireletsa jang mo leratleng le le dirwang ke dikoloi?