Leratla—Selo se Gompieno se Tshwenyang Thata
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BORITANE
“Sengwe sa dilo tse dikgolo tse di sulafatsang botshelo.”—Makis Tsapogas, mogakolodi wa World Health Organization.
“Selo se se tsewang se kgotlela Amerika go gaisa tsotlhe.”—The Boston Sunday Globe, U.S.A.
“Selo se se kgotlelang go gaisa tsotlhe mo motlheng wa rona.”—Daily Express, Lontone, Engelane.
O KA se kgone go le bona, go le dupa, go le latswa kgotsa go le tshwara. LERATLA, selo se gompieno jaana se senyang botshelo jwa ditoropo, jaanong le kgotlela le mafelo a magae.
Moitsetlholego mongwe wa kwa Amerika yo o feditseng dingwaga di ka nna 16 a gatisa medumo ya tlholego o fitlhetse tiro ya gagwe e ntse e nna thata go ya pele. Ka 1984 o ne a sekaseka mafelo a le 21 a a didimetseng mo nageng ya Washington kwa U.S.A., a a neng a se na leratla ka metsotso e le 15 kgotsa go feta. Dingwaga tse tlhano fela moragonyana, go ne go setse mafelo a a ntseng jalo a le mararo fela.
Mo baaging ba le bantsi ba mo lefatsheng, ga go motlhofo go bona mafelo a le mararo a a se nang leratla. Kwa Japane, pego e e dirilweng mo nageng yotlhe ka 1991 e bontsha gore leratla le gakatsa dingongorego di le dintsi go gaisa mofuta ofe fela wa kgotlelo. Eleruri, The Times ya kwa Lontone e tlhalosa leratla ka tshwanelo fa e re ke “sebetso se segologolo go gaisa tsotlhe sa botshelo jwa ga jaanong.” Go tloga ka go bogola go go serang ga ntšha e e sa kgaotseng go ya go radio ya moagelani e e lelelang kwa godimo kgotsa alamo ya koloi e e leletseng ruri kgotsa radio ya koloi, leratla le setse le tlwaelegile. Le fa go ntse jalo, leratla ga se selo se sesha. Ga le bolo go nna teng.
Ga se Bothata jo Bosha
E le go kganela pharakano e e kwa godimo, Julius Caesar o ne a iletsa pharakano ya dikoloi mo bogareng jwa Roma motshegare. Ka maswabi, mo go ene le go Baroma mmogo le ene, molawana ono o ne wa ba tsosetsa leratla le legolo bosigo, “ka ntlha ya mabili a dikgong kgotsa a tshipi a a kgothoselang mo mathokong a tsela e e dirilweng ka matlapa.” (The City in History, e e kwadilweng ke Lewis Mumford) Mo e ka nnang lekgolo la dingwaga moragonyana, mmoki mongwe e bong Juvenal o ne a ngongorega ka gore leratla le bakela Baroma bolwetse jo bo sa feleng jwa go tlhoka boroko.
Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, motsemogolo wa Engelane e bong Lontone, o ne o setse o fetogile toropo e kgolo thata e e tlhanaselang. Mokwadi wa Elizabethan England e bong Alison Plowden o kwadile jaana: “Selo sa ntlha se se tshwanetseng sa bo se ne sa gakgamatsa baeng ba le bantsi e ne e le leratla: go tsirima le go kokotela go tswa mo madirelong a le sekete, go kgwetlha le go tswirinya ga mabili, go lela ga dikgomo tse di isiwang kwa mmarakeng, babapatsi ba mo mebileng ba ba goelang kwa godimo go itsise dilo tse ba di rekisang.”
Lekgolo la bo18 la dingwaga e ne ya nna lone le tshimologo ya phetogo ya diintaseteri e neng ya direga ka lone. Jaanong ditlamorago tsa modumo wa metšhini di ne tsa bonala fa badiri ba difeketiri ba ne ba gobala ditsebe. Le fa go ntse jalo, le e leng baagi ba mo toropong ba ba neng ba sa nne gaufi le difeketeri ba ne ba ngongorega ka modumo o o neng o oketsega. Mokwalahisitori e bong Thomas Carlyle o ne a tshabela mo “kamoreng e e se nang leratla” kwa godimo ga ntlo ya gagwe kwa Lontone e le go tila mekoko e e lelang, dipiano tsa baagelani le pharakano ya mmila o o neng o le fa gaufi. The Times e bega gore: “Ga go a ka ga thusa.” Ka ntlha yang? “O ne a tsentshiwa ke medumo e mengwe ya dilo tse di farologaneng, go akaretsa le diphala tsa dikepe le diphala tsa diterena”!
Kgotlelo e Gompieno e Anameng Thata
Gompieno batho ba ba leng kgatlhanong le leratla ba tlhokometse thata maemeladifofane ka gonne batsamaise ba tsa diphofo ba le kgatlhanong le maiteko a go baya molao o o kgatlhanong le leratla. Fa boemadifofane jwa Manchester kwa Engelane bo ne bo aga bo duedisa sefofane se se lobelo thata sa Concorde madi a kotlhao nako le nako fa se ne se tloga, a go ne ga thusa? Nnyaa. Kapotene mongwe wa Concorde o ne a dumela gore sefofane se ne se le modumo le fa go ntse jalo, fa se ka tloga ka lookwane lo lonnye go fokotsa leratla, se ne se se kitla se fitlha kwa Toronto kgotsa kwa New York se sa ema gope.
Go tila leratla la pharakano ya mo tseleng le gone go na le mathata a a tshwanang. Ka sekai, kwa Jeremane dipatlisiso di bontsha gore kgotlelo ya mofuta ono e tshwenya diperesente di le 64 tsa baagi. Go begiwa gore ke bothata jo bo eteegelang pele ka makgetlho a a fetang a le sekete pele ga batho ba dirisa dikoloi thata. Pego e e tswang kwa Gerika e bolela gore “Athena ke nngwe ya ditoropokgolo tse di modumo thata mo Yuropa e bile leratla la gone le boitshega mo e leng gore le ama boitekanelo jwa Baathena.” Environmental Agency ya Japane le yone e etse tlhoko gore leratla la pharakano ke bothata jo bo eteegelang pele mme e amanya seno le go oketsega ga batho ba ba nang le dikoloi. Fa koloi e tsamaya ka iketlo, enjene ke yone e dirang modumo o mogolo, mme fa e taboga ka dikilometara di le 60 ka ura, dithaere ke tsone di dirang leratla le legolo.
Leratla le batho ba kwa Boritane ba ngongoregang ka lone thata ke la mo motseng. Ka 1996 Chartered Institute of Environmental Health ya Boritane e ne ya lemoga gore batho ba ba ngongoregang ka leratla le le dirwang ke baagisani ba bone ba oketsegile ka diperesente di le 10. Mmè mongwe yo e leng sebueledi sa mokgatlho ono o akgetse ka gore: “Go thata go tlhalosa seno. Lebaka le lengwe e ka nna gore kgatelelo e batho ba ba berekang ba nang le yone kwa tirong e ba dira gore ba batle kagiso le tidimalo tse di oketsegileng mo gae.” Peditharong ya dingongorego tsotlhe tse di dirilweng kwa Boritane ka 1994 di ne di le malebana le mmino o o lelang bosigo le dienjene tse di modumo tsa dikoloi, dialamo le dihutara. Le fa go ntse jalo, go tweng ka diperesente tse di fopholediwang go 70 tsa batho ba ba direlwang leratla mme ba sa ngongorege ka go bo ba boifa go duedisiwa? Bothata jono bo aname tota.
Ka ntlha ya go anama ga leratla le le tshwenyang, ditheo tse di ikaeletseng go sireletsa tikologo di gatelela gore go tlhongwe melao e e kganelang leratla. Ka sekai, kwa United States metse mengwe e itlhometse melao go fokotsa go dirisiwa ga didirisiwa tsa tshingwana tse di leratla. Kwa Boritane, Molao wa Leratla o o tsentsweng bosheng jaana o lebisitswe go baagelani ba ba dirang leratla e bile o beile madi a kotlhao a motho a ka a duedisiwang fa a ka dira leratla gareng ga 11:00 bosigo le 7:00 mo mosong. Dipuso selegae e bile di na le maatla a go gapa ditshamekammino tse di dirang leratla. Le fa go ntse jalo, leratla le nna le oketsega.
E re ka leratla le ntse le nna bothata jo bo golang ka bonako, o ka nna wa ipotsa gore wena motho yo o mo bothateng jono o ka dirang. Mme gape, o ka tila jang go dira leratla? A go tla ke go nne le kagiso ya boammaaruri le tidimalo? Bala ditlhogo tse di latelang go bona dikarabo.