Boikarabelo Jwa go Godisa Ngwana—Pono e e Lekalekaneng
GANTSI, kgwetlho e kgolo e tla morago ga tlhalo, fa go lwelwa lorato le taolo ya ngwana. Polelo e e reng, “Ntwa e tlhoka ditlhopha tse pedi” ga e boammaaruri ka metlha. E ka nna ya nna motsadi a le mongwe fela yo o lwang yo o batlang gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe. Agente nngwe ya dikgang tsa lelapa ya kwa Toronto kwa Canada e boletse jaana: “Mo molaong wa lelapa, sengwe le sengwe se ama maikutlo a batho thata.”
Go na le go akanyetsa dilo tse di tshwanetseng ngwana, batsadi bangwe ba na le go tsosa kgang ka dilo tse di sa tlhokegeng. Ka sekai, bangwe ba ile ba leka go ntsha mabaka a gore tshwetso ya gore motsadi yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e nne ene a godisang ngwana e fetolwe ka gonne o tla amoga ngwana ‘tsela e e tlwaelegileng ya botshelo.’
Motsadi yo e seng Mosupi a ka nna a dirisa kgang ya go keteka malatsi a tsalo, Keresemose kgotsa le e leng Halowine e le seipato. Bangwe ba ka nna ba ngongorega ka gore ngwana ga a ne a nna le kamano e e molemo le batho ba bangwe le go tlwaela dilo tsa setšhaba fa a sa dumedise folaga. Kgotsa bangwe ba ka nna ba bolela gore ngwana o tla senyega tlhaloganyo ka go pata motsadi wa gagwe mo go bueng le ba bangwe ka Baebele. Batsadi bangwe ba e seng Basupi ba ne ba bo ba kaya fa botshelo jwa ngwana bo ka nna mo kotsing ka ntlha ya gore motsadi yo e leng Mosupi ga a kitla a dumela gore ngwana a tshelwe madi.
Mokeresete a ka lebana jang le kgwetlho eo ya dikgang tse di ntseng jalo tse di tsosiwang ka go tseega maikutlo? Go tsibogela seo ka go tseega maikutlo—“go tima molelo ka molelo”—ga go kitla go thusa. Fa e le gore kgang eno e tla sekiwa fa pele ga moatlhodi, motsadi mongwe le mongwe o tla nna le tshono ya go reediwa. Go botlhokwa go gakologelwa kgakololo ya Baebele: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.” (Pesalema 55:22) Ka go tlhatlhanya ka seno le go dirisa melaometheo ya Baebele, batsadi ba ka emelana le sengwe le sengwe se se ka diragalang se se amanang le go fiwa bana ka nako ya tlhalo ka thuso ya ga Jehofa.—Diane 15:28.
Go Nna Tekatekano
Dikgatlhego tsa ngwana ke yone kgang ya botlhokwa. Fa e le gore motsadi ke motho yo o batlang go le gontsi, a ka nna a latlhegelwa ke boikarabelo jwa go neelwa ngwana mme a tseelwe le ditshiamelo tsa gagwe tsa go mo etela. Motsadi yo o botlhale o itshwara ka kagiso, a ntse a akantse kgakololo ya Baebele e e reng: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Thibogelang tšhakgalo . . . Lo se ka lwa itesa gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Baroma 12:17-21) E ka tswa e le mo kgotlatshekelo, mo ofising ya moitsemolao kgotsa le moatlhodi wa dikgang tse di amanang le boikarabelo jwa go godisa bana, batsadi ba tlhoka gore “go nna kakanyetso ga [bone] go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:5.
Ka dinako dingwe molekane yo o tlhadileng o tla leka go aketsa ba bangwe ka mabaka a a tsietsang le a a sa tlhomamang. Go botlhale go lwantsha tshekamelo e re nang le yone ya go tsibogela mafoko a a ntseng jalo a a tlhabang ka kgalefo. Boitekanelo, bodumedi le thuto ke dilo tse balekane ba ba tlhadileng ba ratang go di dirisa go tsosa kgang ka tsone mo tshekong e go lwelwang ngwana mo go yone.—Diane 14:22.
Go nna tekatekano go akaretsa go kgona go akanyetsa mabaka le go buisana sentle gore lo fitlhelele tumalano e e utlwalang. Ga go motsadi yo o tshwanetseng go lebala gore le e leng morago ga tlhalo, ngwana o sa ntse a na le batsadi ba babedi. Batsadi ba tlhalane ka bobone mme ga ba a tlhala ngwana. Ka jalo, kwantle fela ga mo maemong a a maswe thata, motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse a gololesega go itshwara jaaka motsadi fa ngwana a le mo go ene. Mongwe le mongwe o tshwanetse go gololesega go tlhalosa maikutlo a gagwe le dilo tse a di ratang le go letla ngwana a nna le seabe mo ditirong tse di letleletsweng, tsa bodumedi kgotsa tse dingwe fela.
A re sekaseke ditshwetso tse di ka nnang tsa dirwa ka nako ya tsheko: (1) go neela batsadi boobabedi gore ba tlhokomele bana, (2) go neela motsadi a le mongwe gore a tlhokomele bana le (3) go lekanyediwa ga ditshono tsa go etela bana. Pharologanyo ke eng gareng ga go neela batsadi ba babedi gore ba tlhokomele bana le go neela motsadi a le mongwe gore a tlhokomele bana? Ke jang o ka itshokelang go latlhegelwa ke tshono ya go neelwa bana? Go tweng fa e le gore motsadi yo mongwe o kgaotswe?
Go Kopanela Tlhokomelo ya Bana
Baatlhodi bangwe ba dumela gore go botlhokwa go boloka kgolagano e le teng gareng ga ngwana le batsadi ka bobedi. Mabaka a bone a theilwe mo dipatlisisong tse di dirilweng tse di bontshang gore bana ga ba ngomoge pelo thata le go utlwa botlhoko mo maikutlong morago ga tlhalo fa batsadi ba kgona go ba godisa mmogo. Go na le gore ngwana a ikutlwe a latlhilwe ke motsadi yo mongwe, o tla ikutlwa a ratiwa ke batsadi ka bobedi le go akarediwa mo ditirong tsa malapa oomabedi. Agente nngwe ya tsa lelapa e bolela jaana: “Go neela batsadi ka bobedi go tlhokomela ngwana ke tsela ya go boloka batsadi ba le babedi ba na le seabe.”
Le fa go ntse jalo, Dr. Judith Wallerstein yo e leng motsamaisimogolo wa Center for the Family in Transition kwa Corte Madera kwa California, o tlhagisitse gore, gore go kopanela kgodiso ya bana go atlege, batsadi ba tshwanetse go dirisana mmogo mme le ngwana o tshwanetse go kgona go dirisana sentle le batho. Dinonofo tseno di botlhokwa ka gonne fa batsadi ka bobedi ba neetswe boikarabelo jwa go godisa ngwana, boobabedi ba na le tshwanelo ya semolao ya go kopanela go dira ditshwetso mo dikgannyeng tsa botlhokwa tse di akaretsang boitekanelo, thuto, tsa bodumedi le botshelo jwa bana ba bone ka kakaretso. Le fa go ntse jalo, seno se atlega fela fa batsadi ka bobedi ba nna ba le kakanyetso ba tsaya tsia dilo tse di siametseng ngwana wa bone e seng tse di siametseng bone fela.
Go Neela Motsadi a le Mongwe Ngwana
Kgotlatshekelo e ka nna ya neela motsadi a le mongwe ngwana, yo go ya ka pono ya yone, a ka kgonang go tlhokomela ngwana botoka. Moatlhodi a ka nna a swetsa gore motsadi yo molao o mo neileng ngwana e nne ene fela a dirang ditshwetso ka ga dikgang tse di botlhokwa tse di amang boitekanelo jwa ngwana. Gantsi kgotlatshekelo e fitlhelela tshwetso eno morago ga go reetsa diphitlhelelo tsa basekaseki ba yone—bano gantsi ke baithutatlhaloganyo, dingaka tsa tlhaloganyo kgotsa badirediloago.
Batho ba ba buelelang gore ngwana a neelwe motsadi a le mongwe ba dumela gore thulaganyo eno e dira gore ngwana a tlhomame. Fa batsadi ba sa kgone kgotsa ba sa ka ke ba kgona go buisana sentle, baatlhodi ba le bantsi ba kgotlatshekelo ba tlhopha thulaganyo eno ya gore molao o neele motsadi a le mongwe ngwana. Gone mme, motsadi yo o sa neelwang ngwana ga a kgaphelwa kwa thoko mo botshelong jwa ngwana. Gantsi ditshwanelo tsa go etela ngwana di neelwa motsadi yo o sa neelwang ngwana mme batsadi ka bobedi ba ka nna ba tswelela go neela ngwana kaelo, lorato le kgatlhego tse di tlhokegang.
Ditshono Tsa go Etela Ngwana
Ga go utlwale gore batsadi ba lebe kgang ya go neelwa boikarabelo jwa go tlhokomela ngwana e le kgang ya go “fenya” le “go fenngwa.” Batsadi ba a atlega le go “fenya” fa ba bona bana ba bone ba gola go nna bagolo ba ba nonofileng, ba ba tlotlegang. Go godisa ngwana ka katlego ga go amane ka gope le go neelwa boikarabelo jwa go godisa ngwana ke molao. Ka go ikobela melao e e laetsweng ke kgotlatshekelo mo dikgannyeng tsa go neelwa boikarabelo jwa go tlhokomela ngwana, le e leng le fa e lebega e gobelela, Mokeresete o bontsha ‘go nna mo taolong ya balaodi ba bagolo.’ (Baroma 13:1) Gape go botlhokwa go gakologelwa gore eno ga se yone nako ya go lwela go gapa lorato kgotsa boikanyegi jwa bana ba gago ka go nyatsa motsadi yo mongwe ka maiteko a go senya kamano ya gagwe le ene.
Go na le dikai tse dintsi mo Baebeleng tsa batsadi ba ba boifang Modimo ba ka mabaka a a farologaneng ba neng ba kgaoganngwa le bana ba bone. Ka sekai, Amerame le Jokebete batsadi ba ga Moshe, ka ntlha ya go batla go sireletsa ngwana wa bone, ba ne ba mo tsenya mo teng ga seroto “mo motsitleng fa lotshitshing lwa noka.” Fa morwadia Farao a ne a fitlhela lesea mo metsing, ba ne ba nna ba ikanya Jehofa. Batsadi bano ba ba botlhale le ba ba ikanyegang ba ne ba duelwa ka go neelwa ditshono tse dintsi “tsa go mo etela” tse ba neng ba di dirisa sentle go thapisetsa mosimane yono mo tseleng ya ga Jehofa. Moshe o ne a gola go nna motlhanka yo o molemo thata wa Modimo wa boammaaruri.—Ekesodo 2:1-10; 6:20.
Le fa go ntse jalo, go tweng fa mongwe wa batsadi a kgaotswe? A motsadi wa Mokeresete o tshwanetse go letla gore a etelane le ngwana? Go kgaolwa mo phuthegong go fetola fela kamano ya motho yoo ya semoya le phuthego ya Bokeresete. Sentlentle, e khutlisa go amana le ene ka dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, kamano ya motsadi le ngwana ga e fetoge. Motsadi yo molao o mo neileng ngwana o tshwanetse a tlotla ditshwanelo tsa motsadi yo o kgaotsweng tsa go etela ngwana. Le fa go ntse jalo, fa e le gore motsadi yo molao o sa mo neelang ngwana a ka nna diphatsa mo boitekanelong jwa ngwana mo mmeleng kgotsa mo maikutlong ka tsela e e bonalang sentle, ke gone kgotlatshekelo (e seng motsadi yo molao o mo neileng ngwana) e ka nnang ya rulaganya gore ngwana a etelwe go na le motho wa boraro yo o etseng maemo tlhoko.
Ga o Nosi
Dithulaganyo tsa tlhalo le dikgotlhang tse di tlang morago ga tsone tse di malebana le motsadi yo o tla neelwang ngwana ke dilo tse di ngomolang maikutlo. Lenyalo le le simolotseng le solofetsa thata jaanong le felela le sa atlega le ditoro tsa banyalani, dithulaganyo le ditsholofelo tsa bone. Ka sekai, go sa ikanyege ga molekane kana go sotlwa mo go feteletseng go ka pateletsa mosadi yo o ikanyegang go senkela ene le ngwana wa gagwe tshireletso ya semolao. Le fa go ntse jalo, maikutlo a go ipona molato le go sa kgotsofale a ka nna a gola fa a ntse a tlhatlhanya gore go senyegile kae kgotsa bothata jono bo ka bo bo rarabolotswe jang ka katlego. Banyalani ba bantsi ba tshwenyega kaga tsela e bana ba bone ba tla tsibogelang go kgaogana ga bone ka yone. Go lwela ngwana kwa kgotlatshekelong e ka nna tiragalo e e ngomolang maikutlo e e sa gwetlheng fela boikanyegi jwa gago jwa go nna motsadi yo o lorato mme gape e gwetlha le tumelo le go ikanya ga gago mo go Jehofa.—Bapisa Pesalema 34:15, 18, 19, 22.
Fa molekane yo o se nang molato a tlhopha go tsaya kgato ka ntlha ya go sotliwa ga ngwana kgotsa molekane yo o mo sotlang ka tsela e e feteletseng kgotsa a batla go itshireletsa mo kotsing ya go tshwaediwa ke molekane yo o sa ikanyegeng ka malwetse a a tshwaetsang a tlhakanelodikobo, ga go tlhokege gore molekane yo o senang molato a ikutlwe a le molato kgotsa a ikutlwe a latlhilwe ke Jehofa. (Pesalema 37:28) Molekane yo o sa ikanyegeng kgotsa yo o sotlang ke ene yo o tlotseng kgolagano e e boitshepo ya lenyalo mme o ‘diretse le molekane wa gagwe ka bonongwane.’—Malaki 2:14.
Tswelela o ‘nna le segakolodi se se molemo’ mo pele ga batho le Jehofa ka go dirisa melaometheo ya Baebele, o tshwara molekane wa gago yo lo tlhalaneng le ene ka go tshepega mme o bontsha go tsamaisana le maemo mo ditumalanong tsa lona tsa go tlhokomela ngwana. “Go botoka go boga ka gonne [o] dira molemo, fa thato ya Modimo e batla jalo, go na le ka gonne [o] dira bosula.”—1 Petere 3:16, 17.
Bana bone ba tlhoka go tlhomamisediwa gore go kgaogana ga lelapa e ne e se molato wa bone. Ka dinako dingwe dilo ga di ke di direga kafa di rulagantsweng ka teng. Le fa go ntse jalo, go dirisa melaometheo ya Baebele go ka nolofatsa ditlamorago tsa tlhalo ka go kgothaletsa batsadi le bana go bolelelana maikutlo ka kgololesego le go bolelelana dilo ka tsela e e supang go akanyetsana. Ka sekai, seno se ka dirwa ka go letla bana go nna le seabe mo go direng dithulaganyo tsa botshelo jwa lelapa morago ga tlhalo. Ka go nna pelotelele le pelonomi le ka go kgatlhegela maikutlo a bana le go reetsa megopolo ya bone, o tla dira go le gontsi go ba thusa go tlwaela dithulaganyo tse disha le tsela e ntšha ya go tshela.
Ba Bangwe ba ka Thusa
Batsadi ga se bone fela ba ba ka thusang ngwana yo lelapa la gaabo le kgaoganeng. Balosika, barutabana le ditsala ba ka dira go le gontsi go ema nokeng le go kgothatsa bana ba batsadi ba bone ba tlhalaneng. Borremogolo le bommèmogolo ke bone segolobogolo ba ka dirang go le gontsi go thusa go tlhomama ga bana mo maikutlong le mo boitekanelong.
Borremogolo le bommèmogolo ba Bakeresete ba ka ruta bana dilo tsa semoya le ditiro tse di molemo, le fa go ntse jalo ba tshwanetse ba tlotla ditshwetso tsa batsadi kaga thapiso ya bodumedi, ka gonne batsadi ke bone ba nang le tshwanelo ya go dira ditshwetso tseno go ya ka molao, e seng borremogolo le bommèmogolo.—Baefeso 6:2-4.
Ka kemonokeng e e ntseng jalo, bana ba batsadi ba bone ba tlhalaneng ba ka lepalepana le go thubega ga lenyalo la batsadi ba bone. Mme ba ka tswelela ba lebile kwa pele kwa masegong a Modimo a lefatshe le lesha, koo malapa otlhe a tla gololesegang “mo go dirweng motlhanka ke go bola mme [a] nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21; 2 Petere 3:13.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
Go Siamisa Dilo Tse di sa Tlhaloganngwang Sentle
“Loleme lwa ba ba tlhalefileng lo bolela kitso ka go siameng,” mme motsadi wa Mokeresete o na le tshono e e molemo ya go siamisa dilo tse di sa tlhaloganngwang sentle kgotsa boammaaruri jo bo sa felelang. (Diane 15:2) Ka sekai, fa e le ka tlhokomelo ya botsogo jwa bana ba bone, “Basupi ba ga Jehofa ba amogela kalafi ya melemo le ya karo,” le fa go ntse jalo, fa motsadi yo e leng Mosupi e le ene yo molao o mo neileng ngwana, o na le tshwanelo ya go dira tshwetso ya gore go dirisiwe mokgwa ofe wa kalafi.a—The Journal of the American Medical Association.
Basupi ba ga Jehofa ba tsaya bodumedi jwa bone, jo bo theilweng mo Lefokong la Modimo e bong Baebele masisi. Seno se ba dira gore e nne borre, bommè, bana, ditsala, baagelani le baagi ba ba molemo. Batsadi ba Bakeresete ba otlhaya bana ba bone ka lorato, ba thusa bana ba bone go tlotla balaodi le go ba ruta go nna le dinonofo tse di siameng tsa botshelo.b—Diane 13:18.
Thuto ya sekolo ke selo sa botlhokwa mo go godiseng ngwana e bile Basupi ba ga Jehofa ba batla gore bana ba bone ba nne le thuto e e molemo go gaisa tsotlhe.c—Diane 13:20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona boroutšhara jwa Madi a ka Boloka Botshelo Jwa Gago Jang?, jo bo gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
b Bona buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng dikgaolo 5-7, 9, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c Bona boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, jo bo gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Motsadi yo molao o mo neileng ngwana o tshwanetse a reetsa ka bopelotelele fa ngwana a mo lotlegela ka ga loeto lwa gagwe kwa motsading yo molao o sa mo neelang ngwana