LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 11/8 ts. 17-19
  • Ke Eng fa Morwarre a Tsewa Tsia Thata Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Morwarre a Tsewa Tsia Thata Jaana?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go Tsaya yo Mongwe Tsia go Gaisa
  • Go Tshwarwa ka Tsela e e sa Lekalekaneng—A ke Tshiamololo?
  • Go Ithuta go Nna le Temogo
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse Ka Nna Ngwana Wa Gofejane?
    Tsogang!—1992
  • Nka Dirisana Jang Le fa Yo Mongwe a Ratiwa Thata?
    Tsogang!—1997
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Go Le Thata go Dirisana Sentle le Morwarre le Morwadiarre?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Ka Tlhomela Jang Bonnake ba Basimane le ba Basetsana Sekao?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 11/8 ts. 17-19

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa Morwarre a Tsewa Tsia Thata Jaana?

“Se se ntshwenyang ke gore fa bokgaitsadiake le bonkgonne ba dirile diphoso, ba tsewa tsia thata—ba itshwere sentle le fa ba sa itshwara sentle. Le fa go ntse jalo, e re ka ke le motho yo o boikobo, ga ke tsewe tsia.” —Kay wa dingwaga tse 18.a

“Bokgaitsadiake le bonkgonne ba neelwa tlhokomelo e ntsi e bile ba tshwarwa ka tsela e e botoka. Tlhokomelo epe fela e ke e newang gantsi ke fa ke kgalemelwa. Ke ne ke tla ikutlwa botoka fa ke ne ke itse gore le bone ba tle ba kgalengwe.”—Ruth wa dingwaga tse 15.

“Mo go nna go lebega bomorwarre le bokgaitsadiake ba newa ditshiamelo tse dintsi e bile ba tsewa tsia.”—Bill wa dingwaga di le 13.

GO TLOGA fela fa re belegwa, rotlhe re tlhoka go tsewa tsia ke batsadi ba rona. Mme fa o ikutlwa gore ga o tsewe tsia mo go lekaneng, o ka nna le lebaka le le utlwalang la go utlwa botlhoko le go galefa. Segolobogolo fa go lebega e kete ngwana wa gaeno—yo mogolwane, wa gofejana, yo o itshwereng sentle kgotsa le e leng yo o se nang tsebe—o tsewa tsia ka dinako tsotlhe. O ka ikutlwa jaaka Dafite fa a ne a kwala gore: “Ke lebetswe jaaka moswi yo o sa tlholeng a gopolwa; ke ntse jaaka nkgwana e e thubegileng.”—Pesalema 31:12.

Go bona ngwana wa gaeno a neelwa tlhokomelo e le wena o e batlang, go ka go utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, a tota seo se raya gore ga o ratiwe? Legoka. Ka dinako dingwe basha ba tsewa tsia thata ka ntlha ya go bo ba na le bokgoni bongwe kana dinonofo tse di kgatlhang. Kenneth wa dingwaga di le 11 a re: “Le fa nnake e bong Arthur a le mo mophatong wa boraro, o tshamekela mophato wa botlhano. Gape o dira sentle mo metshamekong le mo dipalong. Tota e bile, o bona maduo a A mo dirutweng tsotlhe kwa sekolong. Ka dinako dingwe ke akanya gore batho ba mo rata go nkgaisa, le fa go ntse jalo ga ke mo fufegele. Gone, gongwe ke mo fufegela go le gonnye fela.”

Gape go na le basha ba go lebegang batsadi ba ba neela nako e ntsi ya bone ka ntlha ya go bo e le ba maitibolo—kgotsa ba gofejana. Baebele e bolela seno ka ga lekawana Josefa: “Iseraele a bo a rata Josefe bogolo go bana botlhe ba gagwe, ka gobo e le ngwana wa botsofe jwa gagwe.” (Genesise 37:3, 4) Mo go le lengwe, Todd wa dingwaga di le 18 o ne a ikutlwa gore mogolowe o ne a ratiwa ka go bo e le yo mogolo. O gakologelwa jaana: “Nako nngwe re ne ra kopiwa go tla le senepe se re se ratang thata sa fa re sa le bana gore se dirisiwe mo porojekeng nngwe ya sekolo. Ke ne ka bona dinepe di sekae fela tsa me mme ka lemoga dinepe di le dintsi tsa ga nkgonne. Go ne ga dira gore ke ipotse gore ke ka ntlha yang.”

Le fa go ntse jalo, gantsi morwarrago o tsewa tsia thata ka ntlha ya gore a na le mathata—gongwe mathata a wena o sa a lemogeng. Cassandra yo jaanong a nang le dingwaga di le 22 o tlhalosa seno: “Fa ke ne ke na le dingwaga di le 16, nkgonne o ne a na le bothata. O ne a sa tlhomamisege gore a tota o batla go direla Jehofa mme batsadi ba me ba ne ba mo naya tlhokomelo yotlhe ya bone. Ka nako eo, ke ne ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang. Ke ne ke ikutlwa gore ga ba nkgathalele gotlhelele. Go ne go ntira gore ke hutsafale le go ikutlwa ke tlhokomologiwa—gape go ne go nkgalefisa.”

Lebaka la go Tsaya yo Mongwe Tsia go Gaisa

Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe batsadi ba molato wa go tsaya yo mongwe tsia mo go feteletseng. Mmè mongwe o ne a dumela jaana: “Ke a itse gore morwaake e bong Paul, o utlwisiwa botlhoko thata ke kafa re ipelang ka teng ka morwadiarona. O re boleletse mo matlhong gore, ‘Wena le Rre ka metlha lo lebana mo matlhong fa Liz a bua sengwe se se rileng.’ La ntlha re ne re sa itse gore o bua ka eng. Morago ga moo re ne ra lemoga gore ka metlha re lebana mo matlhong ‘ka boipelo’ fa morwadiarona a bua sengwe. E re ka a re lemositse, re ne ra dira maiteko a a gagametseng a gore re se ka ra tlhola re go dira.”

Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batsadi ba rata yo mongwe go gaisa? Lebaka e ka nna ya bo e le mokgwa o ba godisitsweng ka one. Ka sekai, fa e le gore mmè wa gago o godile e le ene gofejana, a ka nna a tlwaelana thata le ngwana wa gagwe wa gofejana. A ka nna a tsaya letlhakore la gagwe a sa lemoge. Kgotsa motsadi a ka nna a rata ngwana yo o nang le mekgwa kana yo o kgatlhegelang dilo tse di tshwanang le tsa gagwe. Akanya ka se Baebele e se buang ka Isake le Rebeka malebana le barwa ba bone ba mawelana e bong Jakobe le Esau: “Basimane ba thuthuga, Esau a nna motsomi yo o tlhoko, e le monna wa naga. Jakobe a bo a le monna yo o bori, a nna mo megopeng. Jaana Isake a rata Esau; ka a ne a tle a je nama ya diphologolo tsa gagwe, Rebeka a rata Jakobe.”—Genesise 25:27, 28.

Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa batsadi ba gago ba lebega ba rata mongwe wa bana ba gaeno go go gaisa?b O ka nna wa leka go bua le batsadi ba gago ka tsela e e ritibetseng o sa ba pege molato. (Diane 15:22) Ka go ba reetsa ka tlotlo, o ka nna wa kgona go bona dilo kafa ba di lebang ka teng. Seno se ka nna sa thusa go ritibatsa maikutlo a gago a a tshwenyegileng. (Diane 19:11) Mosha mongwe o boletse gore: “Go ne go ntshwenya tota gore Mmè o ne a kgatlhegela nnake thata go mpheta. Fa ke mo botsa ka gone, o ne a tlhalosa gore o rata ene thata ka gonne a tshwana thata le Rre. E bile e re ka ke tshwana le ene, Rre o rata nna thata. Ka mo go tshwanang, ka gonne nna le ene re tshwana, re opisana tlhogo thata. Le gore ka gonne rre le nnake ba tshwana, ba lwa thata. Morago ga go e tlhalosa ka tsela eno—le e leng le fa ke ne ke sa itumela thata ka gone—ke ne ka e tlhaloganya.”

Go Tshwarwa ka Tsela e e sa Lekalekaneng—A ke Tshiamololo?

Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa batsadi ba sa kgone go tshwara bana botlhe ka tsela e e tshwanang? Beth yo jaanong a nang le dingwaga di le 18 a re: “Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna 13, ke ne ke ikutlwa gore nna le nnake re tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e lekalekanang—ka tsela fela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, e ne e le nna yo ka gale ke neng ke omanngwa, fa ene a ne a kgalemiwa sewelo fela. E bile o ne a fetsa nako e ntsi a bereka le Rre mo koloing. Ruri ke ne ke sa dirwe sentle.”

Le fa go ntse jalo, ga go reye gore go se tshwarwe ka go lekalekana ga go a siama. Ela tlhoko kafa Jesu Keresete a neng a tshwara baaposetoloi ba gagwe ka teng. Kwantle ga pelaelo, o ne a ba rata botlhe ba le 12, le fa go ntse jalo o ne a laletsa ba le 3 fela go ya go bona ditiragalo dingwe tse di kgethegileng, go akaretsa le go tsosiwa ga morwadia Jairo mo baswing le go fetoga ponalo. (Mathaio 17:1; Mareko 5:37) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a ntshana seinong le moaposetoloi Johane. (Johane 13:23; 19:26; 20:2; 21:7, 20) A seno e ne e le go ba tsaya ka go se lekalekane? Go ntse jalo. A e ne e le go ba tshwara ka tsela e e sa siamang? Legoka. Ka go bo le fa Jesu a ne a kgatlhiwa thata ke ba ba rileng, o ne a sa itlhokomolose dilo tse baaposetoloi ba bangwe ba di tlhokang.—Mareko 6:31-34.

Ka tsela e e tshwanang, e ka nna ya bo e le gore mongwe wa bana ba gaeno o newa tlhokomelo e e kgethegileng ka ntlha ya bokgoni, botho kgotsa dilo tse a di tlhokang. Seno se ka nna sa go utlwisa botlhoko fa o se bona. Le fa go ntse jalo, potso ke gore, A ditlhokego tsa gago eleruri di itlhokomolositswe? Fa o tlhoka kgakololo, thuso kana kemonokeng ya batsadi ba gago, a ba ipaakanyeditse go go thusa? Fa e le gore go ntse jalo, a tota o ka re o tshwerwe ka tsela e e sa siamang? Baebele e re kgothaletsa gore re dirisane le ba bangwe “go ya ka dilo tse ba di tlhokang.” (Baroma 12:13) E re ka wena le bana ba gaeno lo le batho ba ba nang le ditlhokego tse di farologaneng, ga go kgonege gore batsadi ba gago ba lo tshware ka tsela e e tshwanang ka dinako tsotlhe.

Beth yo o nopotsweng pelenyana, o ne a lemoga gore go tshwarwa ka tsela e e lekalekanang ga se ka gale go kgonegang le gore go tshwarwa ka tsela e e siameng ga se ka gale go lekalekanang. A re: “Ke ne ka lemoga gore nna le morwarre re batho ba babedi ba ba farologaneng le ba ba tlhokang go tshwarwa ka tsela e e farologaneng. Fa ke leba kwa morago, ga ke tlhaloganye gore ke eng fa ke ne ke sa kgone go lemoga seno fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana. Ke akanya gore ke fela tsela e o lebang dilo ka yone mo dingwageng tseo.”

Go Ithuta go Nna le Temogo

Ee, “tsela e o lebang dilo ka yone” e na le seabe se segolo mo go tlhotlheletseng tsela e o tsibogelang maemo a a rileng ka yone. Fela jaaka lense e e letobo, maikutlo a gago a ka fifatsa tsela e dilo di lebegang ka yone mo go wena. Mme keletso ya go batla gore batsadi ba go tseye tsia le go go rata e ka nna kgolo thata. Babatlisisi e bong Stephen Bank le Michael Kahn ba lemogile seno: “Tota le fa batsadi ba ne ba ka kgona go fitlhelela toro e e sa kgonegeng ya go tshwara bana ba bone ba ba sa tshwaneng ka tsela e e lekalekanang, ngwana mongwe le mongwe o ne a tla tsaya gore batsadi ba rata mongwe wa bana thata go gaisa ene.”

Ka sekai, ela tlhoko gape se se builweng ke basha ba bararo ba ba nopotsweng kwa tshimologong. Boemo jwa bone bo ka lebega bo le maswe thata kwantle fela ga lebaka la gore: Ke bana ba motho! Ee, mongwe le mongwe wa bone o akanya gore ba bangwe ba tsewa tsia thata le gore ke ene fela yo o tlhokomologilweng! Ka jalo, gantsi tsela e re lebang dilo ka yone e sokama go sekae. Diane 17:27 ya re: “Yo o mowa o tsididi ke motho wa tlhaloganyo.” Go nna le temogo ke go leba dilo ka tsela e di leng ka yone le e e siameng, e seng go tseega maikutlo. Temogo e ka go thusa go ela tlhoko gore le fa gone batsadi ba gago ba ka se lo tshware ka tsela e e tshwanang, ba lo kgatlhegela lotlhe fela! Go lemoga seno go ka go thusa go tila go galefa le go hutsafala.

Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go lebega tota o sa tsewe tsia ka tsela e e tshwanetseng? Ke eng se o ka se dirang? Seno se tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang sa Tsogang!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

b Setlhogo se se latelang se tla tlotla thata ka kgang ya go itshokela go ratiwa thata ga yo mongwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go tshwarwa ka tsela e e sa lekalekaneng go ka lebega go sa siama

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela