Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Dirisana Jang Le fa Yo Mongwe a Ratiwa Thata?
“Nnake o monnye mo go nna ka dingwaga di le pedi mme o tsewa tsia thata. . . . Ga go a siama.”—Rebecca.a
FA MORWARRAGO kgotsa morwadiarrago a tsewa tsia thata o ka ikutlwa o tlhokomologilwe thata. E bile fa e le gore ngwana mongwe wa gaeno o na le botswerere jo bo tlhomologileng, a na le mathata a a masisi kgotsa a na le dikgatlhego kgotsa botho jo bo tshwanang le jwa batsadi ba gago, o ka tshwanelwa ke go kgaratlha tota gore o tsewe tsia ka tsela epe fela! Fa o akanya thata ka gone, go ka nna ga go utlwisa botlhoko le go go galefisa thata.b
Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhagisa jaana: “Emang ka poifo, mme lo se leofe; buabuang ka dipelo tsa lona mo malaong a lona, mme lo tuulale.” (Pesalema 4:4) Fa o tshwenyegile e bile o galefile, o ka nna wa bua kgotsa wa dira selo se o ka ikwatlhaelang sone morago. Gakologelwa kafa Kaine a neng a kgoberwa maikutlo ka teng ke boemo jo bo itumedisang jo Abele monnawe a neng a na le jone le Modimo. Modimo o ne wa mo lemosa gore: “Boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tla nna mo go wena, mme wena o bo laole.” (Genesise 4:3-16) Kaine o ne a retelelwa ke go laola maikutlo a gagwe mme ditlamorago e ne ya nna tse di utlwisang botlhoko!
Ke boammaaruri gore ga o a ikaelela go nna mmolai jaaka Kaine. Le fa go ntse jalo, fa yo mongwe a ratiwa go go gaisa seno se ka tsosa maikutlo a a bosula le a a tobekaneng. Dikotsi di ka tswa di ipobile fa mojakong wa gago! Dingwe tsa tsone ke dife? E bile o ka laola boemo jono jang?
Thiba Loleme lwa Gago!
Fa Beth a ne a le dingwaga di le 13, o ne a ikutlwa gore batsadi ba gagwe ba ne ba rata kgaitsadie thata mme ene ba sa mo tshware sentle. O gakologelwa jaana: “Nna le mmè re ne re tle re jane ka meno, mme go ne go sa thuse sepe. Ke ne ke sa reetse se a neng a se bolela e bile o ne a sa reetse se ke neng ke se bolela, ka jalo go ne go sa thuse sepe.” Gongwe le wena o ka tswa o lemogile gore go jana ka meno go gakatsa seemo. Baefeso 4:31 ya re: “A bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”
Ga go tlhokege gore o goakake fa o tlhalosa maikutlo a gago. Go bua o ritibetse gantsi go thusa thata. Diane 25:15 ya re: “Molaodi o tle a kgonwe ke motho a ikgapa ka bopelotelele, le loleme lo lo bonolo lo tle lo robe marapo.” Ka jalo fa e le gore batsadi ba gago ba rata yo mongwe thata go go gaisa, o se ka wa ba ja ka meno le go ba latofatsa. Emela nako e e tshwanetseng mme o bue le bone o ritibetse le ka tlotlo.—Bapisa Diane 15:23.
Fa o bua thata ka ditlhaelo tsa batsadi ba gago kgotsa o ba omanyetsa gore “ga ba go tshware sentle,” o tla bo o ba kgopisa fela kgotsa o ba dira gore ba itshireletse. Go na le go dira jalo, ba tlhalosetse kafa se ba se dirang se go amang ka teng. (‘Go nkutlwisa botlhoko tota fa lo ntlhokomologa.’) Seno se ka nna sa ba tlhotlheletsa go tsaya maikutlo a gago tsia. Gape, “[o nne] bofefo kaga go utlwa.” (Jakobe 1:19) Go ka tswa go na le mabaka a a utlwalang a a dirang gore batsadi ba gago ba tseye mongwe wa bana ba gaeno tsia thata. Gongwe ene o na le mathata a wena o sa a lemogeng.
Le fa go ntse jalo go tweng fa e le gore o tle o shakgale mme o bue ka mabetwaepelo fa o galefile? Diane 25:28 e bapisa “motho yo mowa wa gagwe o se nang bothibo” le motse ‘o o se nang lorako’; a ka nna a fenngwa ke kgorometsego ya gagwe e e sa itekanelang. Mo letlhakoreng le lengwe, go kgona go laola maikutlo a gago ke letshwao la nonofo ya mmatota! (Diane 16:32) Ka jalo, ke ka ntlha yang o sa eme go sekae go fitlha o kokobetse maikutlo pele ga o ntsha maikutlo a gago gongwe le e leng go ema go fitlha letsatsi le le latelang? Gape o ka go fitlhela go thusa go tloga mo seemong seo, gongwe o ya go iphutholola maoto kgotsa go ikatisa. (Diane 17:14) O ka tila go bua sengwe se se utlwisang botlhoko kgotsa sa boeleele ka go laola molomo wa gago.—Diane 10:19; 13:3; 17:27.
Boganana jo bo Bofitlha
Serai se sengwe gape se o ka se tilang ke boganana. Marie wa dingwaga di le 16 o ne a lemoga gore morwarragwe o ne a se ke a otlhaiwa fa a kgoreletsa thuto ya lelapa ya Baebele. E re ka a ne a bolaisiwa pelo ke tlekeetso eno, o ne a tsena mo “seteraekeng,” a gana go nna le seabe mo thutong. A o setse o kile wa itlhokomolosa sengwe ka boomo kgotsa wa simolola go sa dirisane mmogo fa o ikutlwa gore ga o tsewe sentle?
Fa e le gore go jalo, lemoga gore boganana joo jo bo bofitlha ga bo dumalane gotlhelele le taolo ya Baebele ya gore o tlotle batsadi ba gago le go ba ikobela. (Baefeso 6:1, 2) Mo godimo ga moo, boganana bo tla senya kamano ya gago le batsadi ba gago. Se se botoka ke go bolelela batsadi ba gago ka mathata a gago. Diane 24:26 e bontsha gore motho “yo o fetolang sentle” o tlotliwa ke ba bangwe. Fa Marie a ne a tlotla kgang le mmagwe, ba ne ba utlwana mme dilo tsa simolola go tokafala.
Kotsi ya go Itlhaola
Tsela e nngwe e e sa siamang ya go leka go rarabolola kgang ya fa mongwe a ratiwa go go gaisa ke go ikgogona mo lelapeng kgotsa go senka thuso kwa bathong ba ba sa dumeleng. Seno ke sone se se diragaletseng Cassandra: “Ke ne ka ikgogona mo lelapeng la gaetsho mme ka itsalanya le ditsala tsa lefatshe tsa kwa sekolong. E bile ke ne ke na le makau mme batsadi ba me ba ne ba sa itse. Mme ke ne ka tshwenyega maikutlo thata le go nna le segakolodi se se molato ka ntlha ya go bo ke ne ke itse gore ke ne ke dira se se sa siamang. Ke ne ke batla go tswa mo boemong joo, le fa go ntse jalo ke ne ke sa kgone go bona tsela ya go bolelela batsadi ba me.”
Go kotsi go itlhaola mo lelapeng le mo badumeding mmogo le wena—segolobogolo fa o tshwenyegile mme o sa akanye sentle. Diane 18:1 e tlhagisa jaana: “Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.” Fa e le gore o utlwa go le thata go bua le motsadi gone jaanong, senka tsala ya Mokeresete e e tshwanang le e e tlhalositsweng mo go Diane 17:17: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.” Gantsi “tsala” e e ntseng jalo e bonwa motlhofo gareng ga maloko a a godileng sentle a phuthego.
Cassandra o ne a bona “tsala” ka nako e a neng a e tlhoka ka yone: “Fa molebedi wa potologo [modiredi yo o etang] a ne a etetse phuthego ya rona, batsadi ba me ba ne ba nkgothaletsa go dira le ene. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba atamelesega tota e bile ba ne ba nkgatlhegela ka tsela ya mmatota. Ke ne ke kgona go bua le bone. Ke ne ke sa ikutlwe gore ba tla nkatlhola. Ba a lemoga gore go bo motho a godisitswe e le Mokeresete ga go reye gore o itekanetse.” Kgothatso ya bone le kgakololo ya bone e e siameng e ne e le se Cassandra a neng a se tlhoka!—Diane 13:20.
Kotsi ya Lefufa
Diane 27:4 e tlhagisa jaana: “Kgakalo e bolalome, le bogale ke phophomo fela; mme e mang yo o nonofileng go ema fa pele ga lefufa?” Go tswa pelo le go fufegela ngwana yo o ratiwang thata go ile ga dira gore basha ba bangwe ba tseye dikgato tsa boeleele. Mosadi mongwe o ne a ipobola jaana: “Fa ke ne ke le monnye, ke ne ke na le moriri o mosesane, o o maudi, o o borokwana mme nnake o ne a na le moriri o moleele o o fitlhang mo lethekeng. Rre ka gale o ne a tlotlomatsa moriri wa gagwe. O ne a mo bitsa ‘Seriribokwana’ wa gagwe. Bosigo bongwe fa a ne a robetse, ke ne ka tsaya sekere sa ga mmè, ka nanarela kwa bolaong jwa gagwe mme ka kera moriri o montsi ka moo ke neng nka kgona ka teng.”—Siblings Without Rivalry, ya ga Adele Faber le Elaine Mazlish.
Ka jalo, ga go gakgamatse go bo lefufa le tlhalosiwa e le nngwe ya “ditiro tsa nama” tse di boikepo mo Baebeleng. (Bagalatia 5:19-21; Baroma 1:28-32) Le fa go ntse jalo, rotlhe re na le “tshekamelo ya go tswa pelo.” (Jakobe 4:5) Ka jalo fa e le gore o iphitlhela o loga maano a go tsenya ngwana wa gaeno mo mathateng, go mo dira gore a lebege a le maswe kgotsa go mo nyenyefatsa ka tsela nngwe fela, go tswa pelo go ka tswa go “ipobile fa mojakong,” go leka go go laola!
O ka dirang fa o ikutlwa o na le maikutlo a a ntseng jalo a a kotsi? Sa ntlha, leka go rapela Modimo o rapelela moya wa gagwe. Bagalatia 5:16 ya re: “Nnang lo tsamaye ka moya mme ga lo na go diragatsa keletso epe ya senama ka gope.” (Bapisa Tito 3:3-5.) Gape go ka thusa go itlhatlhoba gore totatota o ikutlwa jang ka ngwana wa gaeno. A tota o ka re ga o utlwe o na le lorato lo lo rileng ka ene—le mororo o galefile? Dikwalo di re bolelela gore “lorato ga lo fufege.” (1 Bakorinthe 13:4) Ka jalo tila go akanya dilo tse di sa siamang tse di dirang gore o tswe pelo. Leka go itumela le ngwana yoo wa gaeno fa e le gore batsadi ba gago ba mo tsaya tsia ka tsela e e kgethegileng.—Bapisa Baroma 12:15.
Go tlotla le batsadi ba gago ka kgang eno le gone go ka thusa thata. Fa e le gore ba tla feleletsa ba tlhalogantse sentle gore o tlhoka gore ba go tseye tsia, seno se tla go thusa go tlosa maikutlo a go tswela bana ba gaeno pelo. Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore dilo ga di tokafale mo gae mme go nna go ntse go na le yo o ratiwang go gaisa? O se ke wa galefa, wa ja batsadi ka meno kgotsa wa ba tsuologela. Leka go nna le boikutlo jo bo molemo le jwa boikobo. Fa e le gore go a tlhokega, senka thuso go tswa go ba ba godileng mo phuthegong ya Bokeresete. Segolobogolo nna gaufi le Jehofa Modimo. Gakologelwa mafoko a mopesalema: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.”—Pesalema 27:10.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina a mangwe a fetotswe.
b Bona setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang fa Morwarre a Tsewa Tsia Jaana?” mo makasineng wa Tsogang! wa November 8, 1997.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Go tlhalosa gore o ikutlwa o tlhokomologilwe go ka rarabolola bothata